LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb23 September ts. 15
  • Batsadi Thusang Bana ba Lona Gore ba Nne le Botlhale jo bo Tswang Kwa Modimong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Batsadi Thusang Bana ba Lona Gore ba Nne le Botlhale jo bo Tswang Kwa Modimong
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dirisa Melaometheo Gore o Thuse Bana ba Gago
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
  • Ditshwetso Tse di Bontshang Gore re Ikaega ka Jehofa
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
  • Nna Bonako go Thusa ba ba Batlang go Ithuta ka Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Kafa go Bala Baebele go re Dirang Botlhale ka Gone
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
mwb23 September ts. 15
Kgaitsadi o thusa bana ba gagwe go arabela le go reetsa kwa dipokanong.

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Batsadi Thusang Bana ba Lona Gore ba Nne le Botlhale jo bo Tswang Kwa Modimong

Nngwe ya ditsela tse batsadi ba ka thusang bana ba bone gore ba nne le botlhale jo bo tswang kwa Modimong ke go ba thusa gore ba solegelwe molemo ke dipokano. Se bana ba se bonang, ba se utlwang le tsela e ba arabelang ka yone kwa dipokanong e ka ba thusa go ithuta ka Jehofa le gore ba atamalane le ene. (Dut 31:12, 13) Fa e le gore o motsadi, o ka thusa jang ngwana wa gago gore a solegelwe molemo ke dipokano?

  • Dira maiteko a go nna gone kwa dipokanong ka metlha.​—Ps 22:22

  • Ipheng nako ya go tlotla le bakaulengwe le bokgaitsadi kwa Holong ya Bogosi pele dipokano di simolola le morago ga tsone.​—Bah 10:25

  • Netefatsa gore mongwe le mongwe mo lapeng o na le khopi ya kgatiso e e ithutiwang kwa dipokanong

  • Thusa ngwana wa gago go arabela a dirisa mafoko a gagwe.​—Mat 21:15, 16

  • Bua dilo tse di agang ka dipokano le dilo tse o di ithutileng

  • Thusa bana ba gago go tsaya karolo mo go phepafatseng Holo ya Bogosi le go tlotla le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba godileng kwa phuthegong

Go tlhokega matsapa a magolo go thusa bana ba gago gore ba atamalane le Jehofa e bile ka dinako dingwe go ka lebega go le thata go dira jalo. Le fa go ntse jalo, o ka ikaega ka Jehofa gore a go thuse.​—Isa 40:29.

LEBANG BIDIO YA BATSADI, IKAEGENG KA JEHOFA, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Letsapa le ile la ama jang Kagiso le mosadi wa gagwe?

  • Goreng batsadi ba tshwanetse go kopa Jehofa gore a ba neye maatla?

  • Kagiso le mosadi wa gagwe ba ile ba ikaega jang ka Jehofa gore a ba thuse?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela