LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb23 January ts. 9
  • Jehofa o re Thusa Gore re Kgone go Itshokela Mathata

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa o re Thusa Gore re Kgone go Itshokela Mathata
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nna o Gopotse Gore Jehofa ke “Modimo yo o Tshelang”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • Ga re Nosi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Jehofa o re Thusa Jang go Itshoka?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
mwb23 January ts. 9
Batsadi le bana ba bone ba tlotla le maloko la phuthego ba dirisa videoconferencing.

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Jehofa o re Thusa Gore re Kgone go Itshokela Mathata

Re lebana le mathata a mantsi mo malatsing ano a bofelo. Ka dinako dingwe, re ka ikutlwa e kete re ka se kgone go itshokela mathata a re nang le one. Le fa go ntse jalo, fa re tswelela re atamalane le Jehofa o tla re thusa gore re kgone go itshokela mathata a re neng re akanya gore re ka se kgone go a itshokela. (Isa 43:2, 4) Re ka atamalana jang le Jehofa fa re lebane le mathata?

Rapela. Fa re bolelela Jehofa maikutlo a rona o tla re naya kagiso ya mogopolo le maatla a go itshoka.​—Baf 4:6, 7; 1Bt 5:17.

Nna gone kwa dipokanong. Gone jaanong re tlhoka go ithuta ka Jehofa le go itsalanya le ba bangwe kwa dipokanong, go feta ka tsela e re neng re dira ka yone mo nakong e e fetileng. (Bah 10:24, 25) Fa re baakanyetsa, re nna gone kwa dipokanong re bo re nna le seabe mo go tsone re a bo re amogela thuso e e tswang kwa go Jehofa.​—Tsh 2:29.

Nna le seabe mo bodireding. Go nna le seabe mo bodireding ka metlha go tla re thusa gore re se ka ra tlhoma mogopolo thata mo mathateng a rona. Gape re tla nonotsha botsala jwa rona le Jehofa le badumedimmogo le rona.​—1Bk 3:5-10.

LEBANG BIDIO YA JEHOFA O TLA GO TLHOKOMELA, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Ke eng se se thusitseng Malu gore a tswelele a atamalane le Jehofa fa a ne a lebane le mathata?

  • Fela jaaka Malu, mafoko a a mo go Pesalema 34:18 a ka re gomotsa jang fa re lebane le mathata?

  • Maitemogelo a ga Malu a re bontsha jang gore Jehofa o re naya “maatla a a sa tlwaelegang” fa re na le mathata?—2Bk 4:7

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela