LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w24 September ts. 32
  • Leka go Bona Dilo Tse Disha fa o Ithuta

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Leka go Bona Dilo Tse Disha fa o Ithuta
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jehofa o Tlhokomela Batho ba Gagwe
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2017)
  • Go Ithuta go a Duela
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Latela Sekao sa Dikgosi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Tokafatsa Tsela e o Ithutang ka Yone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
w24 September ts. 32

KAKANTSHO YA GO ITHUTA

Leka go Batla Dilo Tse Disha fa o Ithuta

Fa o ipaakanyetsa go ithuta, ipotse go re: “Ke batla go ithuta eng?” Le fa re ka tswa re batla go ithuta dilo dingwe tse di rileng, ga re a tshwanela go akanya gore ga go na dilo tse dingwe tse Jehofa a ka re rutang tsone. Ke eng se se ka re thusang gore re bone dilo tse disha fa re ithuta?

Kopa Jehofa gore a go neye botlhale. Mo kope gore a go thuse go tlhaloganya se a batlang go go ruta sone gone jaanong. (Jak. 1:5) O se ka wa kgotsofalela fela se o setseng o se itse.​—Diane 3:5, 6.

Letla Baebele gore e go thuse. “Lefoko la Modimo le a tshela.” (Baheb. 4:12) Ka jalo, nako le nako fa re bala Baebele, go na le sengwe se sesha se re ka se ithutang e bile e ka re thusa ka ditsela tse dingwe tse dintsi. Mme gone, e ka re thusa fela fa re lemoga gore re tlhoka go itse se Modimo a re rutang sone.

Bontsha gore o lebogela dilo tse Jehofa a di dirisang go re ruta. Dilo tseo di tshwana le “mokete wa dijo tsa maemo.” (Isa. 25:6) O se ka wa itlhokomolosa ditlhogo tse o akanyang gore o ka se itumelele go di ithuta. Fa o di ithuta, o tla letla Jehofa gore a go thuse go nna motho yo o botoka e bile di tla go tswela mosola.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela