LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w21 October ts. 29-31
  • 1921—Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • 1921—Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • BARERI BA BA PELOKGALE
  • GO ITHUTA O LE NOSI LE THUTO YA LELAPA
  • BUKA E NTŠHA!
  • TIRO E E LARILENG KWA PELE
  • Jehofa O a Re Segofatsa fa re Dira Se a Se Kopang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • 1922—Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Ditshwetso Tse di Lereng Boitumelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Go Rera Phatlalatsa le ka Ntlo le Ntlo
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
w21 October ts. 29-31

1921 Dingwaga Di Le Lekgolo Tse Di Fetileng

MAKASINE wa Tora ya Tebelo wa Seesemane wa January 1, 1921 o ne wa botsa Baithuti ba Baebele potso eno: “Ke tiro efe e re ka lebang pele go e dira monongwaga?” Go tswa foo, o ne wa araba potso eo ka go nopola Isaia 61:1, 2, e e neng e ba gopotsa ka tiro ya bone ya go rera. Ditemana tseo tsa re: “Jehofa o ne a ntlotsa gore ke bolelele ba ba pelonolo dikgang tse di molemo . . . , ke itsise ka ngwaga wa fa Jehofa a tla bo a amogela batho le ka letsatsi la pusoloso la Modimo wa rona.”

BARERI BA BA PELOKGALE

Gore Baithuti ba Baebele ba kgone go rera, ba ne ba tlhoka go nna pelokgale. Ba ne ba tla tshwanelwa ke go bolelela ba ba pelonolo “dikgang tse di molemo” le go bolelela ba ba bosula “letsatsi la pusoloso.”

Mokaulengwe J. H. Hoskin yo a neng a nna kwa Canada o ne a rera ka bopelokgale le fa a ne a ganediwa. Ka 1921, o ne a kopana le moruti wa Methodist. Mokaulengwe Hoskin o ne a simolola motlotlo wa bone jaana: “Re tshwanetse go nna le metlotlo e e monate ya Baebele. Tota le fa re sa dumalane ka dilo dingwe, re sa ntse re ka fetsa motlotlo wa rona ka kagiso mme re tswelele re le ditsala.” Seo ga se a ka sa direga. Mokaulengwe Hoskin o ne a re: “Re ne ra tlotla metsotso e sekaenyana fela mme moruti yoo o ne a itaaganya lebati thata jaana mo ke neng ke akanya gore galase ya lone e tla thubega.”

Moruti yoo o ne a goa a re: “Goreng o sa ye go rerela baheitane?” Mokaulengwe Hoskin o ne a itshwara, a bo a buela mo pelong a re: ‘Ke ne ke ithaya ke re ke bua le mongwe wa bone!’

Mo letsatsing le le latelang, fa moruti yoo a rera kwa kerekeng ya gagwe, o ne a bua dilo tse di seng boammaaruri ka Mokaulengwe Hoskin. Mokaulengwe Hoskin a re: “Moruti yoo o ne a bolelela batho gore ke moaki yo o ba gaisang botlhe mo motseng e bile ke tshwanetse go bolawa.” Le fa go ntse jalo, seo ga se a ka sa thibela Mokaulengwe Hoskin gore a tswelele a rera le go bua le batho ba bangwe ba bantsi. O ne a re: “Ruri ke ne ke itumelela go rera, e bile batho bangwe ba ne ba ithaopela go nnaya dilo tse ke neng ke di tlhoka, ba ne ba re, ‘Re a itse gore o dira tiro ya Modimo!’”

GO ITHUTA O LE NOSI LE THUTO YA LELAPA

Gore Baithuti ba Baebele ba thuse batho go tlhaloganya Baebele botoka ba ne ba gatisa dipotso tsa Baebele le dikarabo tsa tsone mo makasineng wa The Golden Age o gone jaanong o bidiwang Tsogang! Makasine oo o ne o na le dipotso tsa Baebele tsa basha tse batsadi ba neng ba ka di dirisa go tlotla le bana ba bone. Batsadi ba ne ba tshwanetse go botsa bana ba bone dipotso tseo ba bo ba ba thusa go bona dikarabo tsa tsone mo Baebeleng. Dipotso tse di jaaka, “Baebele e na le dibuka tse kae?,” di ne di ba ruta dilo tse di sa raraanang ka Baebele. Mme tse di jaaka, “A Mokeresete mongwe le mongwe wa boammaaruri o tshwanetse go lebelela gore a bogisiwe ka tsela nngwe?,” di ne di thusa basha gore ba rere ba le pelokgale.

Gape go ne go na le dipotso tse di neng di diretswe batho ba ba neng ba setse ba na le kitso ka Baebele mme dikarabo di ne di bonwa mo bukeng ya Studies in the Scriptures. Batho ba le bantsi ba ne ba solegelwa molemo ke dithulaganyo tseo. Le fa go ntse jalo, makasine wa The Golden Age wa December 21, 1921, o ne wa itsise gore dithulaganyo tseno tsotlhe di ne di tla emisiwa. Goreng go ne go dirwa phetogo eo?

BUKA E NTŠHA!

Buka ya The Harp of God

Karata e e bontshang moithuti fa a tla balang gone

Dikarata tsa dipotso

Bakaulengwe ba ba eteletseng pele ba ne ba lemoga gore batho ba tshwanetse go ithuta Baebele ka tsela e e rulaganeng sentle. Ka jalo, ka November 1921 go ne ga gololwa buka ya The Harp of God. Batho ba ba kgatlhegang ba ba neng ba amogela buka eno, ba ne ba simolola go ithuta ba le nosi. Thuto eno e ne e ba ruta gore Modimo o ikaeletse go naya batho botshelo jo bo sa khutleng. Ba ne ba ithuta jang?

Fa motho a amogela buka, o ne a fitlhela go tsentswe karata e nnye e e neng e mmolelela gore a bale ditsebe dife mo bukeng eo. Mo bekeng e e latelang, o ne a romelelwa karata e e nang le dipotso di le mmalwa malebana le se a se badileng. Kwa bofelong jwa karata eo, go ne go kwadilwe gore o tshwanetse go bala fa kae mo bekeng e e latelang.

Beke le beke, ka dibeke di le 12, phuthego e e gaufi e ne e romelela mothuti yoo karata. Gantsi dikarata tseo di ne di romelwa ke bagodi le ba bangwe mo phuthegong ba ba neng ba sa kgone go rera ka ntlo le ntlo. Ka sekai, Anna K. Gardner wa kwa Millvale, Pennsylvania, U.S.A., o ne a re: “Fa buka ya The Harp of God e sena go gololwa, nkgonne yo o neng a sa kgone go tsamaya e bong Thayle, o ne a na le tiro e ntsi ya go romela dikarata tsa dipotso beke le beke.” Fa motho a sena go fetsa buka eo, mongwe mo phuthegong o ne a mo etela gore a mo thuse go tlhaloganya Baebele botoka.

Thayle Gardner a le mo wheelchair

TIRO E E LARILENG KWA PELE

Fa ngwaga o fela, Mokaulengwe J. F. Rutherford o ile a romelela diphuthego tsotlhe makwalo. Mo go one o ne a re: “Monongwaga tiro ya go rera ka Bogosi e fitlheletse batho ba le bantsi thata go feta mo dingwageng tse di fetileng.” Go tswa foo, o ne a re: “Go sa ntse go na le tiro e ntsi e e tshwanetseng go dirwa. Kgothaletsang ba bangwe gore le bone ba nne le seabe mo tirong eno e e kgatlhang.” Go bonala sentle gore Baithuti ba Baebele ba ne ba dira se a neng a re ba se dire. Ka 1922, ba ne ba rera ka Bogosi ba le pelokgale go feta pele.

Ditsala Tse di Pelokgale

Baithuti ba Baebele ba ne ba thusana go bontsha gore ba a ratana. Jaaka re tla bona mo pegong e e latelang, e ne e le ditsala tse di pelokgale ‘tse go ka ikaegwang ka tsone ka dinako tsa matshwenyego.’—Diane 17:17.

Ka Labobedi ka di31 tsa May, 1921, monna mongwe wa montsho yo o nnang kwa toropong ya Tulsa, kwa Oklahoma, U.S.A., o ne a tsenngwa mo kgolegelong ka gonne a latofadiwa ka gore o tlhasetse mosadi mongwe wa mosweu. Morago ga moo, banna ba feta 1 000 ba basweu ba ne ba ya go lwantsha setlhotshwana sa banna ba bantsho. Ntwa eo e ne ya anama ka bonako kwa motseng o go neng go nna bantsho kwa go one o o bidiwang Greenwood. Matlo le dikgwebo di feta 1 400 di ne tsa kgothosiwa tsa bo tsa fisiwa. Le fa dipego di re go sule batho ba le 36, go ka tswa go sule batho ba ka nna 300. Moragonyana tiragalo eo e ne ya bidiwa Tulsa Race Massacre.

Mokaulengwe Richard J. Hill, yo e neng e le Moithuti wa Baebele wa montsho e bile a nna kwa Greenwood o tlhalosa se se neng sa diragala, a re: “Tiragalo eo e simologile maitseboa re le kwa dipokanong. Fa dipokano di tswa, re ne ra utlwa modumo wa ditlhobolo mo toropong ya Tulsa. Re ile ra ya go robala modumo oo o ntse o tsweletse.” Ka Laboraro ka di1 tsa June mo mosong, maemo a ne a le maswe le go feta. “Batho bangwe ba ne ba tla mme ba re bolelela gore fa e le gore re batla go sireletsega re tshwanetse go ya kwa kagong nngwe ya puso e e mo toropong, ka yone nako eo.” Ka jalo, Mokaulengwe Hill, le mosadi wa gagwe le bana ba bone ba batlhano, ba ne ba tshabela kwa kagong eo. Go ne go na le banna le basadi ba bantsho ba feta 3 000 kwa lefelong leo ba ba neng ba sireleditswe ke masole a a neng a rometswe ke puso gore a emise dikhuduego tseo.

Ka yone nako eo, Mokaulengwe Arthur Claus wa mosweu o ne a dira tshwetso e e bontshang bopelokgale. A re: “Fa ke utlwa gore batho ba kgothosa matlo e bile ba a fisa kwa Greenwood ke ne ka dira tshwetso ya gore ke ye teng go bona gore a tsala ya me e bong Mokaulengwe Hill o siame.”

Fa a goroga kwa ntlong ya ga Mokaulengwe Hill o ne a kopana le moagelani mongwe wa mosweu a tshwere tlhobolo. Moagelani yoo, yo le ene e neng e le tsala ya ga Mokaulengwe Hill o ne a akanya gore Arthur ke mongwe wa batho ba ba senyang. O ne a goa a re: “O batlang mono?”

Arthur a re: “A ka bo a nthuntshitse fa nkabo ke sa mo naya karabo e e mo kgotsofatsang. Ke ne ka mo tlhomamisetsa gore ke tsala ya ga Mokaulengwe Hill le gore ke tlile mo ntlong ya gagwe ka makgetlo a le mantsi.” Arthur le moagelani yoo ba ne ba kgona go sireletsa legae la ga Mokaulengwe Hill gore le se ka la kgothosiwa.

Mokaulengwe Arthur Claus o ne a ruta bana ba le 14 a dirisa buka ya The Harp of God

Go ise go ye kae, Arthur o ile a lemoga gore Mokaulengwe Hill le lelapa la gagwe ba ne ba le kwa kagong ya puso. Arthur o ne a bolelelwa gore batho ba bantsho ba ne ba sa letlelelwe gore ba tswe mo lefelong leo fa ba se na setlankana se se saennweng ke General Barrett yo a neng a ikarabelela ka lefelo leo. Arthur a re: “Go ne go se motlhofo go kopana le molaodi yoo. Fa ke ne ke mmolelela gore ke batla go tsamaya le lelapa leo o ne a re: ‘A o tla kgona go ba tlhokomela le go ba naya dilo tse ba di tlhokang?’ Ke ne ka mo araba ke itumetse gore ke tla ba tlhokomela.”

Fa Arthur a sena go amogela setlankana seo, o ne a itlhaganelela kwa kagong ya puso. O ne a se naya motlhokomedi yo o neng a re: “Se saennwe ke molaodi ka boene! A o a itse gore ke wena motho wa ntlha go ntsha motho mo lefelong leno gompieno?” Go ise go ye kae, Arthur le motlhokomedi yoo ba ne ba bona Mokaulengwe Hill le ba lelapa la gagwe. Ba lelapa la ga Mokaulengwe Hill ba ne ba tsena botlhe mo koloing ya ga Arthur ba bo ba ya gae le ene.

“Re ne re sa itseye re le botlhokwa go feta batlhanka ba bangwe ba Modimo”

Mokaulengwe Claus o ne a tlhomamisa gore Mokaulengwe Hill le ba lelapa la gagwe ba sireletsegile. Batho bangwe ba ne ba kgatlhiwa ke tsela e Mokaulengwe Claus a neng a le pelokgale ka yone le e a neng a rata bakaulengwe ba gagwe ka yone. Arthur o ne a re: “Moagelani yo o neng a nthusa go sireletsa ntlo ya ga Mokaulengwe Hill o ne a tlotla Basupi ba ga Jehofa le go feta. Batho ba ne ba simolola go kgatlhegela boammaaruri ka gonne ba ne ba bona gore ga re a kgaoganngwa ke lotso le gore re ne re sa itseye re le botlhokwa go feta batlhanka ba bangwe ba Modimo.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela