LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w24 June ts. 19
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Batho ba ga Jehofa ba Tlhagafaletse Kobamelo ya Boammaaruri
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2016)
  • “Basiami ba Tla Rua Lefatshe”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2018
  • ‘Ga a Kgakala Thata le Mongwe le Mongwe wa Rona’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • A Jehofa O na Le Maikutlo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
w24 June ts. 19

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Goreng batho bangwe ba re Pesalema 12:7 e bua ka “mafoko a ga Jehofa” (temana 6), mme Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha yone e re e bua ka “ba ba bogisiwang” (temana 5)?

Se go buiwang ka sone mo ditemaneng tse di tlang pele ga Pesalema 12:7 le morago ga yone, se bontsha gore e bua ka batho.

Pesalema 12:1-4 e a re “batho ba ba ka ikanngwang ba fedile.” Go tswa foo, Pesalema 12:5-7 e a re:

“‘Ka ntlha ya gore ba ba bogisiwang ba a gatelelwa,

Ka ntlha ya gore bahumanegi ba a lela,

Ke tla dira sengwe,’ go bua Jehofa.

‘Ke tla ba golola mo go ba ba ba nyatsang.’

Mafoko a ga Jehofa a itshekile;

A tshwana le selefera e e itshekisitsweng mo molelong o mogolo, e e itshekisitsweng ga supa.

Jehofa, o tla ba disa;

O tla sireletsa mongwe le mongwe wa bone mo kokomaneng eno ka bosakhutleng.”

Temana 5 e re bolelela se Jehofa a tla se direlang “ba ba bogisiwang.” E a re o tla ba golola.

Temana 6 e a re “mafoko a ga Jehofa a itshekile; a tshwana le selefera e e itshekisitsweng.” Temana eno e tlhalosa kafa re ikutlwang ka gone ka mafoko a ga Jehofa.​—Pes. 18:30; 119:140.

Ela tlhoko gore temana e e latelang e a reng. Pesalema 12:7 e a re: “Jehofa, o tla ba disa; o tla sireletsa mongwe le mongwe wa bone mo kokomaneng eno ka bosakhutleng.” E bua ka eng?

E re ka temana 6 e bua ka “mafoko a ga Jehofa,” bangwe ba tsaya gore temana 7 e raya gore Jehofa o disa mafoko a gagwe. Boammaaruri ke gore, Jehofa o ile a sireletsa Baebele fa batho ba ne ba sa letlelelwe go e bala e bile baganetsi ba batla go e fedisa.​—Isa. 40:8; 1 Pet. 1:25.

Le fa go ntse jalo, gape Jehofa o sireletsa batho ba go buiwang ka bone mo go temana 5. Ga a bolo go sireletsa “ba ba bogisiwang” le ba ba ‘gatelelwang’ e bile o tla tswelela a dira jalo.​—Jobe 36:15; Pes. 6:4; 31:1, 2; 54:7; 145:20.

Ka jalo, temana 7 e bua ka eng?

Se go buiwang ka sone mo pesalemeng eno se re bontsha sentle gore go buiwa ka batho.

Pesalema 12:1, 2 e bua ka “batho ba ba ka ikanngwang” ba ba bolelelwang maaka ke batho ba ba bosula. Temana 3 e re bolelela gore Jehofa o tla kgaola loleme lwa ba ba tsietsang. Pesalema eno e re netefaletsa gore Jehofa o tla golola batho ba gagwe ka gonne mafoko a gagwe a itshekile.

Ka jalo, temana 7 e re bolelela gore Jehofa o tla disa a bo a sireletsa ba ba bogisiwang ke batho ba ba bosula.

Lefoko “bone” le a tlhaga mo mekwalong e e ikanyegang ya Dikwalo Tsa Sehebera. Dikwalo Tsa Sehebera tse di ranoletsweng mo Segerikeng tsone di dirisa lefoko “rona” gabedi mo go temana 7, go bontsha gore go buiwa ka batho ba ba bogisiwang le ba ba gateletsweng. Mo godimo ga moo, temana 7 e a re Modimo o tla sireletsa “mongwe le mongwe” wa batho ba ba ka ikanngwang ‘mo kokomaneng” ya ‘batho ba ba rotloetsang bosula.’ (Pes. 12:7, 8) Thanolo nngwe ya Dikwalo Tsa Sehebera tse di ranoletsweng mo Searamaikeng e ranola temana 7 jaana: “Wena MORENA, o tla sireletsa basiami, o tla ba disa mo kokomaneng eno e e bosula ka bosakhutleng.” Dikwalo tseno di re naya bosupi jo bo oketsegileng jwa gore Pesalema 12:7 ga e bue ka mafoko a ga Jehofa.

Ka jalo, temana eno e re naya tsholofelo ya gore Modimo o tla sireletsa “batho ba ba ka ikanngwang.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela