MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO
Letela Jehofa ka Bopelotelele
Dafide o ne a na le tshono ya go fedisa bothata jo a neng a lebane le jone (1Sa 24:3-5)
Dafide o ne a leba dilo ka tsela e Jehofa a neng a di leba ka yone, mme seo se ne sa mo thusa gore a bontshe boikgapo (1Sa 24:6, 7)
Dafide o ne a na le tumelo ya gore Jehofa o tla rarabolola bothata jo a neng a lebane le jone (1Sa 24:12, 15; w04 4/1 16 ¶8)
Le rona fela jaaka Dafide re tshwanetse go letela Jehofa ka bopelotelele, mme re se ka ra dira sepe se se kgatlhanong le molao wa Modimo go rarabolola mathata a re lebanang le one.—Jak 1:4; w04 6/1 22-23.