LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb21 September ts. 5
  • Nna o Katisa Bokgoni Jwa Gago Jwa go Lemoga

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nna o Katisa Bokgoni Jwa Gago Jwa go Lemoga
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa re ka Dirang Ditshwetso Tse di Molemo ka Gone
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Bontsha Tumelo—Dira Ditshwetso Tse di Siameng!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • Dira Ditshwetso Tse di Tlotlang Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Matseno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2024
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
mwb21 September ts. 5

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Nna o Katisa Bokgoni Jwa Gago Jwa go Lemoga

Fela jaaka motshameki a tlhoka go nna a ikatisa gore a nne le mesifa e e nonofileng le rona re tshwanetse go tsaya matsapa gore re katise bokgoni jwa rona jwa go lemoga. (Bah 5:14) Le fa ka dinako tse dingwe, re ka batla go etsa ditshwetso tsa batho ba bangwe, re tshwanetse go ithuta go akanya re bo re itirela ditshwetso. Goreng re tshwanetse go dira seno? Ka gonne mongwe le mongwe wa rona o tla ikarabelela mo Modimong ka ditshwetso tse a di dirileng.—Bar 14:12.

Ga re a tshwanela go akanya gore re tla dira ditshwetso tse di siameng fela ka gonne re na le dingwaga di le dintsi re kolobeditswe. Gore re kgone go dira ditshwetso tse di siameng, re tshwanetse go ikanya Jehofa, Lefoko la gagwe le phuthego ya gagwe.—Jos 1:7, 8; Dia 3:5, 6; Mat 24:45.

LEBANG BIDIO YA “NNANG LE SEGAKOLODI SE SE SIAMENG,” LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Karolo nngwe mo bidiong ya “Nnang le Segakolodi se se Siameng.” Dineo le monna wa gagwe ba bala taletso ya lenyalo.

    Dineo o ne a tshwanelwa ke go dira tshwetso efe?

  • Karolo nngwe mo bidiong ya “Nnang le Segakolodi se se Siameng.” Amo o tlhalosa maikutlo a gagwe.

    Ke eng fa re sa tshwanela go direla batho ditshwetso fa ba ka kgona go di itirela ba kaelwa ke digakolodi tsa bone?

  • Karolo nngwe mo bidiong ya “Nnang le Segakolodi se se Siameng.” Dineo o kopa Mokaulengwe le Kgaitsadi Atang gore ba mo gakolole.

    Banyalani bangwe ba ne ba neela Dineo kgakololo efe e e ka mo thusang?

  • Karolo nngwe mo bidiong ya “Nnang le Segakolodi se se Siameng.” Dineo o dira dipatlisiso a dirisa “LAEBORARI YA MO INTERNET.”

    Dineo o ne a bona kae tshedimosetso e e mo thusitseng go dira tshwetso e e siameng?

Ke eng se se tla nthusang go dira ditshwetso tse di siameng?

  • Se ke se akanyang

  • Se batho ba bangwe ba se akanyang

  • Melaometheo e e mo Baebeleng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela