LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp21 no. 1 ts. 10-13
  • O ka Rapela Jang Gore Modimo a Utlwe Dithapelo Tsa Gago?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ka Rapela Jang Gore Modimo a Utlwe Dithapelo Tsa Gago?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2021
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • RAPELA JEHOFA O DIRISA LEINA LA GA JESU
  • BUA SE SE MO PELONG
  • RAPELA KAFA THATONG YA MODIMO
  • RE KA RAPELELA ENG?
  • TSWELELA O RAPELA
  • Thapelo e ka Nonotsha Botsala Jwa Gago le Modimo
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Tshiamelo ya thapelo
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Go Atamela Modimo ka Thapelo
    Modimo o Batla Gore re Direng?
  • Atamela Modimo ka Thapelo
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2021
wp21 no. 1 ts. 10-13

O ka Rapela Jang Gore Modimo a Utlwe Dithapelo Tsa Gago?

Jehofa Modimo ke “Moutlwi wa thapelo.” (Pesalema 65:2) Re ka bua le ene nako nngwe le nngwe, gongwe le gongwe. Jehofa o batla gore re mmitse Rre ka gonne ke “Rraarona” yo o re ratang. (Mathaio 6:9) Jehofa o re ruta gore re ka rapela jang gore a tle a utlwe dithapelo tsa rona.

RAPELA JEHOFA O DIRISA LEINA LA GA JESU

“Fa lo kopa sengwe mo go Rara o tla se lo naya ka leina la me.”​—Johane 16:23.

Temana eno e bontsha gore Jehofa o batla gore re mo rapele re dirisa leina la ga Jesu Keresete, e seng ditshwantsho, baengele kgotsa batho ba ba tlhokafetseng. Fa re rapela Modimo re dirisa leina la ga Jesu Keresete, re bontsha gore re tlhaloganya gore Modimo o utlwa dithapelo tsa rona ka ntlha ya se Jesu a re diretseng sone. Jesu a re: “Ga go na ope yo o tlang kwa go Rara fa e se ka nna.”​—Johane 14:6.

BUA SE SE MO PELONG

“Tshololelang pelo ya lona fa pele ga gagwe.”​—Pesalema 62:8.

Fa re rapela re tshwanetse go bua jaaka e kete re bua le rraarona yo o re ratang. Ga re a tshwanela go mo rapela re bala mo dibukeng kgotsa re bua dithapelo tse re di tshwareletseng ka tlhogo, go na le moo re tshwanetse go bua le ene ka tlotlo re mmolelela se se mo pelong.

RAPELA KAFA THATONG YA MODIMO

“Go sa kgathalesege gore ke eng se re se kopang kafa thatong ya gagwe, o a re utlwa.”​—1 Johane 5:14.

Fa re bala Baebele re bona se Jehofa a tlileng go se re direla, le se a batlang gore rona re se mo direle. Fa re batla gore Modimo a arabe dithapelo tsa rona, re tshwanetse go mo rapela “kafa thatong ya gagwe.” Ka jalo, re tshwanetse go bala Baebele gore re tle re itse se a se batlang. Fa re dira jalo, Modimo o tla araba dithapelo tsa rona.

RE KA RAPELELA ENG?

Lelapa le a rapela pele le ja.

Rapelela Dilo Tse o di Tlhokang. Re ka rapelela dilo tse re di tlhokang letsatsi le letsatsi, jaaka dijo, diaparo kgotsa kwa re ka nnang teng. Re ka rapelela botlhale gore re kgone go dira ditshwetso tse di siameng le maatla a gore re kgone go itshokela mathata. Gape re ka rapela gore Modimo a re thuse gore re nne le tumelo, le gore re kgone go itshwarela ba bangwe.​—Luke 11:3, 4, 13; Jakobe 1:5, 17.

Monna a rapela le mosadi wa gagwe kwa sepetlele.

Rapelela ba Bangwe. Batsadi ba a itumela fa ba bona bana ba bone ba ratana. Jehofa le ene ka tsela e e tshwanang o a itumela fa a bona bana ba gagwe ba ratana. Re ka rapelela batho ba re nyalaneng le bone, bana ba rona, ba malapa le ditsala. Morutwa Jakobe o ne a re: “Lo rapelelane.”​—Jakobe 5:16.

Monna a tsamaya mo tshimong a lebile letsatsi le tikela.

Leboga Modimo. Baebele ya re: “A dira molemo, a lo naya dipula go tswa legodimong le dipaka tsa maungo, a tlatsa dipelo tsa lona ka botlalo ka dijo le boitumelo jo bogolo.” (Ditiro 14:17) Fa re akanya ka dilo tse Mmopi wa rona a re diretseng tsone, seo se tla dira gore re mo leboge. Gape re bontsha Modimo gore re a mo leboga ka go mo ikobela.​—Bakolosa 3:15.

TSWELELA O RAPELA

Ka dinako dingwe re ka utlwisiwa botlhoko ke gore dithapelo tsa rona ga di arabiwe ka bonako. A seo se raya gore Modimo ga a re rate? Nnyaa! A re bone dikai tse di re bontshang gore re tshwanetse go tswelela re rapela.

Steve yo re buileng ka ene a re: “Fa e ne e se ka thapelo nkabo ke setse ke itlhobogile ka botshelo.” Ke eng se se mo thusitseng gore a tswelele a rapela? O ne a simolola go bala Baebele a bo a ithuta botlhokwa jwa thapelo. Fa Steve a rapela, o leboga Modimo ka tshegetso yotlhe e ditsala tsa gagwe di mo neileng yone. Gape a re: “Ke itumetse go feta le eleng pele.”

Go ile ga diragala eng ka Jenny, yo o neng a ikutlwa e kete dithapelo tsa gagwe ga di tshwanelege go arabiwa ke Modimo? A re: “Fa ke ne ke ikutlwa ke se motho wa sepe ke ne ke rapela Modimo ke mo kopa gore a nthuse go tlhaloganya tsela e ke neng ke ikutlwa ka yone.” Seo se mo thusitse jang? “Go bua le Modimo go dirile gore ke kgone go tlhaloganya gore le fa pelo ya me e nkatlhola ka diphoso tse ke di dirileng, ene ga a nkatlhole. Gape go rapela go nthusitse gore ke se ka ka ineela.” Thapelo e mo thusitse jang? “Go rapela go nthusitse go bona gore Jehofa ke Modimo yo o lorato, Rre, Tsala e nka e tshepang, le gore o tla tswelela a nthusa fa ke dira se a se ratang.”

Isabel a na le monna wa gagwe le ngwana wa gagwe.

Isabel a re fa a bona ngwana wa gagwe a itumelela botshelo le fa gone a na le bogole, o lemoga gore Modimo o arabile dithapelo tsa gagwe ka tsela e kgolo

A o sa ntse o gopola Isabel yo re tlotlileng ka ene? Fa a ne a imile, dingaka di ne tsa mmolelela gore ngwana wa gagwe o tlile go tsholwa a na le bogole. Seo se ne sa mo utlwisa botlhoko fela thata. Bangwe ba ne ba mo kgothaletsa gore a senye mpa. “Ke ne ke ikutlwa e kete ke tlile go bolawa ke kutlobotlhoko.” O ne a dira eng? A re: “Ke ne ka rapela Modimo gore a ntshegetse.” O ne a tshola ngwana a bo a mmitsa Gerald, mme o ne a golafetse. A Isabel o ikutlwa e kete Modimo o arabile dithapelo tsa gagwe? Ee! Goreng a ikutlwa jalo? A re: “Fa ke bona ngwanake yo jaanong a nang le dingwaga di le 14 a itumelela botshelo, le fa gone a na le bogole, ke lemoga gore Jehofa o arabile dithapelo tsa me le gore ngwanake ke mpho e kgolo e Jehofa a mphileng yone.”

Se batho bano ba se buileng se re gopotsa mafoko a mopesalema a a reng: “O tla utlwa keletso ya ba ba pelonolo, wena Jehofa. O tla baakanya pelo ya bone. O tla tlhwaya tsebe ya gago.” (Pesalema 10:17) Re na le mabaka a go tswelela re rapela!

Baebele e na le dithapelo di le dintsi tse Jesu a neng a di rapela. Thapelo e e itsegeng thata ke e a ileng a e ruta barutwa ba gagwe. Re ka ithuta eng mo go yone?

Ithute mo Thapelong ya Morena

Batho ba reeditse Jesu fa a ntse a neela Thero ya kwa Thabeng.

Mo Therong ya kwa Thabeng ya Lotlhware, Jesu o ile a ruta balatedi ba gagwe go rapela, mme thapelo eo e bidiwa Thapelo ya Morena. (Mathaio 6:9-13; bona le Luke 11:2-4) Batho ba le bantsi ba tshwareletse thapelo eno ka tlhogo, mme ba nna ba e boeletsa fa ba rapela. A Jesu o ne a batla gore batho ba boaboeletse thapelo eno? Nnyaa, ka gonne pelenyana Jesu o ile a ruta balatedi ba gagwe gore fa ba rapela ba se ka ba boaboeletsa dilo di le dingwe. (Mathaio 6:7) Jesu o ile a ruta balatedi ba gagwe gore ba rapele jang, le gore ba rapelele eng. A re bone gore re ka ithuta eng mo thapelong eno.

“Rraarona yo o kwa magodimong”

  • Re tshwanetse go rapela Modimo fela.

“A leina la gago le itshepisiwe”

  • Leina la Modimo, Jehofa le boitshepo gape le tshwanetse go tlotliwa.

“A Bogosi jwa gago bo tle”

  • Bogosi Jwa Modimo ke puso e e kwa magodimong jo Kgosi ya jone e leng Jesu Keresete mme mo nakong e e sa fediseng pelo, Bogosi joo bo tla busa mo lefatsheng lotlhe.

“A thato ya gago e diragale mo lefatsheng jaaka kwa legodimong”

  • Thato ya Modimo ke gore batho ba tshele mo lefatsheng ka kagiso go se na sepe se ba se tshabang.

“Re fe gompieno senkgwe sa rona sa letsatsi leno”

  • Jehofa ke ene a re tlamelang ka dilo tse re di tlhokang.

“Re itshwarele melato ya rona”

  • Rotlhe re dira diphoso, ka jalo re tlhoka gore Modimo a re itshwarele.

Fa re nna re gopotse dintlha tseno, re tla kgona go rapela ka tsela e e itumedisang Modimo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela