A O Ne O Itse?
A Moredekai e ne e le motho wa mmatota?
MOJUDA mongwe yo o bidiwang Moredekai o nnile le seabe se segolo mo ditiragalong tsa botlhokwa tsa buka ya Baebele ya Esethere. E ne e le Mojuda yo o isitsweng botshwarwa yo o neng a bereka kwa ntlong ya segosi ya Peresia. Seo se diragetse mo masimologong a lekgolo la botlhano la dingwaga B.C.E. “mo motlheng wa ga [Kgosi] Ahasueruse.” (Gompieno batho ba le bantsi ba dumela gore kgosi eo e ne e le Xerxes I.) Moredekai o ne a senola leano la batho ba ba neng ba batla go bolaya kgosi. E re ka kgosi a ne a lebogela se Moredekai a se dirileng, o ne a laela gore a tlotliwe phatlalatsa. Moragonyana fa Hamane yo a neng a sa rate Moredekai le Bajuda ba bangwe a sena go swa, kgosi e ne ya dira Moredekai tonakgolo. Maemo ao a ne a mo thusa go ntsha taelo ya gore Bajuda botlhe ba ba neng ba nna mo Mmusomogolong wa Peresia ba se ka ba bolawa.—Eseth. 1:1; 2:5, 21-23; 8:1, 2; 9:16.
Baitsehisitori bangwe ba mo masimologong a lekgolo la bo20 la dingwaga, ba re buka ya Esethere ke tlhamane fela e bile Moredekai ga se motho wa mmatota. Le fa go ntse jalo, ka 1941, baithutamarope ba ne ba fitlhela bosupi jo bo bontshang gore se Baebele e se buang ka Moredekai se boammaaruri. Ba fitlhetse eng?
Babatlisisi ba fitlhetse mokwalo wa cuneiform wa Seperesia o o umakang leina la monna mongwe yo o bidiwang Marduka (Ka Setswana, Moredekai). E ne e le motsamaisi, gongwe e le akhaontente kwa Shushane. Ka nako ya fa mokwalo oo o bonwa, Authur Ungnad yo e leng moitsehisitori wa lefelo leo o ne a kwala gore leno e ne e le lekgetlo la ntlha Moredekai a umakiwa mo mokwalong o e seng wa Baebele.
Fa e sa le go tloga ka pego eo ya ga Ungnad, baithuti bangwe ba Baebele ba ne ba ranola mekwalo e mentsi ya cuneiform ya Seperesia. Mengwe ya mekwalo eo, e ne e le mo dikwalelong tse dinnye tsa letsopa tse di fitlhetsweng mo maropeng a motse wa Persepolis mo karolong e e neng e le Bobolokelamatlotlo e e gaufi le dipota tsa motse oo. Dikwalelo tseno ke tsa nako ya fa go ne go busa Xerxes I. Di kwadilwe ka puo ya Se-Elame e bile di na le maina a mantsi a go buiwang ka one mo bukeng ya Esethere.a
Leina Moredekai (Marduka) jaaka le tlhaga mo mokwalong wa cuneiform wa Seperesia
Dikwalelo di le mmalwa tsa kwa Persepolis di umaka leina la ga Marduka yo e neng e le mokwaledi wa kgosi kwa ntlong ya segosi kwa Shushane fa go ne go busa Xerxes I. Sekwalelo sengwe sa re Marduka e ne e le moranodi. Dintlha tseo di tshwanela Moredekai yo go buiwang ka ene mo Baebeleng. E ne e le modiredimogolo yo o neng a direla Kgosi Ahasueruse (Xerxes I) e bile o ne a bua dipuo di le pedi. Letsatsi le letsatsi Moredekai o ne a nna kwa kgorong ya kgosi e e neng e le kwa ntlong ya segosi kwa Shushane. (Eseth. 2:19, 21; 3:3) Kgoro eno e ne e le kago e kgolo e badiredibagolo ba segosi ba neng ba bereka kwa go yone.
Go na le dilo tse di kgatlhang tse Marduka yo go buiwang ka ene mo dikwalelong a tshwanang ka tsone le Moredekai yo go buiwang ka ene mo Baebeleng. Ba ne ba tshela ka nako e le nngwe le kwa lefelong le le lengwe e bile e le badiredibagolo ba ba dirang tiro e e tshwanang. Dintlha tseno tsotlhe di bontsha gore Marduka yo baithutamarope ba buang ka ene, ke Moredekai yo o umakiwang mo bukeng ya Esethere.
a Ka 1992, Porofesa Edwin M. Yamauchi, o ne a kwala setlhogo se se nang le maina a le lesome a a mo mokwalong wa kwa Persepolis a a fitlhelwang mo bukeng ya Esethere.