LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb23 May ts. 3
  • Itebe Fela Jaaka Jehofa a go Leba

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Itebe Fela Jaaka Jehofa a go Leba
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditshwetso Tse di Bontshang Gore re Ikaega ka Jehofa
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
  • Ikokobetse Fa go Na le Dilo Tse o Sa di Itseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Tlhomamisega Gore Jehofa O a Go Rata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Jehofa “o Fodisa ba ba Pelo e Phatlogileng”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
mwb23 May ts. 3

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Itebe Fela Jaaka Jehofa a go Leba

“Jehofa o itumelela batho ba gagwe.” (Ps 149:4) Le fa gone re dira diphoso, Jehofa o bona dilo tse dintle tse re kgonang go di dira. Mme ka dinako tse dingwe, go ka nna thata gore re bone dilo tse di molemo tse re di dirang. Re ka itsaya re se batho ba sepe ka ntlha ya tsela e batho ba bangwe ba re tshwarang ka yone. Kgotsa fa re tlhoma mogopolo mo diphosong tse re di dirileng mo nakong e e fetileng re ka belaela gore Jehofa o a re rata. Ke eng se se ka re thusang fa re ikutlwa jalo?

Gopola gore Jehofa o bona dilo tse batho ba sa kgoneng go di bone. (1Sa 16:7) Seo se raya gore o kgona go bona dilo tse re sa kgoneng go di bona mo go rona. Mme Baebele e re thusa go tlhaloganya tsela e Jehofa a re lebang ka yone. Re ka kgona go tlhaloganya seo fa re bala ditemana le dipego tse di bontshang kafa Jehofa a ratang batlhanka ba gagwe ka gone.

LEBANG BIDIO YA ITLHATSWE PELO GORE JEHOFA O A GO RATA, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Sekai sa motho yo o sianang le sa rre wa gagwe se re ruta eng ka tsela e Jehofa a re lebang ka yone?

  • Fa motho yo dirileng boleo a tsere kgato ya go ya kwa bagolwaneng gore ba mo thuse go baakanya botsala jwa gagwe le Jehofa, a ka tlhomamisega jang mo pelong gore Jehofa o a mo rata?—1Jo 3:19, 20

  • Mokaulengwe yono o ile a solegelwa molemo jang ke go bala le go tlhatlhanya ka pego ya ga Dafide le Jehoshafate?

Dipego tsa Baebele tse di re tlhomamisetsang gore . . .

Jehofa o a re rata go sa kgathalesege gore ba bangwe ba re leba jang

  • Enoke (Ge 5:24; Bah 11:5; Jude 14, 15)

  • Hana (1Sa 1:1–2:11, 18-21, 26)

Jehofa o itshwarela baleofi ba ba ikwatlhayang go tswa pelong

  • Manase (2Dt 33:1-7, 12, 13)

  • Paulo (1Ti 1:12-16)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela