LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp21 no. 3 ts. 15
  • O ka Kgona go Itlhophela Bokamoso Jwa Gago

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ka Kgona go Itlhophela Bokamoso Jwa Gago
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2021
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • RE KA RATA JEHOFA JANG RE BO RE MO REETSA?
  • Tshwetso ke ya Gago!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2018
  • O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2019
  • “Basiami ba Tla Rua Lefatshe”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2018
  • Matseno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2021
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2021
wp21 no. 3 ts. 15
Monna o bontsha tsala ya gagwe sengwe mo founong.

O ka Kgona go Itlhophela Bokamoso Jwa Gago

Dingwaga di feta 3 500 tse di fetileng, Jehofa o ne a bolelela batho ba ba neng ba mo obamela gore ba tshwanetse go dira eng gore ba nne le bokamoso jo bo itumedisang. O ne a re: “Ke beile fa pele ga lona botshelo le loso, tshegofatso le phutso; mme lo tshwanetse go tlhopha botshelo gore lo tshele, lona le ditlogolwana tsa lona.”​—Duteronome 30:19.

Gore batho bao ba nne le bokamoso jo bo itumedisang, ba ne ba tshwanetse go dira ditshwetso tse di siameng. Le gompieno go ntse fela jalo. Baebele e re bolelela gore re ka nna le bokamoso jo bo itumedisang fa re “rata Jehofa, Modimo  . . , ka go reetsa lentswe la gagwe.”​—Duteronome 30:20.

RE KA RATA JEHOFA JANG RE BO RE MO REETSA?

ITHUTE GORE BAEBELE E A RENG: Gore o rate Jehofa o tshwanetse go ithuta ka ene pele mo Baebeleng. Fa o ntse o ithuta ka ene o tla lemoga gore ke Modimo yo o lorato le gore o go batlela dilo tse di molemo. O kopa gore o mo rapele ‘ka gonne o a go kgathalela.’ (1 Petere 5:7) Baebele e re solofetsa gore fa re dira maiteko a go atamalana le Modimo, ‘o tla re atamela.’​—Jakobe 4:8.

DIRISA SE O SE ITHUTANG: Go reetsa Modimo go kaya go dira se a reng re se dire mo Baebeleng. Fa o dira jalo, “tsela ya gago e tla atlega e bile o tla dira ka botlhale.”​—Joshua 1:8.

Fa o batla go ithuta mo go oketsegileng ya kwa websaeteng ya jw.org. Fa o le mo go yone o ka kgona go bala Baebele, go bona dikarabo dingwe tsa dipotso tsa Baebele gape o ka kgona go kopa gore mongwe a tle go ithuta Baebele le wena.

Letla Baebele gore e go kaele gone jaanong gore o nne le bokamoso jo bo itumedisang!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela