LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb21 May ts. 5
  • Dirisa Dikai go Tlhalosa Dintlha Tsa Botlhokwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dirisa Dikai go Tlhalosa Dintlha Tsa Botlhokwa
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditshwantsho Tse di Rutang
    Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
  • Rapela Jehofa Gore a go Thuse
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Dirisa Lefoko la Modimo
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Botsa Dipotso
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
mwb21 May ts. 5
Mmê le ngwana wa gagwe ba lebile dinonyane le malomo fa Jesu a ntse a neela Thero ya gagwe ya kwa Thabeng.

TLHAGAFALELA BODIREDI | ITUMELE MO BODIREDING

Dirisa Dikai go Tlhalosa Dintlha Tsa Botlhokwa

Fa re dira maeto a go boela kgotsa re ithuta Baebele le batho, re tshwanetse go ba thusa gore ba tlhaloganye dintlha tsa botlhokwa. Fa re dirisa dikai kgotsa ditshwantsho go tlhalosa dintlha tseno, seno se tla ba fitlhelela pelo e bile se tla dira gore ba se ka ba lebala dintlha tseo.

Fa o ntse o baakanyetsa loeto lwa go boela kgotsa thuto ya Baebele, batla dintlha tsa botlhokwa tse o batlang go dira sekai ka tsone. Go tswa foo, tlhopha sekai se se motlhofo le se ba tla se tlhaloganyang. (Mat 5:14-16; Mar 2:21; Luk 14:7-11) Ipotse gore motho yo o ithutang le ene o godile jang le gore ke dilo dife tse a tlwaetseng go di dira. (Luk 5:2-11; Joh 4:7-15) Fa o bona sekai se o se dirileng se mo thusa go tlhaloganya ntlha nngwe e e rileng, o tla itumela.

LEBANG BIDIO YA ITUMELELE TIRO YA GO DIRA BATHO BARUTWA—TOKAFATSA BOKGONI JWA GAGO—DIRISA DITSHWANTSHO GO TLHALOSA DINTLHA TSA BOTLHOKWA, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Tiragalo go tswa mo bidiong ya ‘Itumelele Tiro ya go Dira Batho Barutwa—Tokafatsa Bokgoni Jwa Gago—Dirisa Ditshwantsho go Tlhalosa Dintlha Tsa Botlhokwa.’ Mmasentle o botsa Lesego potso.

    Goreng motho yo o ithutang Baebele le ene a ka tlhoka thuso go tlhaloganya ditemana tsa Baebele?

  • Tiragalo go tswa mo bidiong ya ‘Itumelele Tiro ya go Dira Batho Barutwa—Tokafatsa Bokgoni Jwa Gago—Dirisa Ditshwantsho go Tlhalosa Dintlha Tsa Botlhokwa.’ Lesego o direla Mmasentle sekai.

    Lesego o ne a dira sekai sefe go tlhalosa Baroma 5:12?

  • Tiragalo go tswa mo bidiong ya ‘Itumelele Tiro ya go Dira Batho Barutwa—Tokafatsa Bokgoni Jwa Gago—Dirisa Ditshwantsho go Tlhalosa Dintlha Tsa Botlhokwa.’ Lesego o bontsha Mmasentle bidio.

    Dikai tse di utlwalang sentle di fitlhelela pelo

    Dikai tse di utlwalang sentle di ka thusa jang batho ba re ba rutang?

  • Fa re le mo bodireding, goreng go le botlhokwa gore re dirise dibidio le dikgatiso tse re di newang ke phuthego ya ga Jehofa?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela