LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb21 January ts. 5
  • Sireletsa Lenyalo la Gago

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Sireletsa Lenyalo la Gago
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa o ka Atlegang ka Gone mo Lenyalong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Fa Lenyalo le Setse le Tla Thubega
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Itumele Mo Lenyalong La Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
mwb21 January ts. 5
Monna o ntse fa fatshe le mosadi wa gagwe mme ba tlhatswa diaparo mmogo.

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Sireletsa Lenyalo la Gago

Jehofa o tsaya maikano a lenyalo a le botlhokwa thata. O ne a re monna le mosadi ba tshwanetse go ngaparelana. (Mat 19:5, 6) Go na le banyalani ba le bantsi ba ba itumetseng mo phuthegong ya ga Jehofa. Mme gone, ga go na lenyalo le le se nang mathata. Fa go na le mathata mo lenyalong, ga re a tshwanela go akanya jaaka batho ba bangwe gore go kgaogana le go tlhalana ke yone tharabololo. Banyalani ba Bakeresete ba ka sireletsa lenyalo la bone jang?

Ela tlhoko dintlha tse tlhano tsa botlhokwa.

  1. Sireletsa pelo ya gago ka go tila go tshameka ka maikutlo a ba bangwe le go lebelela kgotsa go bala dilo tse di buang ka boitsholo jo bo sa siamang ka gonne di koafatsa lenyalo la lona.—Mat 5:28; 2Pe 2:14.

  2. Nna o atamalane gaufi le Modimo mme o tswelele o mo itumedisa mo lenyalong la lona.—Pes 97:10.

  3. Tswelela o apara botho jo bosha mme o dire dilo tse dinnye tse di molemo tse di tla dirang gore monna kgotsa mosadi wa gago a itumele.—Bak 3:8-10, 12-14.

  4. Nnang lo buisana ka tsela e e molemo le e e bontshang tlotlo.—Bak 4:6.

  5. Abelanang tshwanelo ya lenyalo mme lo dira jalo ka lorato.—1Bak 7:3, 4; 10:24.

Fa Bakeresete ba tlotla lenyalo, ba tlotla Jehofa, Mosimolodi wa lenyalo.

LEBANG BIDIO YA RE TSHWANETSE GO ‘TABOGA KA BOITSHOKO’—IKOBELE MELAO YA MOTSHAMEKO, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Karolo nngwe ya bidio ya ‘Re Tshwanetse go ‘Taboga ka Boitshoko’​—⁠Ikobele Melao ya Motshameko.’ Mokaulengwe le Kgaitsadi Gobolawamang ba itumetse morago ga puo ya lenyalo kwa Holong ya Bogosi.

    Le fa gone lenyalo le ka simolola le le monate, ke mathata afe a a ka tlhagang?

  • Karolo nngwe ya bidio ya ‘Re Tshwanetse go ‘Taboga ka Boitshoko’​—⁠Ikobele Melao ya Motshameko.’ Mokaulengwe le Kgaitsadi Gobolawamang ba bua ka mathata a bone ba dirisa Baebele.

    Melaometheo ya Baebele e ka thusa jang banyalani ba ba ikutlwang e kete ga ba tlhole ba ratana?

  • Karolo nngwe ya bidio ya ‘Re Tshwanetse go ‘Taboga ka Boitshoko’​—⁠Ikobele Melao ya Motshameko Mokaulengwe Gobolawamang a balelela mosadi wa gagwe le bana ba gagwe buka ya ‘Dipolelo Tsa me Tsa Baebele.’

    Dirisang melaometheo ya Baebele fa lo batla go itumela mo lenyalong

    Ke melao efe e Jehofa a e tlhomileng mo lenyalong?

  • Banyalani ba tshwanetse go dira eng gore lenyalo la bone le atlege?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela