LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb21 July ts. 9
  • Fitlhelela Dipelo Tsa Batho Ba o Ba Rutang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fitlhelela Dipelo Tsa Batho Ba o Ba Rutang
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Botsa Dipotso
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Dirisa Lefoko la Modimo
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Rapela Jehofa Gore a go Thuse
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Thusa Batho ba o Ithutang le Bone go Tlogela Mekgwa E e Sa Siamang
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
mwb21 July ts. 9

TLHAGAFALELA BODIREDI | ITUMELE MO BODIREDING

Fitlhelela Dipelo Tsa Batho Ba o Ba Rutang

Motho o ikobela Modimo ka gonne a mo rata. (Dia 3:1) Ka jalo, fa re ruta mongwe, re tshwanetse go fitlhelela pelo ya gagwe. Re ka dira seo jang?

O se ka wa ruta motho yo o ithutang le ene boammaaruri jo bo mo Baebeleng fela; mo thuse go bona gore se a se ithutang a ka se dirisa jang mo botshelong jwa gagwe le gore se ama jang botsala jwa gagwe le Jehofa. Mo thuse go tlhaloganya gore melao e e mo Baebeleng e bontsha jang gore Jehofa o a re rata, o molemo e bile o tshiamo. Leka go mmotsa dipotso ka botlhale go mo thusa go bona gore o ikutlwa jang ka se a se ithutang. Mo thuse go akanya ka gore fa a ka dira diphetogo dingwe mo botshelong, seno se ka mo thusa jang gore a tokafatse botshelo jwa gagwe. Fa o bona motho yo o ithutang le ene a rata Jehofa, seno se tla dira gore o itumele.

LEBANG BIDIO YA ITUMELELE TIRO YA GO DIRA BATHO BARUTWA—TOKAFATSA BOKGONI JWA GAGO—FITLHELELA DIPELO TSA BATHO BA O BA RUTANG, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Tiragalo go tswa mo bidiong ya ‘Itumelele Tiro ya go Dira Batho Barutwa—Tokafatsa Bokgoni Jwa Gago—Fitlhelela Dipelo Tsa Batho Ba o Ba Rutang.’ Lesego o botsa Mmasentle potso fa ba ntse ba ithuta.

    Goreng Lesego a ne a botsa Mmasentle a re: “A o akantse ka se re tlotlileng ka sone ka Mantaga?”

  • Tiragalo go tswa mo bidiong ya ‘Itumelele Tiro ya go Dira Batho Barutwa—Tokafatsa Bokgoni Jwa Gago—Fitlhelela Dipelo Tsa Batho Ba o Ba Rutang.’ Lesego o mo ntshetsa mabaka a dirisa Baebele.

    Lesego o ile a thusa Mmasentle jang go bona gore melao e e mo Baebeleng e bontsha gore Jehofa o a mo rata?

  • Tiragalo go tswa mo bidiong ya ‘Itumelele Tiro ya go Dira Batho Barutwa—Tokafatsa Bokgoni Jwa Gago—Fitlhelela Dipelo Tsa Batho Ba o Ba Rutang.’ Mmasentle o reeditse Lesego.

    Fa re fitlhelela pelo ya motho yo re ithutang le ene, seno se tla mo tlhotlheletsa gore a batle go tswelela a atamalana le Jehofa

    Lesego o ile a thusa jang Mmasentle gore a bontshe gore o rata Modimo?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela