MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | JAKOBE 3-5
Bontsha Botlhale Jwa Bomodimo
Botlhale jwa ga Jehofa bo a thusa. Ka sekai, bo ka re thusa gore re dire kagiso le Bakeresete ba bangwe. Fa o na le botlhale jwa bomodimo go tla bonala ka boitshwaro jwa gago.
IPOTSE JAANA: ‘Ke dinonofo dife tsa botlhale jwa bomodimo tse di tlhagang mo tlase tse nkileng ka di bontsha? Nka tokafatsa dinonofo tseno jang?’
Go itsheka
Go dira kagiso le ba bangwe
Go nna tekatekano
Go iketleeletsa go utlwa
Go utlwela ba bangwe botlhoko le go nna le maungo a a molemo
Go sa tlhaole ba bangwe
Go sa itimokanye