BOTSHELO JWA BOKERESETE
Thulaganyo ya go Gomotsa ba ba Kwa Bethele
Mongwe le mongwe o lebana le mathata mme mo nakong eo a ka tlhoka go kgothadiwa. Tota le ba ba nang le tumelo e e nonofileng kgotsa ba ba nang le ditshiamelo dingwe tse di rileng mo phuthegong ya ga Jehofa ba ka kgobega marapo. (Job 3:1-3; Pes 34:19) Re ithuta eng mo thulaganyong e e dirilweng ya go kgothatsa ba ba kwa Bethele?
LEBANG BIDIO YA ‘IKANYE MODIMO,’ LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:
Ba ba kwa Bethele ba lebana le mathata afe?
Ke dilo dife tse nnê tse di diriwang go ba kgothatsa?
Bakaulengwe ba ba kgothatsang ba bangwe mo Bethele ba ile ba solegelwa molemo jang?