LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb20 April ts. 7
  • “Tlosang Medimo e e Sele”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Tlosang Medimo e e Sele”
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2020
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A go Kotsi go Dirisa Dilo Tse di Amanang le Madimona?
    Basha ba Botsa Jaana
  • Jehofa A ka Go Thusa go Emelana le Satane le Madimona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Baebele ya Reng ka Tirisabadimo?
    Tsogang!—2017
  • Ineele mo go Jehofa ka Pelo Yotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2020
mwb20 April ts. 7
Monna o latlha sebaga sa madimona.

BOTSHELO JWA BOKERESETE

“Tlosang Medimo e e Sele”

Jakobe o ne a itse gore Jehofa o tshwanetse go obamelwa a le nosi e bile a ikanyege mo ene, le fa Jehofa a ne a ise a ntshe molao ope o o buang ka medingwana. (Ek 20:3-5) Morago ga gore Jehofa a bolelele Jakobe gore a boele kwa Bethele, Jakobe o ne a bolelela batho botlhe gore ba tlise medingwana kwa go ene. Mme Jakobe o ne a latlha medingwana eo le manyena a ba ka tswa ba a dirisetsa go itshireletsa mo boloing. (Ge 35:1-4) Mme Jehofa o ne a itumetse fa Jakobe a ne a dira seno.

Re ka bontsha jang gore re obamela Jehofa fela a le nosi le gore re a ikanyega mo go ene? Re ka dira seno ka go tila sengwe le sengwe se se amanang le medingwana kgotsa bodimona. Seno se raya gore re tla latlha sengwe le sengwe se se amanang le boloi le go ela tlhoko gore ke dilo dife tse re itlosang bodutu ka tsone. Ka sekai, akanya ka dipotso tseno: ‘A ke kgatlhiwa ke dibuka kgotsa difilimi tse di nnang le di-vampire, di-zombie kgotsa bodimona? A dilo tse ke di lebang di bontsha boselamose, go konopa kgotsa go hutsa e le dilo tse di sa reng sepe?’ Re tshwanetse go tlhoa dilo tse Jehofa a di tlhoileng.—Pes 97:10.

LEBANG BIDIO YA, GANETSANG DIABOLO, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Ngwana o robetse mo bolaong, o tsentswe mogala mo letsogong. Kwa morago, mmê wa ngwana o bua le banyalani ba a ithutang Baebele le bone.

    Palesa o ile a kopana le bothata bofe?

  • Banyalani le motho yo ba ithutang Baebele le ene ba bua le bagolwane ba babedi ka kgang nngwe.

    Goreng o tshwanetse go kopa thusa mo bagolwaneng fa o na le bothata jwa madimona kgotsa motho yo o mo itseng a na le bothata joo?

  • Mmê wa ngwana o fisa mogala o ono mo setofong.

    Ganetsa Diabolo mme o atamalane le Modimo.—Jak 4:7, 8

    Fa re batla gore Jehofa a re sireletse, ke dilo dife tse re tshwanetseng go kgaogana le tsone?

  • Ke eng se Palesa a ileng a se dira?

  • O ka tila jang bodimona mo lefelong le o nnang mo go lone?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela