LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb23 January ts. 11
  • Ithute go Akanya Jaaka Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ithute go Akanya Jaaka Jehofa
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditshwetso Tse di Bontshang Gore re Ikaega ka Jehofa
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
  • Dira Ditshwetso Tse di Itumedisang Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Kafa go Bala Baebele go re Dirang Botlhale ka Gone
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
  • Batsadi—Rutang Bana ba Lona Gore ba Itumedise Jehofa
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
mwb23 January ts. 11
Tiragalo go tswa mo bidiong ya “Re Tshwanetse go ‘Taboga ka Boitshoko’—Ja Dijo Tse di Nang le Dikotla.” Kgaitsadi yo mosha o dirisa boroutšhara jwa “The Origin of Life—Five Questions Worth Asking” go dira dipatlisiso.

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Ithute go Akanya Jaaka Jehofa

Re batla go itumedisa Jehofa ka sengwe le sengwe se re se dirang. (Dia 27:11) Gore re dire seno, re tlhoka go dira ditshwetso tse di bontshang gore re akanya jaaka Jehofa le fa gone go se na melao e re bolelelang gore re dire eng. Ke eng se se ka re thusang go dira seno?

Bala Baebele letsatsi le letsatsi. Nako le nako fa re bala Baebele, go tshwana jaaka e kete re fetsa nako le Jehofa. Re kgona go ithuta ka tsela e Jehofa a akanyang ka yone ka go lebelela gore o ne a dirisana jang le batho ba gagwe le go tlhatlhoba dikai tsa batho ba a neng a ba leba ba siame le ba ba neng ba le bosula. Fa re tlhoka go dira ditshwetso, moya o o boitshepo o tla re thusa go gopola dithuto le melaometheo tse re di ithutileng mo Lefokong la Modimo.—Joh 14:26.

Dira dipatlisiso. Fa o tlhoka go dira tshwetso ipotse gore, ‘Ke temana kgotsa pego efe ya Baebele e tla nthusang go tlhaloganya gore Jehofa o ikutlwa jang ka kgang eno?’ Rapela Jehofa gore a go thuse, o bo o dirisa dithulusu tsa dipatlisiso tse di leng gone mo puong ya gago gore di go thuse go bona le go dirisa melaometheo e e ka go thusang mo boemong jo o lebaneng le jone.​—Ps 25:4.

LEBANG BIDIO YA RE TSHWANETSE GO ‘TABOGA KA BOITSHOKO’—JA DIJO TSE DI NANG LE DIKOTLA, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Kgaitsadi yo mosha mo bidiong eno, o ne a lebana le dikgwetlho dife?

  • Re ka dirisa jang dithulusu tsa go dira dipatlisiso go lebana le dikgwetlho tse di tshwanang?

  • Fa re ithuta re le nosi re bo re ipha nako ya go dira dipatlisiso gore re kgone go dira ditshwetso tse di molemo, seno se tla re solegela molemo jang?​—Bah 5:13, 14

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela