LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp21 no. 1 ts. 8-9
  • Goreng Modimo a sa Arabe Dithapelo Tsotlhe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Goreng Modimo a sa Arabe Dithapelo Tsotlhe?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2021
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Atamela Modimo ka Thapelo
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Tshiamelo ya thapelo
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Ke Dithapelo tsa Bomang Tse Di Arabiwang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Dithapelo Tse di Arabiwang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2021
wp21 no. 1 ts. 8-9

Goreng Modimo a sa Arabe Dithapelo Tsotlhe?

Raarona yo o kwa magodimong Jehofa, o iketleeleditse go reetsa dithapelo tsa rona. Mme gone, Modimo ga a arabe dithapelo tsotlhe. Goreng Modimo a sa arabe dithapelo tsotlhe, mme re tshwanetse go nna re gopotse eng fa re rapela? Ela tlhoko se Baebele e se rutang.

Batho kwa kerekeng ba bala thapelo mo bukeng.

“Fa o rapela, o se ka wa boaboeletsa dilo di le dingwe.”​—Mathaio 6:7.

Jehofa ga a batle gore re boaboeletse dithapelo tse re di tshwareletseng ka tlhogo kgotsa re balele kwa godimo dithapelo tse di mo bukeng nngwe. Go na le moo, o batla gore re mmolelele gore re ikutlwa jang. O ne o ka ikutlwa jang fa tsala ya gago e go bolelela selo se le sengwe letsatsi le letsatsi? Ditsala di bua ka sengwe le sengwe e bile ga di fitlhelane sepe. Ka jalo, fa re rapela re dirisa mafoko a rona, seo se bontsha gore re tsaya Modimo e le tsala ya rona.

Monna o tshwere tekete ya lotto lebile o lebile kwa godimo

“Ruri lo a kopa, mme le fa go ntse jalo ga lo amogele, ka gonne lo kopa ka boikaelelo jo bo sa siamang.”​—Jakobe 4:3.

Re ka se lebelele gore Modimo a arabe dithapelo tsa rona fa re mo kopa dilo tse a sa di rateng. Ka sekai, fa motho a betšha a bo a kopa Modimo gore a mo neye lesego, a thapelo ya gagwe e tla arabiwa? Modimo o re bolelela ka tlhamalalo gore ga a batle gore re nne batho ba ba bogagaru le gore ga a batle gore re dumele mo dilong tse di jaaka lesego. (Isaia 65:11; Luke 12:15) Ga re a tshwanela go akanya gore Jehofa a ka araba dithapelo tse di ntseng jalo! Modimo a ka araba dithapelo tsa rona fa fela di dumalana le se Baebele e se rutang.

Moruti o rapelela masole.

“Yo o faposang tsebe ya gagwe mo go utlweng molao—le thapelo ya gagwe ke selo se se makgapha.”​—Diane 28:9.

Bogologolo mo metlheng ya Baebele, Modimo o ne a sa arabe dithapelo tsa batho ba ba neng ba sa ikobele melao ya gagwe. (Isaia 1:15, 16) Modimo ga a ise a fetoge. (Malaki 3:6) Fa re batla gore Modimo a arabe dithapelo tsa rona, re tshwanetse go ikobela melao ya gagwe. Go tweng fa e le gore re kile ra dira diphoso? A seno se raya gore Jehofa ga a na go reetsa dithapelo tsa rona? Nnyaa! Modimo o tla re itshwarela fa re ikwatlhaya re bo re dira se re ka se kgonang go mo itumedisa.​—Ditiro 3:19.

“Yo o atamelang Modimo o tshwanetse go dumela gore o gone le gore o nna moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.”​—Bahebera 11:6.

Mosadi o bala Baebele.

Ga re a tshwenela go rapela fela ka gonne re batla go ikutlwa botoka fa re na le seterese. Re rapela ka gonne re dumela mo Modimong, re mo tshepa, re mo tlotla e bile re mo rata. Baebele ya re: Fa o sa “kope ka tumelo,” ga o a tshwanela go tsaya gore “o tla amogela sengwe mo go Jehofa.” (Jakobe 1:6, 7) Fa re batla go dumela mo Modimong, re tshwanetse go tsaya matsapa a go ithuta ka ene mo Baebeleng. Go dira jalo, go tla dira gore re tshepe Jehofa le gore re mo rapele ka metlha.

O SE KA WA INEELA!

Le fa Modimo a sa arabe dithapelo tsotlhe, o a di utlwa a bo a araba fela tsa batho ba ba mo ikobelang. Setlhogo se se latelang se tla re bontsha gore Baebele ya re ke eng se re tshwanetseng go se dira gore Modimo a arabe dithapelo tsa rona.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela