LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb23 September ts. 11
  • Jehofa o Thusa ba ba Kgobegileng Marapo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa o Thusa ba ba Kgobegileng Marapo
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nka Tlogela Jang go Nna ke Hutsafetse Thata Jaana?
    Tsogang!—2010
  • Ditshwetso Tse di Bontshang Gore re Ikaega ka Jehofa
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
  • Jehofa “o Fodisa ba ba Pelo e Phatlogileng”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • Nka Dira Eng Gore Ke se Ka ka Nna ke Hutsafetse Jaana?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
mwb23 September ts. 11

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Jehofa o Thusa ba ba Kgobegileng Marapo

Ka dinako dingwe re a tle re kgobege marapo. Go ikutlwa jalo ga go reye gore ga re na tumelo mo go Jehofa. Tota e bile, Jehofa le ene o a tle a utlwe botlhoko ka dinako dingwe. (Ge 6:5, 6) Mme gone, re ka dira eng fa e le gore re nna re kgobegile marapo ka metlha?

Kopa Jehofa gore a go thuse. Jehofa o batla go itse tsela e re ikutlwang ka yone. O a itse fa re itumetse le fa re utlwele botlhoko. O tlhaloganya tsela e re ikutlwang le e re akanyang ka yone. (Ps 7:9b) Sa botlhokwa ke gore, Jehofa o a re kgathalela e bile o batla go re thusa go itshokela dilo tse di re utlwisang botlhoko le dipreshene.​—Ps 34:18.

Ela tlhoko tsela e o akanyang ka yone. Go kgobega marapo go ka dira gore re se ka ra itumela gape go ka ama botsala jwa rona le Jehofa. Ka jalo, re tla bo re dira sentle fa re sireletsa dipelo tsa rona.​—Dia 4:23.

LEBANG BIDIO YA BAKAULENGWE BA RONA BA TSHELA KA KAGISO LE FA BA NA LE DIPRESHENE, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Ke dilo dife tse Nikki a ileng a di dira gore a kgone go itshokela dipreshene?

  • Ke eng se se dirileng gore Nikki a lemoge gore o tlhoka go bona ngaka?​—Mat 9:12

  • Nikki o ne a ikaega ka Jehofa ka ditsela dife?

“Tora ya Tebelo” ya No. 1 2023 ya setlhogo se se reng “Malwetse a Tlhaloganyo—Baebele E ka Go Thusa.”

A o itse mongwe yo o ka solegelwang molemo ke makasine wa Tora ya Tebelo ya No. 1 2023?

Ke dilo dife tse re ka di dirang gore re tlhokomele maikutlo a rona?

(Tshwaya lebokoso le le bapileng le dilo tse o ka ratang go berekela mo go tsone.)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela