LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb23 May ts. 5
  • A o Ipaakanyeditse Mathata a Ikonomi?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Ipaakanyeditse Mathata a Ikonomi?
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nna o le Malala a Laotswe
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2020
  • Nna o Ipaakantse mo Bokhutlong Jwa ‘Metlha ya Bofelo’
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Ditshwetso Tse di Bontshang Gore re Ikaega ka Jehofa
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
  • A o Ipaakanyeditse Nako ya Dikhuduego?
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
mwb23 May ts. 5

BOTSHELO JWA BOKERESETE

A o Ipaakanyeditse Mathata a Ikonomi?

Ga re gakgamale fa re bona dilo tse di diregang mo lefatsheng di dira gore go nne le mathata a ikonomi. Goreng? Ka ntlha ya gore re tshela mo metlheng ya bofelo e bile Baebele e re tlhagisa gore re se ka ra “ikanya dikhumo tse di sa nneleng ruri.” (1Ti 6:17; 2Ti 3:1) Sekao sa ga Kgosi Jehoshafate se ka re ruta eng ka go ipaakanyetsa mathata a ikonomi?

Jehoshafate o ile a ikanya Jehofa fa a ne a tshosediwa ke ditšhaba tse dingwe. (2Dt 20:9-12) Gape o ile a rulaganya dilo nako e santse e le teng ka go dira gore go nne le dikampa tsa masole. (2Dt 17:1, 2, 12, 13) Fela jaaka Jehoshafate le rona re tla bo re dira sentle fa re ikanya Jehofa re bo re ithulaganya pele mathata a tla.

KE ENG SE RE KA SE DIRANG GO IPAAKANYETSA MATHATA A IKONOMI?

Nonotsha botsala jwa gago le Jehofa: Leka go kgotsofalela se o nang le sone e bile tshepa gore Jehofa o tla go thusa ka dilo tse o di tlhokang. (Mat 6:26; 1Ti 6:8) Nna o iketleeleditse go dirisa melaometheo ya Baebele gore o tswelele o le tsala ya ga Jehofa. (Bar 2:21) Akanyetsa gore o tlile go ithuta jang fa go se na motlakase le Internet. Tlhomamisa gore o na le dikgatiso dingwe mo go wena, fa go kgonega leka go downlouda dikgatiso tse o tla di dirisang.

Baakanya dilo tse o tla di tlhokang: O se ka wa reka dilo tse o sa di tlhokeng mme fokotsa dikoloto tsa gago pele mathata a ikonomi a tlhaga. (Dia 22:7) Fa go kgonega, baya dijo dingwe tse o tlileng go di tlhoka le dilo tse o tlileng go di dirisa. Bangwe ba jala merogo gore ba kgone go baya madi.

LEBANG BIDIO YA RE KA IPAAKANYETSA JANG MASETLAPELO? LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

Tiragalo go tswa mo bidiong ya “Re Ka Ipaakanyetsa Jang Masetlapelo?” Mo setshwantshong go na le Baebele, go-bag, founo le batho ba ba agang.
  • Re ka dira eng go nna re ipaakanyeditse masetlapelo?

Tiragalo go tswa mo bidiong ya “Re Ka Ipaakanyetsa Jang Masetlapelo?” Bakaulengwe ba dira tiro ya namolo ka go aga le go ntsha dilo tse di tlhokegang mo loring.
  • Re ka ipaakanyetsa jang go thusa ba bangwe?

MOKGELE

Ka nako ya kobamelo ya lelapa lebang makasine wa Tsogang! ya No. 1 2022. Tlotlang ka gore ke eng se lo ka se dirang gore lo ipaakanyetse masetlapelo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela