LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp24 no. 1 ts. 3
  • Kgang E e Re Amang Rotlhe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kgang E e Re Amang Rotlhe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2024
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bontsha Tumelo—Dira Ditshwetso Tse di Siameng!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • Dira Ditshwetso Tse di Tlotlang Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Kafa re ka Dirang Ditshwetso Tse di Molemo ka Gone
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Matseno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2024
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2024
wp24 no. 1 ts. 3
Lekawana le le neng le tlhaga mo setshwantshong se se fetileng le thusiwa ke mosadi yo o berekang o phakeng. Mosadi yono o dirisa mmapa go mmontsha tsela e a tshwanetseng go tsamaya ka yone gore a goroge kwa thabeng e a batlang go ya kwa go yone.

Kgang E e Re Amang Rotlhe

Fa e le gore o ne o batla go ya kwa lefelong le o iseng o tsamaye o ye kwa go lone, o ne o tla dira eng?

  1. 1. O ne o tla tsaya tsela e o akanyang gore e siame.

  2. 2. O ne o tla sala batho ba bangwe morago, o solofetse gore ba itse tsela.

  3. 3. O ne o tla batla kaelo e e ikanyegang, ka sekai o ne o tla dirisa GPS, mmapa kgotsa o ne o tla botsa tsala e o e tshepang e e itseng tsela.

Fa re ka dira se se tlhalosiwang mo ntlheng ya ntlha kgotsa ya bobedi, re ka fitlha felo gongwe mme gone go ka direga gore re se ka ra goroga kwa re batlang go ya teng. Le fa go ntse jalo, fa re tlhopha ntlha ya boraro, re ka tlhatswega pelo gore re tla goroga kwa re batlang go ya teng.

Botshelo jwa rona bo tshwana le loeto lo re solofelang gore lo tla re isa kwa bokamosong jo bo itumedisang. Gore a re tla goroga koo kgotsa nnyaa, go ikaegile thata ka gore re batla kaelo kae fa re dira ditshwetso.

Le fa gone bontsi jwa ditshwetso tse re di dirang e le tse dinnye, ditshwetso dingwe di botlhokwa thata. Di bontsha gore ke eng se re se tsayang se siame le se se sa siamang. Ditshwetso tseno di ka tlisetsa rona le batho ba re ba ratang diphelelo tse di itumedisang kgotsa ditlamorago tse di botlhoko. Ditshwetso tseno di akaretsa dikgang tse di jaaka:

  • Tlhakanelodikobo le lenyalo

  • Go ikanyega, tiro le madi (tšhelete)

  • Go godisa bana

  • Go dirisana le ba bangwe

O ka itse jang gore ditshwetso tse o di dirang mo dikgannyeng tseno di ka tlisetsa wena le ba lelapa la gago bokamoso jo bo itumedisang?

Rotlhe re tlhoka go ipotsa potso eno: Ke eng se se ka nthusang go dira ditshwetso tse di molemo ka se se siameng le se se sa siamang?

Makasine ono o tla tlhalosa lebaka la go bo re ka ikanya se Baebele e se buang malebana le se se siameng le se se sa siamang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela