LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb18 March ts. 7
  • “Nnang lo Disitse”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Nnang lo Disitse”
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2018
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o Tla “Nna o Disitse”?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Setshwantsho Sa Makgarebane a le Lesome
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Makgarebane A A Botlhale le A A Dieleele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • A o Reetsa Tlhagiso?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2018
mwb18 March ts. 7
Makgarebane a a lesome a setshwantsho sa ga Jesu

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | MATHAIO 25

“Nnang lo Disitse”

25:1-12

Fa Jesu a ne a dira setshwantsho seno o ne a se lebisitse mo Bakereseteng ba ba tloditsweng mme molaetsa wa sone o ama Bakeresete botlhe. (w15 3/15 9-14) O ne a re: “Jalo, nnang lo disitse, ka gonne ga lo itse letsatsi le fa e le ura.” (Mat 25:13) A o kgona go tlhalosa setshwantsho seno sa ga Jesu?

  • Monyadi (temana 1)—Jesu

  • Makgarebane a a botlhale a a neng a ipaakantse (temana 2)—Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba ipaakanyeditseng go dira kabelo ya bone le go phatsima jaaka masedi mo lefatsheng go fitlha kwa bokhutlong (Baf 2:15)

  • Ga goelediwa go twe: “Monyadi ke yoo!” (temana 6)—Sesupo sa go tla ga ga Jesu

  • Makgarebane a dieleele (temana 8)—Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba yang go kgatlhantsha Monyadi mme ba sa nne ba disitse e bile ba sa ikanyege

  • Makgarebane a a botlhale a ile a gana ka lookwane (temana 9)—Morago ga go tshwaiwa labofelo, Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba tloditsweng ba ka se thuse batho ba ba neng ba sa ikanyege

  • “Monyadi a goroga” (temana 10)—Jesu o tla tla go atlhola batho go ela kwa bofelong jwa pitlagano e kgolo

  • Makgarebane a a botlhale a tsena mo moketeng wa lenyalo mme dikgoro di a tswalwa (temana 10)—Jesu o phuthela batlodiwa ba ba ikanyegang go ya kwa legodimong mme batlodiwa ba ba sa ikanyegeng ba latlhegelwa ke tshiamelo ya go ya legodimong

Setshwantsho seno ga se reye gore go tla nna le batlodiwa ba le bantsi ba ba tla tlogelang go ikanyega mme go bo go tlhophiwa ba bangwe. Go na le moo, se bontsha gore Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng ba kgona go itlhophela gore a ba tla tswelela ba ipaakantse le go ntsha matlho dinameng kgotsa a ba tla tshwana le makgarebane a dieleele mme ba tlogele go ikanyega. Ke ka moo Jesu a ileng a re: “Itshupeng lo iketleeditse.” (Mat 24:44) Le fa re ka tswa re na le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng kgotsa kwa legodimong, rotlhe re tshwanetse go tswelela re ikanyega le go nna re disitse.

Ke bontsha jang gore ke nna ke disitse?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela