Kgosi Solomone o sekaseka gore porojeke ya go aga tempele e tsamaya jang
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO
Batho Ba ne Ba Ithaopa ka go Rata Ba bo Ba Agela Jehofa Tempele e Ntle
Solomone o ne a aga tempele ka dilo tse di tlhwatlhwakgolo (1Dk 5:6, 17; w11 2/1 15)
Batho ba le bantsi ba ile ba thusa mo tirong ya go aga (1Dk 5:13-16; it-1-E 424; it-2-E 1077 ¶1)
Solomone gammogo le batho ba bangwe ba bantsi ba ne ba dira ka natla mo dingwageng di le supa gore ba fetse porojeke eno ya go aga (1Dk 6:38; bona setshwantsho se se mo khabareng)
Solomone le batho ba bangwe ba ne ba tlhotlhelediwa ke lorato gore ba agele Jehofa tempele e ntle. Ka maswabi, ba ba neng ba tshela morago ga bone ba ne ba sa tshwane le bone. Ga ba a ka ba tlhokomela tempele mme kwa bofelong e ne ya felela e senyegile.
IPOTSE: ‘Ke eng se ke se dirang gore ke tswelele ke direla Jehofa ka matlhagatlhaga?’