MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | EKESODO 33-34
Dinonofo Tsa ga Jehofa Tse di Kgatlhang
E re ka Moshe a ne a tlhaloganya dinonofo tsa ga Jehofa, o ne a kgona go dirisana le Baiseraele a le pelotelele. Ka tsela e e tshwanang, fa re nonotsha tsela e re tlhaloganyang dinonofo tsa ga Jehofa ka yone, re tla kgona go utlwela bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona botlhoko fa re dirisana le bone.
‘O kutlwelobotlhoko e bile o pelontle’: Jehofa o tlhokomela baobamedi ba gagwe ka lorato e bile o amega ka bone, fela jaaka batsadi ba tlhokomela bana ba bone
“O bonya go galefa”: Jehofa o pelotelele le batlhanka ba gagwe; ga a ba felele pelo fa ba dira diphoso, mme o ba fa nako ya gore ba dire diphetogo
‘O na le bopelonomi jo bogolo jwa lorato’: Jehofa o rata batho ba gagwe fela thata e bile o tla tswelela a ba rata go ya go ile
IPOTSE GORE, ‘Nka dira jang gore ke nne kutlwelobotlhoko ke bo ke nne pelontle jaaka Jehofa?’