LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb18 February ts. 7
  • Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Go Dirisa Dipotso fa re Ruta

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Go Dirisa Dipotso fa re Ruta
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2018
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Dirisa Dipotso ka Tsela e e Molemo
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Diragatsa Seabe sa Gago sa go Nna Moefangele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Dirisa Dipotso
    Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
  • Ruta ka Temogo Le ka Go Tlhotlheletsa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2018
mwb18 February ts. 7

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Go Dirisa Dipotso fa re Ruta

GORENG GO LE BOTLHOKWA: Fa e le gore dikakanyo tsa motho di tshwana le “metsi a a boteng,” go raya gore dipotso e ka nna emere e e re thusang go a gelela. (Dia 20:5) Dipotso di re thusa go itse gore motho o akanyang gore re kgone go mo thusa. Jesu o ne a dirisa dipotso fa a ruta. Re ka etsa sekao sa gagwe jang?

Jesu a botsa mongwe wa barutwa ba gagwe potso

SE O KA SE DIRANG:

  • Botsa dipotso tse di fatang maikutlo. Jesu o ne a botsa barutwa ba gagwe dipotso tse di farologaneng go leka go tlhaloganya tsela e akanyang ka yone. (Mat 16:13-16; be 238 ¶3-5) Wena ke dipotso dife tse o ka di botsang?

  • Botsa dipotso tse di thusang motho go tlhaloganya ntlha e lo ithutang yone. Jesu o ne a botsa Petere dipotso le go mo naya dikarabo tse mo go tsone Petere a neng a tlhoka go tlhopha e le nngwe e e siameng. Seo se ile sa dira gore Petere a bone ntlha e Jesu a neng a leka go mo e ruta. (Mat 17:24-26) Wena ke dipotso dife tse o ka di dirisang?

  • Mo akgole. Jesu o ile a akgola mokwadi mongwe yo o neng a mo “arabile” sentle. (Mar 12:34) O ne o ka akgola jang motho yo o arabileng potso e o neng o mmotsa yone?

Bontsha tlotlo. Re tshwanetse go tlotla batho, segolobogolo jang batho ba ba godileng, ba re sa ba itseng le ba ba nang le taolo mo setšhabeng.—1Pe 2:17.

LEBA KAROLO YA NTLHA YA BIDIO YA DIRA TIRO E JESU A NENG A E DIRA—RUTA, GO TSWA FOO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Goreng eno e se tsela e e siameng ya go ruta?

  • Mo godimo ga go tlhalosa tshedimosetso, ke eng gape se re tshwanetseng go se dira?

LEBA KAROLO YA BOBEDI YA BIDIO ENO, GO TSWA FOO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Mokaulengwe o ile a dirisa dipotso jang ka tsela e e molemo?

  • Ke eng se gape re ka ithutang sone mo tseleng e a rutang ka yone?

Monna a tlhakantswe tlhogo ke dilo tse a di rutiwang; monna a tlhaloganya dilo tse a di rutiwang

Tsela e re rutang ka yone e ka dira gore batho ba tsiboge jang? (Luk 24:32)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela