LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb22 September ts. 5
  • Lenyalo—Kgolagano e e Nnelang Ruri

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lenyalo—Kgolagano e e Nnelang Ruri
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baebele e a Reng Ka go Sa Nyale le go Nyala?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Lenyalo—Mpho e e Tswang Kwa Modimong yo o Lorato
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Go Ipaakanyetsa go Atlega mo Lenyalong
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Kaelo ya Modimo mo go Tlhopheng Molekane wa Lenyalo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
mwb22 September ts. 5
Banyalani ba dira mmogo mo tshimong.

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Lenyalo​—Kgolagano e e Nnelang Ruri

Manyalo a a atlegang a galaletsa Jehofa mme gape a dira gore banyalani ba itumele. (Mar 10:9) Gore Bakeresete ba nne le lenyalo le le nnelang ruri e bile ba itumele ba tshwanetse go dirisa melaometheo ya Baebele fa ba tlhopha motho yo ba ka nyalanang le ene.

Ga go botlhale go intsha le mongwe fa o ise o fete nako e mo go yone o nang le keletso e e maatla ya tlhakanelodikobo, ka gonne ka nako eo, keletso eo e ka dira gore go nne thata gore o dire ditshwetso tse di botlhale. (1Bk 7:36) Dirisa nako ya pele o nyala kgotsa o nyalwa go nonotsha kamano ya gago le Modimo le go nna le dinonofo tsa Bokeresete. Mme o tla bo o le mo maemong a a siameng go dira gore lenyalo la gago le atlege.

Pele o dumela go nyalana le mongwe iphe nako ya go itse “se se mo pelong” ya gagwe. (1Pe 3:4) Bolelela motho yo o batlang go nyalana le ene fa o simolola go nna le dipelaelo tse di masisi. Gantsi fa re na le tsala re tlhoma mogopolo mo dilong tse re ka mo direlang tsone e seng gore o tla re naya eng, le mo lenyalong go tshwanetse go nna jalo. (Baf 2:3, 4) Fa o batla go itumela mo lenyalong, o tshwanetse go itlwaetsa go dirisa melaometheo ya Baebele pele ga o nyala kgotsa o nyalwa, ka gonne seno se tla dira gore go nne motlhofo gore o e dirise le fa o sena go nyalwa kgotsa nyala.

LEBANG BIDIO YA GO IPAAKANYETSA LENYALO—KAROLO 3: “BALA DITSHENYEGELO,” LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Kamano ya kgaitsadi yono le Tshepo e ne ya gola jang?

  • Kgaitsadi yono o ne a lemoga eng ka Tshepo fa a ntse a mo ithuta?

  • Batsadi ba gagwe ba ile ba mo thusa jang mme o ne a dira tshwetso efe e e botlhale?

Mokaulengwe yo o intshang le kgaitsadi a ka ipotsa dipotso tseno:

O na le dinonofo dife tsa Bokeresete? O bontsha jang gore o batla Bogosi pele? A o tlotla taelo e e tswang mo Baebeleng le e re e newang mo phuthegong? A o kgathalela batho ba bangwe?

Kgaitsadi yo o intshang le mokaulengwe a ka ipotsa dipotso tseno:

O na le dinonofo dife tsa Bokeresete? A o tsaya go obamela Jehofa le go dira dikabelo tsa gagwe mo phuthegong di le botlhokwa go feta tiro ya gagwe, madi, metshameko le go itlosa bodutu? O tshwara jang ba lelapa la gagwe? A o kgathalela batho ba bangwe?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela