MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO
Re Ithuta Eng Ka go Sa Tlhaloganyane?
Baiseraele ba ditso tse di farologaneng ba ba neng ba nna kwa botlhaba jwa Joredane ba ne ba aga sebeso se segolo se se kgatlhang (Jos 22:10)
Ditso tse dingwe di ne di ba latofatsa ka go re ga ba ikanyege (Jos 22:12, 15, 16; w06 4/15 5 ¶3)
Baiseraele ba ditso tse di neng di latofadiwa ba ne ba ba araba ba ritibetse maikutlo mme seo se ne sa dira gore go se ka ga tsoga ntwa (Jos 22:21-30; w08 11/15 18 ¶5)
Go ya ka pego eno, re tshwanetse go itshwara jang fa re latofadiwa ka sengwe se re sa se dirang mme ke eng fa re sa tshwanela go tsaya gore re itse sengwe le sengwe mme gone re se na dintlha tsotlhe?—Dia 15:1; 18:13.