LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb21 May ts. 13
  • Ratanang mo Lelapeng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ratanang mo Lelapeng
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lelapa la Gago le ka Itumela
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Kafa o ka Dirang ka Teng Gore Botshelo Jwa Lelapa la Gago bo Itumedise
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Botshelo Jwa Lelapa jo bo Itumedisang Modimo
    Modimo o Batla Gore re Direng?
  • Dilotlele Tse Pedi Tsa Lenyalo le le Tla Nnelang Ruri
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
mwb21 May ts. 13
Lelapa le opela kwa dipokanong.

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Ratanang mo Lelapeng

Fela jaaka glue e kopanya dilo tse pedi, lorato le lone lo kopanya lelapa. Fa lelapa le sa ratane, go ka nna thata gore ba utlwane le gore ba dirisane mmogo ka kagiso. Banna, basadi le batsadi ba ka bontsha jang lorato mo lelapeng?

Monna yo o ratang mosadi wa gagwe o tla akanyetsa dilo tse a di tlhokang, tsela e a akanyang ka yone le tsela e a ikutlwang ka yone. (Bae 5:28, 29) O tla tlamela lelapa la gagwe ka dilo tse ba di tlhokang a bo a ba thusa gore ba atamalane le Jehofa, go akaretsa le go nna le thulaganyo ya Kobamelo ya Lelapa ka metlha. (1Ti 5:8) Mosadi yo o ratang monna wa gagwe o tla nna mo taolong ya gagwe e bile o tla mmontsha “tlotlo.” (Bae 5:22, 33; 1Pe 3:1-6) Boobabedi ba tshwanetse go itshwarelana ba gololesegile. (Bae 4:32) Batsadi ba ba ratang bana ba bone ba ipha nako le bone e bile ba ba ruta go rata Jehofa. (Dut 6:6, 7; Bae 6:4) Ba tshwanetse go ipotsa gore bana ba bone ba kopana le mathata afe kwa sekolong. A ba kgona go dira ditshwetso tse di siameng fa ba gateletswe ke dithaka tsa bone? Fa botlhe mo lelapeng ba ratana seno se tla dira gore ba ikutlwe ba sireletsegile.

LEBANG BIDIO YA RATANANG MO LELAPENG LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Tiragalo go tswa mo bidiong ya ‘Ratanang mo Lelapeng.’ Banyalani ba tswa dipokanong mme ba tlotla ka lekwalo lengwe.

    Monna yo o ratang mosadi wa gagwe o mo tlhokomela jang?

  • Tiragalo go tswa mo bidiong ya ‘Ratanang mo Lelapeng.’ Fa kgaitsadi mongwe a tswa dipokanong, o reetsa monna wa gagwe yo e seng Mosupi a le pelotelele e bile o bua le ene ka bonolo.

    Mosadi yo o ratang monna wa gagwe a ka bontsha jang gore o a mo tlotla?

  • Tiragalo go tswa mo bidiong ya ‘Ratanang mo Lelapeng.’ Maloko a lelapa a tlotla ka dilo tse ba di ratileng kwa dipokanong fa ba ntse ba ja.

    Batsadi ba ka jalelela jang Lefoko la Modimo mo dipelong tsa bana ba bone?

NNANG TEKATEKANO

Lelapa le ka dirisa nako e ntsi mo didirisiweng tsa ileketeroniki go na le gore ba e dirise ba le mmogo. Batsadi ba ka ipeela nako ya gore bone le bana ba bone ba tla dirisa didirisiwa tsa ileketeroniki nako e kae. Gape batsadi ba tshwanetse go dira tshwetso ya gore a ba letla bana ba bone gore ba bue le batho mo Internet mme fa ba ba letla ba itse gore ba bua le bomang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela