MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | LEFITIKO 10-11
Rata Jehofa go Feta Lelapa la Gago
Fa mongwe yo re atamalaneng le ene a kgaolwa go ka nna thata gore re ikanyege mo go Jehofa. Taelo e Jehofa a neng a e naya Arone e re ruta gore ga re a tshwanela go dirisana gotlhelele le mongwe mo lelapeng kgotsa wa losika yo o kgaotsweng. Re tshwanetse go rata Jehofa go feta ope fela mo lelapeng kgotsa wa losika yo o sa ikanyegeng.
Batho ba ba ikobelang ditaelo tsa ga Jehofa tsa gore ba se ka ba dirisana gotlhelele le batho ba ba kgaotsweng ba tla bona masego afe?—1Bak 5:11; 2Jo 10, 11