LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb18 February ts. 3
  • Setshwantsho sa Korong le Mefero

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Setshwantsho sa Korong le Mefero
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2018
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Basiami ba Tla Phatsima Thata Fela Jaaka Letsatsi”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • “Bonang! Ke na Le Lona Malatsi Otlhe”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Go Rla Diragala Eng ka Bokeresete?
    Tsogang!—2007
  • Bodumedi bo le Bongwe Fela Jwa Boammaaruri Jwa Bokeresete—Bo Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2018
mwb18 February ts. 3

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | MATHAIO 12-13

Setshwantsho sa Korong le Mefero

Jesu o ne a dirisa setshwantsho sa korong le mefero go bontsha kafa a tlileng go phutha batlodiwa botlhe ka gone, go simologa ka 33 C.E.

Tšhate e e bontshang nako ya go lema, ya thobo le ya go tsenya korong mo mabolokelong

13:24

‘Motho o ne a jala peo e e molemo mo tshimong ya gagwe’

  • Mojadi: Jesu Keresete

  • Peo e e molemo e e jetsweng: Barutwa ba ga Jesu ba kolobediwa ka moya o o boitshepo

  • Tshimo: Batho

13:25

“Ya re batho ba ntse ba robetse, mmaba wa gagwe a tla mme le ene a jala mefero”

  • Mmaba: Diabolo

  • Batho ba ba neng ba robetse: Go swa ga baaposetoloi

13:30

“Di leseng di gole mmogo go fitlha ka nako ya thobo”

  • Korong: Bakeresete ba ba tloditsweng

  • Mefero: Bakeresete ba maaka

‘Phuthang pele mefero go tswa foo lo ye go phutha korong’

  • Batlhanka/barobi: Baengele

  • Mefero e e phuthiwang: Bakeresete ba maaka ba kgaoganngwa le Bakeresete ba ba tloditsweng

  • Phuthelwa mo ntlong ya bobolokelo: Bakeresete ba ba tloditsweng ba phuthelwa mo phuthegong ya Modimo

Bakeresete ba boammaaruri ba ile ba farologana jang le ba maaka ka nako ya thobo?

Go tlhaloganya setshwantsho seno go nthusa jang?

A O NE O ITSE?

Korong le mefero di gola mmogo

Go dumelwa gore mofero o go buiwang ka one mo setshwantshong seno ke mofuta mongwe wa semela se se kotsi, se fa se sa ntse se gola se batlang se tshwana le korong. Fa korong le mofero ono di ntse di gola, medi ya tsone e a lomagana mme go nna thata go ntsha korong mo moferong oo. Le fa go ntse jalo, fa semela seno se godile, go motlhofo go se lemoga le go se kumola.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela