BOTSHELO JWA BOKERESETE
Nna Modiri yo o Setswerere
Mmetli yo o setswerere o itse go dirisa dithulusu tsa gagwe sentle. Ka tsela e e tshwanang, “modiri yo o se nang sepe se se ka mo tlhabisang ditlhong” o itse go dirisa sentle dikgatiso tse di mo Lebokosong la go Ruta. (2Ti 2:15) Araba dipotso tse di latelang gore o bone gore a o itse go dirisa dikgatiso dingwe tse re di dirisang mo bodireding.
REETSA MODIMO MME O TSHELELE RURI
Kgatiso eno e diretswe bomang?—mwb17.03 5 ¶1-2
O ka e dirisa jang go tshwara thuto ya Baebele?—km 7/12 6 ¶4
Ke kgatiso efe e nngwe e e tlhokegang go baakanyetsa motho yo o mo rutang Baebele go kolobediwa?—km 7/12 7 ¶5
DIKGANG TSE DI MOLEMO TSE DI TSWANG KWA MODIMONG!
Kgatiso eno e farologana jang le dikgatiso tse dingwe tse re di dirisang go ruta batho Baebele?—km 3/13 4-5 ¶3-5
O tshwanetse go leka go dira eng fa o e naya motho?—km 9/15 3 ¶1
O ka tshwara thuto ya Baebele jang o dirisa kgatiso eno?—mwb16.01 8
O ka simolola leng go dirisa buka ya Baebele e re Ruta Eng?—km 3/13 7 ¶10
BAEBELE E RE RUTA ENG?
Tshobokanyo le dintlha tse di kwa bofelong mo kgaolong nngwe le nngwe di dirisiwa jang?—mwb16.11 5 ¶2-3
KE BOMANG BA BA DIRANG THATO YA GA JEHOFA GOMPIENO?
O ka dirisa kgatiso eno leng?—mwb17.03 8 ¶1
Re ka tlotla ka yone jang?—mwb17.03 8, lebokoso