Elisha o raya motlhokomedi wa gagwe a re: “Ba ba nang le rona ba bantsi go feta ba ba nang le bone.”—2Dk 6:16
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO
Ba ba Nang le Rona ba Bantsi go Feta ba ba Nang le Bone
Elisha le motlhokomedi wa gagwe ba ne ba dikologilwe ke baba (2Dk 6:13, 14; lfb 126 ¶2)
Elisha o ne a nna a ritibetse mme o ne a nonotsha tumelo ya motlhokomedi wa gagwe (2Dk 6:15-17; w13 8/15 30 ¶2; bona setshwantsho se se mo khabareng)
Jehofa o ile a sireletsa Elisha le motlhokomedi wa gagwe ka kgakgamatso (2Dk 6:18, 19; lfb 126-127 ¶3-4)
Baganetsi ba rona ga ba maatla go feta Jehofa. Fa re ne re ka okomela kwa legodimong re bo re bona kafa Jehofa a dirisang baengele go sireletsa batho ba gagwe ka gone, o akanya gore re ne re tla bona eng?