LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb23 July ts. 13
  • O Ipeetse Mekgele Efe mo Ngwageng o Mosha wa Tirelo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Ipeetse Mekgele Efe mo Ngwageng o Mosha wa Tirelo?
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditshwetso Tse di Bontshang Gore re Ikaega ka Jehofa
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
  • Nka Fitlhelela Mekgele ya me Jang?
    Tsogang!—2010
  • Dirisa Mekgele ya Semoya go Galaletsa Mmopi wa Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Ikokobetse Fa go Na le Dilo Tse o Sa di Itseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
mwb23 July ts. 13
Tsela eno e tshwantshetsa mekgele e re ka ipeelang yone mo phuthegong ya ga Jehofa. Matshwao ano a a beilweng mo tseleng a tshwantshetsa thuto ya botho, tiro ya go rera, dinonofo tsa Bokeresete le bokgoni jwa go ruta.

BOTSHELO JWA BOKERESETE

O Ipeetse Mekgele Efe mo Ngwageng o Mosha wa Tirelo?

Mekgele e re ipeelang yone mo phuthegong e akaretsa sengwe le sengwe se re ka se dirang gore re kgone go direla Jehofa mo go oketsegileng le gore re mo itumedise. E re thusa gore re nne Bakeresete ba ba nang le tumelo e e nonofileng e bile re ka se ikwatlhaele nako le maatla a re a dirisitseng gore re fitlhelele mekgele eo. (1Ti 4:15) Goreng re tshwanetse go sekaseka mekgele e re ipeelang yone ka metlha? Ke ka gonne maemo a rona a fetoga. Go ka direga gore re se ka ra kgona go fitlhelela mokgele o re neng re ipeetse one ka ntlha ya maemo a rona a a fetogileng. Kgotsa gongwe re setse re o fitlheletse mme re tlhoka go ipeela o mongwe.

Nako e e siameng ya go sekaseka mekgele ya rona, ke pele ga ngwaga o mosha wa tirelo o simolola. Gongwe ka kobamelo ya lelapa le ka tlotla ka mekgele e mongwe le mongwe wa lona a ka ipeelang yone le mekgele e lo ka ipeelang yone jaaka lelapa?

Ke mekgele efe e o ipeetseng yone mo dikarolong tseno tse di latelang mme ke eng se o tlileng go se dira gore o kgone go e fitlhelela?

Go bala Baebele ka metlha, thuto ya botho, go nna gone kwa dipokanong, go arabela.—w02 6/15 15 ¶14-15

Bodiredi.—w23.05 27 ¶4-5

Dinonofo tsa Bokeresete.—w22.04 23 ¶5-6

Tse dingwe:

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela