LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w20 March ts. 18-23
  • Re Tshwanetse go Bua Leng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Re Tshwanetse go Bua Leng?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • RE TSHWANETSE GO BUA LENG?
  • RE TSHWANETSE GO DIDIMALA LENG?
  • JEHOFA O IKUTLWA JANG KA DILO TSE RE DI BUANG?
  • O ne A Dira Tshwetso e e Botlhale
    Etsa Tumelo ya Bone
  • O ne A Dira Dilo ka Botlhale
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Abigaile le Dafide
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Mosadi yo o Botlhale o Tila Kotsi ya Masetlapelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
w20 March ts. 18-23

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 12

Re Tshwanetse go Bua Leng?

“Sengwe le sengwe se na le nako e se e tlhometsweng . . . nako ya go didimala le nako ya go bua.”—MOR. 3:1, 7.

PINA 124 Re Ikanyege ka Metlha

SE RE TLA TLOTLANG KA SONEa

1. Re ithuta eng mo go Moreri 3:1, 7?

BANGWE ba rona re bua thata, mme ba bangwe bone ba didimetse. Jaaka temana ya setlhogo e tlhalosa, go na le nako ya go bua le nako ya go didimala. (Bala Moreri 3:1, 7.) Mme gone, re ka tswa re eletsa e kete bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba ka fokotsa go bua thata mme ba bangwe ba se ka ba didimala thata.

2. Ke mang yo o nang le tshwanelo ya go re bolelela gore re tshwanetse go bua jang le gone leng?

2 Jehofa ke ene a re neileng mpho ya go bua. (Ekes. 4:10, 11; Tshen. 4:11) O dirisa Baebele go re thusa go itse gore re tshwanetse go dirisa mpho eno jang. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka batho bangwe ba go buiwang ka bone mo Baebeleng, ba ba ka re thusang go itse gore re tshwanetse go bua le gore re tshwanetse go didimala mo maemong afe. Gape re tla ithuta gore Jehofa o ikutlwa jang ka dilo tse re di buang. Mma re simolole ka go bona gore re tshwanetse go bua leng.

RE TSHWANETSE GO BUA LENG?

3. Go ya ka Baroma 10:14, re tswanetse go bua leng?

3 Re tshwanetse go dirisa tshono nngwe le nngwe go bua ka Jehofa le ka Bogosi jwa gagwe. (Math. 24:14; bala Baroma 10:14.) Fa re dira jalo, re tla bo re etsa Jesu. Lebaka lengwe la botlhokwa la go bo Jesu a ile a tla mo lefatsheng, e ne e le go ruta batho ka Rraagwe. (Joh. 18:37) Mme gone, ga re a tshwanela go lebala gore tsela e re buang le ba bangwe ka yone e botlhokwa. Ka jalo, fa re ruta ba bangwe ka Jehofa, re tshwanetse go dira jalo “ka bonolo le tlotlo e e boteng.” Mo godimo ga moo, re tshwanetse go akanyetsa batho ba re tlotlang le bone. (1 Pet. 3:15) Fa re dira jalo, re tla kgona go ba ruta, e bile gongwe re ka kgona go ba fitlhelela dipelo.

RE TSHWANETSE GO BUA LENG?

  • Fa o bua le ba bangwe ka Jehofa, dira jalo ka “bonolo le tlotlo e e boteng” (serapa 3)

  • Fa o bona mongwe a dira sengwe se se ka mo tsenyang mo mathateng

  • Bagolwane ba thusa ba ba tlhokang go gakololwa mme ga ba ba felele pelo

Bokgaitsadi ba kwa shopong ya diaparo. Kgaitsadi o tlhagisa yo mongwe gore sekete se a batlang go se reka se se khutshwane thata.

(Bona serapa 8)b

Mogolwane a tshwere Baebele, o gakolola mosha gore a phepafatse. Folete ya mosha oo e leswe.

(Bona serapa 4, 9)c

4. Go ya ka Diane 9:9, se re se buang se ka thusa ba bangwe jang?

4 Bagolwane ga ba a tshwanela go didimala fela fa ba bona mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a dira sengwe se se ka mo tsenyang mo mathateng. Mme gone, ba tshwanetse go tlhopha nako e e siameng ya go bua le ene gore ba se ka ba mo tsenya matlho. Ba ka nna ba kopa go bua le ene kwa thoko. Fa bagolwane ba bua le mongwe, ba leka ka natla gore ba se ka ba mo diga seriti. Mme gone, ba mmontsha melaometheo ya Baebele e e ka mo thusang. (Bala Diane 9:9.) Ke eng fa go le botlhokwa gore ka dinako dingwe re bue? Akanya ka dikai tseno: Monna mongwe o ne a tlhoka go kgalemela bomorwawe, mme mosadi mongwe ene o ne a tlhoka go tlhagisa monna mongwe yo o neng a tla nna kgosi.

5. Moperesiti yo Mogolo Eli o ile a palelwa ke go dira eng?

5 Moperesiti yo Mogolo e bong Eli o ne a na le barwa ba babedi ba a neng a ba rata thata. Le fa go ntse jalo, bana bao ba ne ba sa tlotle Jehofa. Ba ne ba neilwe kabelo e e botlhokwa ya go nna baperesiti kwa motlaaganeng. Mme gone, ba ne ba dirisa taolo e ba neng ba e neilwe ka tsela e e sa siamang. Ba ne ba dira dilo tse di bontshang gore ga ba tlotle tlolaganyo ya ga Jehofa ya go ntsha ditlhabelo e bile ba ne ba dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. (1 Sam. 2:12-17, 22) Go ya ka Molao wa ga Moshe, ba ne ba tshwanetse go bolawa. Mme gone, Eli o ile a ba kgalemela fela a bo a ba letla gore ba tswelele ba direla kwa motlaaganeng. (Dute. 21:18-21) Jehofa o ne a ikutlwa jang ka se Eli a se dirileng? O ne a mo raya a re: Ke ka ntlha yang fa o “tlotla bomorwao go mpheta?” Jehofa o ne a swetsa ka gore a bolae bomorwa Eli.—1 Sam. 2:29, 34.

6. Re ithuta eng mo go se se diragaletseng Eli?

6 Re ithuta sengwe sa botlhokwa mo go se se diragaletseng Eli. Fa re lemoga gore tsala ya rona kgotsa mongwe wa losika o tlodile molao wa Modimo, re tshwanetse go bua le ene. Gape re tshwanetse go tlhomamisa gore o ya go bua le bagolwane gore ba kgone go mo thusa. (Jak. 5:14) Ga re a tshwanela go tlotla ditsala kgotsa ba masika a rona go feta Jehofa. Ke boammaaruri gore ga go motlhofo go tlhagisa mongwe, mme go dira jalo go ka mo thusa. Mma re bone gore Eli o ne a farologane jang le mosadi mongwe wa Moiseraele yo o bidiwang Abigaile.

Abigaile o bua le Dafide a khubame.

Abigaile o ile a tlhopha nako e e siameng ya go bua (Bona serapa 7-8)d

7. Ke eng fa Abigaile a ile a ya go bua le Dafide?

7 Abigaile o ne a nyalane le monna mongwe yo o humileng yo o bidiwang Nabale. Fa Dafide le banna ba gagwe ba ne ba tshabela Kgosi Saulo, ba ile ba nna nakonyana le badisa ba ga Nabale e bile ba ile ba sireletsa letsomane la ga Nabale gore le se ka la utswiwa. Nabale ga a ka a lebogela se banna bano ba neng ba mo diretse sone. Fa Dafide a ne a mo kopa gore a ba fe dijo le metsi, Nabale o ile a galefa a bo a ba tlhapatsa. (1 Sam. 25:5-8, 10-12, 14) Ka jalo, Dafide o ne a swetsa ka gore o tlile go bolaya banna botlhe ba ntlo ya ga Nabale. (1 Sam. 25:13, 22) Bothata joo bo ne bo ka rarabololwa jang? Abigaile o ile a lemoga gore ke nako ya go bua, ka jalo, o ile a ya go bua le Dafide.

8. Re ithuta eng mo go se Abigaile a ileng a se dira?

8 Fa Abigaile a bua le Dafide, o ile a dira jalo ka tlotlo e bile o ile a bontsha gore o pelokgale. Se Abigaile a ileng a se bua se ile sa thusa Dafide go bona gore se a neng a batla go se dira se ne se le phoso. Le fa Abigaile e ne e se ene a kgopisitseng Dafide, o ile a kopa maitshwarelo. O ile a re o a itse gore Dafide ke motho yo o siameng le gore o a itse gore o ne a tla dira se se siameng. Abigaile o ile a ikaega ka Jehofa. (1 Sam. 25:24, 26, 28, 33, 34) Le rona re tshwanetse go bua fa re bona mongwe a dira sengwe se se ka mo tsenyang mo mathateng. (Pes. 141:5) Re tshwanetse go dira jalo ka tlotlo mme gone re tshwanetse go nna pelokgale. Re bontsha gore re ditsala tsa boammaaruri fa re tlhagisa ba bangwe.—Dia. 27:17.

9-10. Bagolwane ba tshwanetse go nna ba gopotse eng fa ba tlhagisa ba bangwe?

9 Bagolwane ba tshwanetse go nna pelokgale gore ba kgone go tlhagisa batho ba ba sa direng dilo sentle mo phuthegong. (Bagal. 6:1) Bagolwane ba a itse gore le bone ba dira diphoso le gore nako nngwe ba ka nna ba tlhoka go tlhagisiwa. Mme gone, ga ba letle seo se ba thibela gore ba se ka ba bua le batho ba ba tlhokang go kgalemelwa. (2 Tim. 4:2; Tito 1:9) Fa ba tlhagisa mongwe, ba mmontsha gore a ka tokafatsa kae e bile ga ba mo felele pelo. E re ka ba rata motho yoo, ba leka ka natla go mo thusa. (Dia. 13:24) Mme gone, selo sa botlhokwa mo go bone, ke go tlotlomatsa Jehofa le go tlhomamisa gore botlhe mo phuthegong ba ikobela melao ya gagwe. Gape selo sa botlhokwa mo go bone ke go sireletsa phuthego.—Dit. 20:28.

10 Re ithutile gore re tshwanetse go bua leng. Mme gone, ka dinako tse dingwe, re tshwanetse go didimala. Re ka lebana le dikgwetlho dife mo maemong ao?

RE TSHWANETSE GO DIDIMALA LENG?

11. Jakobe o ile a dirisa papiso efe, mme ke eng fa e tshwanela?

11 Ka dinako tse dingwe, go thata gore re laole loleme lwa rona. Jakobe o ile a dirisa papiso nngwe go tlhalosa seno. O ne a re: “Fa mongwe a sa kgotšwe mo lefokong, yono ke monna yo o itekanetseng, yo o kgonang go laola le mmele otlhe wa gagwe. Fa re tsenya ditomo mo melomong ya dipitse gore di re utlwe, re laola le mmele otlhe wa tsone.” (Jak. 3:2, 3) Fa motho a palame pitse, o dirisa ditomo go e laola. A ka nna a di dirisa go e kaela gore e ye kae kgotsa gore e eme. Mme fa a sa tshware ditomo sentle, pitse e ka nna ya tswa mo taolong e bo e mo gobatsa le yone e bo e ikgobatsa. Ka tsela e e tshwanang, fa re sa laole loleme lwa rona, re ka baka mathata a le mantsi. Mma re bone gore ke leng re tshwanetseng go didimala.

RE TSHWANETSE GO DIDIMALA LENG?

  • Fa ba bangwe ba re botsa gore tiro ya rona e dirwa jang kwa dinageng tse e thibetsweng kwa go tsone

  • Fa re na le tshedimosetso ka dilo tsa phuthego tse e leng khupamarama

Baboledi ba botsa banyalani ba ba etileng dipotso.

(Bona serapa 12)e

Mogolwane o tswela kwa ntle gore a ye go bua ka founu.

(Bona serapa 13-14)f

12. Re tshwanetse go didimala mo maemong afe?

12 O dira eng fa Mokeresete mongwe a itse kgang nngwe e e leng khupamarama? Ka sekai, fa o kopana le bakaulengwe ba ba nnang kwa nageng e tiro ya rona e thibetsweng kwa go yone, a o raelesega go ba botsa gore tiro ya rona e dirwa jang kwa nageng eo? Gone ke boammaaruri gore o tla bo o sa botse ka maitlhomo a a sa siamang. Re rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona e bile re batla go itse gore go ntse go ya jang mo matshelong a bone. Gape re batla go itse gore fa re ba rapelela, re kope Jehofa gore a ba thuse jang. Le fa go ntse jalo, fa re na le bakaulengwe ba kwa dinageng tse tiro ya rona e thibetsweng kwa go tsone, ga re a tshwanela go nna re ba botsa dipotso tse dintsintsi. Fa re pateletsa mongwe gore a re bolelele kgang e e leng khupamarapa, re bontsha gore ga re mo rate e bile re bontsha gore ga re rate bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba nnang kwa nageng eo. Ga re batle go tsenya bakaulengwe le bokgaitsadi bano mo mathateng. Kafa letlhakoreng le lengwe, bakaulengwe ba ba nnang kwa dinageng tse tiro ya rona e thibetsweng kwa go tsone, ga ba ka ke ba bolelela ba bangwe gore tiro ya rona e dirwa jang kwa dinageng tseo.

13. Go ya ka Diane 11:13, bagolwane ba tshwanetse go dira eng mme ka ntlha yang?

13 Go botlhokwa gore bagolwane ba dirise kgakololo e e mo go Diane 11:13. Ba dira seo ka go sa imetse ba bangwe ka dikgang tse ba sa tlhokeng go di itse. (E bale.) Go ka nna thata gore mogolwane a dire jalo, segolobogolo fa a na le mosadi. Ke boammaaruri gore banyalani ba tshwanetse go bua ka sengwe le sengwe gore ba atamalane. Le fa go ntse jalo, mogolwane o a itse gore ga a tshwanela go bolelela mosadi wa gagwe dikgang tsa bakaulengwe le bokgaitsadi tse e leng khupamarama. Fa a ka dira jalo, ba bangwe ga ba kitla ba tlhola ba mo tshepa e bile o tla itiga seriti. Batho ba ba nang le maikarabelo mo phuthegong ga ba a tshwanela go nna “temepedi.” (1 Tim. 3:8) Seno se raya gore ba tshwanetse go ikanyega e bile ga a tshwanela go seba ba bangwe. Fa mogolwane a rata mosadi wa gagwe, ga a kitla a mo imetsa ka dikgang tse a sa tlhokeng go di itse.

14. Mosadi a ka thusa jang monna wa gagwe yo e leng mogolwane gore a nne le leina le lentle?

14 Mosadi a ka thusa monna wa gagwe gore a nne le leina le lentle ka go sa mo pateletse gore a mmolelele dikgang tse e a sa tshwanelang go bua ka tsone. Fa mosadi a dira seno, o tla bo a bontsha gore o tshegetsa monna wa gagwe, le gore o tlotla bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong. Sa botlhokwa le go feta, fa a dira jalo, Jehofa o tla itumela ka gonne o dira gore go nne le kagiso le kutlwano mo phuthegong.—Bar. 14:19.

JEHOFA O IKUTLWA JANG KA DILO TSE RE DI BUANG?

15. Jehofa o ne a ikutlwa jang ka dilo tse banna bangwe ba ileng ba di bua mme ka ntlha yang?

15 Re ka ithuta go le gontsi mo bukeng ya Jobe ka gore re tshwanetse go bua jang le gore re tshwanetse go bua leng. Fa Jobe a sena go diragalelwa ke dilo di le dintsi tse di utlwisang botlhoko, banna bangwe ba ile ba tla go mo gomotsa. Mme gone, ba ile ba nna nako e telele ba sa bue sepe. E ne e le Elifase, Biledade le Sofare. Le fa gone ba ile ba fetsa nako e e telele ba didimetse, se ba ileng ba se bua moragonyana, se bontsha gore ga ba a ka ba dirisa nako eo ba leka go bona gore ba ka thusa Jobe jang. Go na le moo, ba ne ba akanya ka gore ba ka bontsha jang gore Jobe o ne a dirile sengwe se se phoso. Dilo dingwe tse ba neng ba di bua di ne di le boammaaruri. Mme bontsi jwa dilo tse ba ileng ba di bua ka Jobe le ka Jehofa di ne di se boammaaruri e bile di ne di le botlhoko. Ba ile ba re Jobe ke motho yo o bosula (Jobe 32:1-3) Jehofa o ile a dirang? O ile a galefela banna bano. O ile a re ke dieleele a bo a ba raya a re ba kope Jobe gore a ba rapelele.—Jobe 42:7-9.

16. Re ka ithuta eng mo go se Elifase, Biledade le Sofare ba ileng ba se dira?

16 Re ithuta dilo di le mmalwa mo go se Elifase, Biledade le Sofare ba ileng ba se dira. Sa ntlha, ga re a tshwanela go atlhola ba bangwe. (Math. 7:1-5) Go na le moo, re tshwanetse go ba reetsa. Fa re dira jalo, re tla kgona go tlhaloganya mathata a ba lebaneng le one. (1 Pet. 3:8) Sa bobedi, fa re bua le bone, re tshwanetse go nna bonolo e bile re tshwanetse go tlhomamisa gore se re se buang se boammaaruri. (Baef. 4:25) Mo godimo ga moo, ga re a tshwanela go lebala gore tsela e re buang le ba bangwe ka yone e ka itumedisa Jehofa kgotsa e ka mo utlwisa botlhoko.

17. Re ka ithuta eng mo go se Elihu a ileng a se dira?

17 Elihu le ene o ile a etela Jobe. E ne e le wa losika lwa ga Aborahame. O ne a reeditse fa Jobe a ntse a bua le ditsala tsa gagwe. Go bonala a ne a ba reeditse ka kelotlhoko ka gonne o ile a kgona go thusa Jobe go baakanya tsela e a neng a akanya ka yone. (Jobe 33:1, 6, 17) Selo sa botlhokwa mo go Elihu e ne e le go tlotlomatsa Jehofa e seng ope gape. (Jobe 32:21, 22; 37:23, 24) Se Elihu a ileng a se dira se re ruta gore ka dinako tse dingwe, re tshwanetse go didimala le go reetsa. (Jak. 1:19) Gape re ithuta gore fa re tlhagisa ba bangwe, selo sa botlhokwa ke gore re tlotlomatse Jehofa.

18. Re ka bontsha jang gore re lebogela mpho e Jehofa a re neileng yone ya go bua?

18 Fa re dirisa kgakololo ya Baebele ya gore re bue jang le gore re bue leng, re tla bo re bontsha gore re lebogela mpho e Jehofa a re fileng yone ya go bua. Kgosi Solomone o ile a re: “Lefoko le le builweng ka nako e e le tshwanetseng le tshwana le diapole tsa gouta mo dilong tse di setilweng tsa selefera.” (Dia. 25:11) Fa re reetsa ba bangwe ka kelotlhoko e bile re akanya pele re bua, se re se buang se tla ba itumedisa. Fa re dira jalo, re tla kgothatsa ba bangwe, e bile re tla itumedisa Jehofa go sa kgathalesege gore a re bua thata kgotsa nnyaa. (Dia. 23:15; Baef. 4:29) Ga go na tsela epe e nngwe e e gaisang eno ya go bontsha gore re lebogela mpho e Jehofa a re e neileng!

O NE O KA ARABAJANG?

  • Re tshwanetse go bua leng?

  • Re tshwanetse go didimala leng?

  • O ithutileng eng mo bathong ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba go buiwang ka bone mo setlhogong seno?

PINA 82 “A Lesedi la Lona le Phatsime”

a Baebele e na le melaometheo e e re thusang go itse gore re tshwanetse go bua leng le gore re tshwanetse go didimala leng. Fa re dirisa melaometheo eno, tsela e re buang ka yone e tla itumedisa Jehofa.

b TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Kgaitsadi o tlhagisa kgaitsadi yo mongwe.

c TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Mokaulengwe yo mosha o kgothalediwa gore a phepafatse.

d TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Abigaile o ile a tlhopha nako e e siameng ya go bua le Dafide mme o ne a atlega.

e TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Banyalani ga ba bolelele ba bangwe gore tiro ya rona e dirwa jang kwa dinageng tse e thibetsweng kwa go tsone.

f TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Mogolwane o tlhomamisa gore ga go na ope yo o mo utlwang fa a bua ka dikgang tsa phuthego tse e leng khupamarama.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela