LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w23 November ts. 31
  • Hulda o Fitlhelela Mokgele wa Gagwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Hulda o Fitlhelela Mokgele wa Gagwe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Rasiti e e Dumalanang le Rekoto ya Baebele
    Tsogang!—2009
  • Laeborari e o Kgonang go Tsamaya ka Yone
    Kafa Meneelo e Dirisiwang ka Gone
  • Go Itsise Bogosi Jwa Modimo Kwa Ditlhaketlhakeng Tsa Fiji
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • “Ga ke Ise ke Tsamaye ke Ratwe Jaana”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
w23 November ts. 31

Hulda o Fitlhelela Mokgele wa Gagwe

KWA Indonesia go na le bokgaitsadi ba bararo ba ba nnang kwa setlhaketlhakeng se sennye sa Sangir Besar. Mo lefelong leo ba itsege ka go thusa batho go tlhaloganya Baebele. Mme mo dingwageng tse di fetileng, go ne go na le tiro e nngwe gape e ba neng ba e dira mo lotshitshing. Tiro eo ke efe?

Mmapa o o bontshang Indonesia le dinaga tse di gaufi le yone. Setshwantsho se sengwe se bontsha setlhaketlhake se sennye sa Sangir Besar.

Setlhaketlhake sa Sangir Besar kwa Indonesia

Ba ne ba tsena mo lewatleng ba batla maje a a bokete, ba bo ba a ntshetsa mo lotshitshing. Maje mangwe a ne a lekana le kgwele ya dinao. Go tswa foo, ba ne ba nna mo ditulong tse di dirilweng ka logong, ba bo ba thuba maje ao ka dihamore gore a sale a le mannye. Fa ba fetsa, ba ne ba a tsenya mo dikgamelong ba bo ba a isa kwa ba nnang gone. Go tswa foo, ba a tsenya mo dikgetsing tse ditona a bo a tsenngwa mo terakeng. Maje ao a ne a dirisediwa go dira tsela.

Hulda a sela maje mo lotshitshing

Mongwe wa bokgaitsadi bao ke Hulda. O ne a kgona go dira tiro eno lobaka lo loleele go feta bokgaitsadi ba bangwe. Gantsi o ne a dirisa madi a a neng a a newa fa a sena go rekisa maje ao, go rekela ba lelapa la gagwe dilo tse ba di tlhokang. Le fa go ntse jalo, o ne a ipeetse mokgele o mongwe. O ne a batla go reka thabolete gore a kgone go tsena mo JW Library®. O ne a itse gore dibidio le dilo tse dingwe tse di mo go yone di tla mo thusa fa a rera le fa a ithuta Baebele.

Go ile ga feta kgwedi le halofo Hulda a bereka diura di le pedi tse di oketsegileng letsatsi le letsatsi. O ne a thuba maje a a kgonang go tlatsa teraka e nnye. Ka jalo o ile a kgona go reka thabolete.

Hulda a tshwere thabolete

Hulda a re: “Le fa ke ne ke lapile e bile ke na le ditlhabi ka ntlha ya go thuba maje, fa ke dirisa thabolete mo bodireding le fa ke baakanyetsa dipokano, ke ne ke lebala ka ditlhabi tseo.” Gape a re thabolete eo e ne e mo thusa go tsena mo dipokanong le go rera ka nako ya bolwetse jwa leroborobo. Re itumelela gore Hulda o ile a fitlhelela mokgele o a neng a o ipeetse.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela