MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | JOHANE 20-21
“A o Nthata go Feta Tseno?”
Ka metlha ya fa go ne go kwalwa Baebele, batho ba ba neng ba itse go tshwara ditlhapi, ba ne ba le pelotelele, ba dira ka natla e bile ba itima dilo dingwe gore ba kgone to tshwara ditlhapi di le dintsi. (w12 8/1 18-20) Dinonofo tseno di ne di tla thusa Petere go nna motshwaraditlhapi yo o setswerere. Mme gone, Petere o ne a tlhoka go dira tshwetso ya gore a o tla tswelela a dira tiro e a e ratang ya go tshwara ditlhapi kgotsa ya go ruta balatedi ba ga Jesu.
Ke diphetogo dife tse o di dirileng mo botshelong jwa gago go dira gore Bogosi bo tle pele?