LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb21 May ts. 7
  • Jehofa o Kgalemela Ba a Ba Ratang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa o Kgalemela Ba a Ba Ratang
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tlhaloganya Boikaelelo Jwa Kgalemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Kotlhao e Bontsha Gore Modimo O a Re Rata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
  • Kafa o ka Otlhayang Ngwana wa Gago ka Gone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Kotlhao e Ungwela Loungo lwa Kagiso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
mwb21 May ts. 7
Batsadi ba lela ba lebile ngwana wa bone yo o ganang go ikwatlhaya a tsamaya.

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Jehofa o Kgalemela Ba a Ba Ratang

Go kgalemela go akaretsa go kaela motho le go mo ruta mme gape go akaretsa go mo thusa go dira dilo sentle le go mo otlhaya. Jehofa o a re kgalemela ka gonne o batla gore re mo obamele ka tsela e a e amogelang. (Bar 12:1; Bah 12:10, 11) Ka dinako tse dingwe, go botlhoko go kgalemelwa mme gone go tla re thusa go dira dilo sentle e bile Jehofa o tla re segofatsa. (Dia 10:7) Motho yo o kgalemelang le yo o kgalemelwang ba tshwanetse go gopola eng?

Yo o kgalemelang. Bagolwane, batsadi le ba bangwe ba leka go kgalema ka lorato fela jaaka Jehofa. (Jer 46:28) Le fa motho a kgalemelelwa selo se se masisi o tshwanetse go kgalemelwa ka tsela e e tshwanetseng e bile o tshwanetse go kgalemelwa ka lorato.—Tit 1:13.

Yo o kgalemelwang. Fa re kgalemelwa ga re a tshwanela go ngala, go na le moo, re tshwanetse go dira ka natla go dirisa kgakololo e re e neilweng. (Dia 3:11, 12) Rotlhe re tlhoka go kgalemelwa ka gonne re dira diphoso. Jehofa o re kgalemela ka ditsela tse di farologaneng. Ka sekai, re ka nna ra bala sengwe mo Baebeleng kgotsa ra utlwa sengwe kwa dipokanong re bo re lemoga gore re tshwanetse go dira diphetogo. Ka dinako tse dingwe, re ka nna ra tlhoka go kgalemelwa ke komiti ya boatlhodi. Fa re reetsa fa re kgalemelwa re tla itumelela botshelo e bile re tla tshelela ruri.—Dia 10:17.

LEBANG BIDIO YA ‘BA JEHOFA A BA RATANG O A BA OTLHAYA,’ LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Tiragalo go tswa mo bidiong ya ‘Ba Jehofa a ba Ratang O a Ba Otlhaya.’ Canon a rera le batsadi ba gagwe fa e sa ntse e le ngwana.

    Botshelo jwa ga Canon bo ne bo ntse jang fa a ntse a gola mme bo ne jwa fetoga jang?

  • Tiragalo go tswa mo bidiong ya ‘Ba Jehofa a ba Ratang O a Ba Otlhaya.’ Canon a bua le bagolwane a setse a le mosha.

    Jehofa o ne a mo kgalemela jang ka tsela e e lorato?

  • Tiragalo go tswa mo bidiong ya ‘Ba Jehofa a ba Ratang O a Ba Otlhaya.’ Canon a setse a godile a bua le basha kwa dipokanong.

    Ithute go rata kgalemelo e e tswang kwa go Jehofa

    Re ithuta eng mo go se se diragaletseng Canon?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela