MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO
Jehofa A ka Go Thusa Gore o Dire Dikabelo Tse di Thata
Badisa ba dikgoro ba Balefi ba ne ba na le maikarabelo a magolo tota (1Dt 9:26, 27; w05 10/1 9 ¶8)
Finease e ne e le modisamogolo wa badisa ba dikgoro tsa motlaagana ka nako ya Moshe (1Dt 9:17-20a)
Jehofa o ne a thusa Finease gore a dire kabelo ya gagwe ka katlego (1Dt 9:20b; w11 9/15 32 ¶7)
Jehofa o re file ditiro tse dintsi tse di botlhokwa. Fa go ka direga gore o se ka wa itse gore o dire jang kabelo ya gago, rapela Jehofa o bo o kope Mokeresete mongwe yo o godileng gore a go thuse.—Baf 2:13.