MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | GENESISE 15-17
Goreng Jehofa a Ile a Naya Aberame le Sarai Maina a Mangwe?
Jehofa o ne a tsaya Aberame e le motho yo o se nang molato. Fa Jehofa a ne a tlhalosetsa Aberame mo go oketsegileng ka tsholofetso ya gagwe, o ne a naya Aberame le Sarai maina a a tlhalosang se se neng se tla direga mo nakong e e tlang.
Maina a bone a ne a ya boreelelong ka gonne Aborahame o ne a nna rre wa ditšhaba di le dintsi le Sara o ne a nna mmêmogologolwane wa dikgosi.
Aborahame
Rra Boidiidi
Sara
Mmê wa Dikgosi
Ga re kgone go itlhophela gore fa re tsholwa re batla go bidiwa bomang. Mme fela jaaka Aborahame le Sara, re kgona go dira gore Modimo a re itse re na le botho jo bo molemo. Akanya ka dipotso tseno:
‘Nka dira eng gore Jehofa a ntseye ke le motho yo o se nang molato?’
‘Jehofa o nkitse ke le motho yo o ntseng jang?’