SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 27
PINA 79 Ba Rute go Nitama
Thusa Motho Yo o Mo Rutang Baebele Gore a Direle Jehofa
“Tlhomamang mo tumelong . . . Nnang maatla.”—1 BAKOR. 16:13.
SE GO BUIWANG KA SONE
Kafa re ka thusang batho ba re ba rutang Baebele ka gone gore ba nne le tumelo le bopelokgale jwa go direla Jehofa.
1-2. (a) Goreng bangwe ba batho ba re ba rutang Baebele ba okaoka go direla Jehofa? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?
A GO na le dilo tse di neng di dira gore o okaoke go nna Mosupi wa ga Jehofa? Gongwe o ne o tshaba gore batho ba o berekang le bone, ditsala tsa gago kgotsa ba lelapa ba tla galefa. Kgotsa gongwe o ne o akanya gore o ka se kgone go ikobela melao ya Modimo. Fa e le gore go ntse jalo, ga go pelaelo gore o tlhaloganya tsela e motho yo o mo rutang Baebele a ikutlwang ka yone le gore ke eng fa go le thata gore a tlhophe go direla Jehofa.
2 Jesu o ne a itse gore go akanya jalo go ka dira gore motho a se ka a direla Jehofa. (Math. 13:20-22) Mme gone, ga a a ka a tlhoboga batho ba ba neng ba okaoka go nna balatedi ba gagwe. Go na le moo, o ile a bontsha barutwa ba gagwe gore ba ka thusa jang batho bao (1) go lemoga dilo tse di dirang gore ba se ka ba gatela pele, (2) go rata Jehofa ka pelo yotlhe, (3) go dira gore go direla Jehofa go tle pele, le (4) go fenya dikgwetlho. Re ka dirisa jang se Jesu a ileng a se bolelela barutwa ba gagwe fa re dirisa buka ya Itumelele go Tshelela Ruri! go thusa motho yo re ithutang Baebele le ene gore a tlhophe go direla Jehofa?
MO THUSE GO LEMOGA DILO TSE DI DIRANG GORE A SE KA A GATELA PELE
3. Ke eng se se ka tswang se ile sa dira gore Nikodemo a se ka a nna molatedi wa ga Jesu?
3 Nikodemo e ne e le moeteledipele yo Bajuda ba neng ba mo tseela kwa godimo. Mme gone, go na le sengwe se se neng se dira gore go nne thata gore a tlhophe go nna molatedi wa ga Jesu. Mo e ka nnang dikgwedi di le thataro Jesu a simolotse bodiredi jwa gagwe, Nikodemo o ile a lemoga gore Jesu o rometswe ke Jehofa. (Joh. 3:1, 2) Le fa go ntse jalo, Nikodemo o ile a ya kwa go Jesu bosigo ka gonne a ne a “tshaba Bajuda.” (Joh. 7:13; 12:42) A ka tswa a ne a akanya gore go nna molatedi wa ga Jesu go ne go ka dira gore a latlhegelwe ke maemo kgotsa dilo tse a nang le tsone.a
4. Jesu o ile a thusa Nikodemo jang go tlhaloganya se Jehofa a neng a batla gore a se dire?
4 Nikodemo o ne a itse Molao wa ga Moshe, mme o ne a tlhoka go thusiwa go tlhaloganya gore Jehofa o ne a batla gore a dire eng. Jesu o ile a mo thusa jang? O ne a ikemiseditse go fetsa nako a bua le ene, tota le fa go ne go le bosigo. Gape Jesu o ile a bolelela Nikodemo gore o ne a tshwanetse go dira eng gore e nne morutwa wa gagwe. O ile a re o tshwanetse go ikwatlhaela maleo a gagwe, go kolobediwa le go bontsha gore o dumela mo go Morwa Modimo.—Joh. 3:5, 14-21.
5. O ka thusa jang motho yo o mo rutang Baebele gore a lemoge dilo tse di mo thibelang go direla Jehofa?
5 Tota le fa motho yo o mo rutang a tlhaloganya Baebele sentle, o sa ntse o ka tlhoka go mo thusa go lemoga gore ke eng se se mo thibelang go direla Jehofa. Ka sekai, gongwe tiro ya gagwe e mo tseela nako e ntsi thata kgotsa ba lelapa la gagwe ga ba batle gore a nne Mosupi wa ga Jehofa. Fela jaaka Jesu, iphe nako ya go mo thusa. O ka nna wa mo kopa gore a tle go nwa tee le wena kgotsa gore lo iphutholole dinao mmogo. Gongwe mo maemong a a ntseng jalo, a ka kgona go go bolelela dikgwetlho tse a lebanang le tsone. Go tswa foo, mo thuse go dira diphetogo dipe fela tse a tlhokang go di dira. Mo gopotse gore o tshwanetse go dira jalo ka gonne a batla go itumedisa Jehofa, e seng go itumedisa wena.
6. O ka thusa jang motho yo o mo rutang Baebele gore a nne le bopelokgale jwa go direla Modimo? (1 Bakorintha 16:13)
6 Fa motho yo o mo rutang Baebele a tlhatswegile pelo gore Jehofa o tla mo thusa go ikobela melao ya gagwe, o tla nna le bopelokgale jwa go dirisa se a se ithutang. (Bala 1 Bakorintha 16:13.) Re ka tshwantsha mmoledi le morutabana. Fa o ne o tsena sekolo, ke morutabana ofe yo o neng o mo rata? Gongwe ke yo o neng a le pelotelele e bile a go thusa go lemoga bokgoni jo o nang le jone. Ka tsela e e tshwanang, fa morutisi yo o nang le bokgoni a ruta mongwe, ga a mo rute fela se Modimo a batlang gore re se dire, gape o mo tlhomamisetsa gore Jehofa o tla mo thusa go dira diphetogo dipe fela tse a tlhokang go di dira mo botshelong. O ka dira jang gore o nne morutisi yo o nang le bokgoni?
MO THUSE GO RATA JEHOFA KA PELO YOTLHE
7. Jesu o ile a thusa jang batho ba ba neng ba mo reeditse gore ba rate Jehofa le go feta?
7 Jesu o ne a itse gore go rata Modimo go ne go tla rotloetsa barutwa ba gagwe go dirisa se ba se ithutileng. Go le gantsi o ne a ba ruta dilo tse di neng di tla ba thusa go rata Rraabone yo o kwa legodimo le go feta. Ka sekai, o ile a tshwantsha Jehofa le rre yo o nayang bana ba gagwe dilo tse dintle. (Math. 7:9-11) Bangwe ba batho ba ba neng ba reeditse Jesu, ba ka tswa ba ne ba se na rre yo o lorato jalo. Leka go akanya gore ba tshwanetse ba bo ba ile ba ikutlwa jang fa Jesu a ne a ba bolelela setshwantsho sa rre yo o pelotlhomogi yo o neng a amogela morwawe fa a boela gae le fa gone a ne a dirile dilo tse dintsi tse di sa siamang. Jesu o ile a ba thusa gore ba lemoge gore Jehofa o ba rata fela thata le gore o batla go ba thusa.—Luke 15:20-24.
8. O ka thusa jang motho yo o mo rutang Baebele gore a rate Jehofa le go feta?
8 Le wena o ka kgona go thusa motho yo o mo rutang Baebele gore a rate Jehofa le go feta ka go nna o bua ka dinonofo tsa Gagwe tse dintle. Nako le nako fa o mo ruta, mo thuse go tlhaloganya gore se a se ithutang se bontsha jang gore Jehofa o a re rata. Fa lo tlotla ka thekololo, mo thuse go lemoga gore e mo ama jang. (Bar. 5:8; 1 Joh. 4:10) Fa moithuti a tlhaloganya gore Jehofa o mo rata go le kana kang, seo se ka dira gore a rate Jehofa le go feta.—Bagal. 2:20.
9. Ke eng se se ileng sa thusa Michael gore a fetole tsela e a neng a tshela ka yone?
9 Akanya ka Michael wa kwa Indonesia. Fa a tla a gola o ne a itse boammaaruri, mme ga a a ka a kolobediwa. Fa a na le dingwaga di le 18 o ile a bona tiro ya go kgweetsa diteraka kwa nageng e nngwe. Moragonyana o ne a boela kwa Indonesia a bo a nyala, go tswa foo o ne a boela tirong kwa nageng e nngwe. Ka yone nako eo, mosadi wa gagwe le morwadie ba ne ba simolola go ithuta Baebele le go dirisa se ba se ithutang. Fa mmaagwe Michael a sena go tlhokafala, Michael o ile a boela gae gore a ye go tlhokomela rraagwe e bile o ile a dumela go ithuta Baebele. O ile a amiwa thata ke karolo ya “Ithute mo go Oketsegileng” e e mo thuto 27 mo bukeng ya Itumelele go Tshelela Ruri! Fa a akanya ka tsela e Jehofa a neng a utlwile botlhoko ka yone fa a ne a bona Morwawe a boga, o ile a tsholola dikeledi. O ile a simolola go lebogela thekololo, a fetola tsela e a neng a tshela ka yone a bo a kolobediwa.
MO THUSE GO DIRA GORE JEHOFA A TLE PELE
10. Jesu o ile a dira eng go thusa barutwa ba gagwe go dira diphetogo gore ba direle Jehofa mo go oketsegileng? (Luke 5:5-11) (Bona le setshwantsho.)
10 Barutwa ba ga Jesu ba ile ba lemoga ka bonako gore ke ene Mesia yo o solofeditsweng, mme gone ba ne ba tlhoka go thusiwa go dira gore go rera e nne selo sa botlhokwa thata mo matshelong a bone. Petere le Anderea ba ne ba setse ba na le nakonyana e le barutwa ba ga Jesu fa Jesu a ne a ba kopa gore e nne balatedi ba gagwe ka nako e e tletseng. (Math. 4:18, 19) Bone mmogo le Jakobe le Johane, ba ne ba na le kgwebo ya go tshwara ditlhapi e e neng e atlegile thata. (Mar. 1:16-20) Ga go pelaelo gore fa Petere le Anderea “ba ne ba tlogela matlowa a bone,” ba ne ba dirile thulaganyo ya gore ba tla tlamela jang ba malapa a bone fa ba nna barutwa ba ga Jesu. Mme gone, ke eng se se ba thusitseng go dira gore tiro ya go rera e nne botlhokwa thata mo matshelong a bone? Pego e e mo go Luke e re bolelela gore Jesu o ile a dira kgakgamatso’ e e ileng ya ba thusa gore ba tlhomamisege gore Jehofa o ne a tla ba naya dilo tse ba neng ba di tlhoka.—Bala Luke 5:5-11.
Re ithuta eng mo tseleng e Jesu a ileng a thusa barutwa ba gagwe go dira gore Jehofa a tle pele mo matshelong a bone? (Bona serapa 10)b
11. Re ka dirisa jang se se re diragaletseng mo botshelong go nonotsha tumelo ya motho yo re mo rutang?
11 Ga re na bokgoni jo Jesu a neng a na le jone jwa go dira dikgakgamatso. Mme gone, re bolelela batho kafa Jehofa a thusang ka gone batho ba ba dirang gore go mo direla e nne selo sa botlhokwa mo matshelong a bone. Ka sekai, a o gopola kafa Jehofa a ileng a go thusa ka gone fa o ne o simolola go ya dipokanong? Gongwe o ile wa tshwanelwa ke go tlhalosetsa mothapi wa gago gore o ka se tlhole o kgona go bereka nako e e oketsegileng ka gonne go dira jalo go ne go go kgoreletsa go ya dipokanong. Fa o ntse o tlotla le motho yo o mo rutang, mo tlhalosetse kafa tumelo ya gago e ileng ya nonofa ka gone fa o bona Jehofa a go thusa ka gonne o ile wa dira gore go mo direla go tle pele mo botshelong jwa gago.
12. (a) Goreng re tshwanetse go tsamaya le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba farologaneng fa re ya go ruta mongwe Baebele? (b) O ka dirisa dibidio jang go thusa motho yo o mo rutang Baebele? Naya sekai.
12 Gape go utlwa gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba bangwe ba ile ba dira diphetogo dife gore go direla Jehofa e nne selo sa botlhokwa thata mo matshelong a bone, go ka tswela motho yo o mo rutang Baebele mosola. Ka jalo, kopa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba farologaneng gore ba tsamaye le wena fa o ya go ruta mongwe Baebele. Ba kope gore ba tlhalose gore go tlile jang gore ba itse boammaaruri le gore ba ile ba dira eng gore go direla Jehofa e nne selo sa botlhokwa mo matshelong a bone. Mo godimo ga moo, ipheng nako ya go lebelela dibidio tse di mo karolong ya “Ithute mo go Oketsegileng” kgotsa mo karolong ya “Dintlha Tse Dingwe” mo bukeng ya Itumelele go Tshelela Ruri! Ka sekai, fa lo ithuta thuto 37, lebelelang bidio ya Jehofa o Tla re Naya Dilo Tse re di Tlhokang, go tswa foo tlotlang ka yone mme o thuse motho yo o mo rutang Baebele go lemoga gore Jehofa o tla mo thusa fa a dira gore a tle pele mo botshelong jwa gagwe.
MO THUSE GO FENYA DIKGWETLHO
13. Jesu o ile a thusa balatedi ba gagwe jang gore ba kgone go ipaakanyetsa go bogisiwa?
13 Jesu o ne a nna a bolelela balatedi ba gagwe gore batho ba ne ba tlile go ba ganetsa, go akaretsa le ba masika a bone. (Math. 5:11; 10:22, 36) Fa Jesu a ne a tloga a wetsa bodiredi jwa gagwe, o ile a bolelela barutwa ba gagwe gore ba ne ba ka nna ba bolawa ka gonne ba direla Jehofa. (Math. 24:9; Joh. 15:20; 16:2) O ile a ba kopa gore ba nne kelotlhoko fa ba le mo bodireding. Gape o ile a ba gakolola gore fa batho ba ba ganetsa, ba se ka ba ngangisana le bone le gore ba nne kelotlhoko e le gore ba kgone go tswelela ba rera.
14. Re ka thusa jang motho yo re mo rutang Baebele gore a ipaakanyetse go ganediwa? (2 Timotheo 3:12)
14 Fela jaaka Jesu, re ka tlhalosetsa motho yo re mo rutang Baebele se bangwe ba batho ba a berekang le bone, ditsala tsa gagwe kgotsa bangwe ba masika a gagwe ba ka se buang ka gonne a ithuta Baebele. (Bala 2 Timotheo 3:12.) Bangwe ba a berekang le bone ba ka mo sotla ka gonne a leka go ikobela se Baebele e se rutang. Ba bangwe go akaretsa le ba masika ba a atamalaneng le bone ba ka ganetsa se a se ithutang mo Baebeleng. Ka jalo, go botlhokwa gore ka bonako fela re thuse batho ba re ba rutang Baebele go itse gore ba ka dira eng fa ba ganediwa.
15. O ka thusa jang motho yo o mo rutang Baebele gore a itshoke fa ba lelapa ba mo ganetsa?
15 Fa motho yo o mo rutang Baebele a ganediwa ke ba lelapa, mo thuse go akanya ka mabaka a go bo ba masika ba mo galefela ka gonne a ithuta Baebele le Basupi. Gongwe ba masika a gagwe ba akanya gore Basupi ba ruta maaka kgotsa gongwe ba akanya gore Basupi ba ga Jehofa ke batho ba ba sa siamang. Tota le Jesu o ne a ganediwa ke batho ba a neng a ba rata. (Mar. 3:21; Joh. 7:5) Thusa motho yo o mo rutang Baebele gore a nne pelotelele le gore a bue sentle le ba lelapa la gagwe le batho ba bangwe.
16. O ka thusa jang motho yo o mo rutang Baebele gore a nne botlhale le gore a akanyetse ba bangwe fa a ba bolelela se a se dumelang?
16 Tota le fa ba masika a motho yo o mo rutang Baebele ba kgatlhegela se a se ithutang, go tla bo go le botlhale gore a se ka a ba bolelela sengwe le sengwe ka nako e le nngwe. Fa a ka dira jalo, ba ka nna ba se ka ba batla go mo reetsa mo nakong e e tlang fa a tlotla le bone. Ka jalo, mo thuse gore fa a bolelela ba bangwe se a se dumelang, a se ka a ba bolelela dilo di le dintsi gore ba kgone go mo reetsa mo nakong e e tlang. (Bakol. 4:6) Gongwe a ka ba kopa gore ba tsene mo websaeteng ya jw.org gore ba kgone go itse ka Basupi ba ga Jehofa ka nako ya bone.
17. O ka thusa jang motho yo mo rutang Baebele gore a arabe dipotso tse batho ba ka di botsang ka Basupi ba ga Jehofa? (Bona le setshwantsho.)
17 O ka dirisa motseletsele wa “Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang” o o mo jw.org go thusa motho yo o mo rutang Baebele go itse gore a ka araba jang dipotso tse ba masika a gagwe kgotsa batho ba a berekang le bone ba ka di botsang. (2 Tim. 2:24, 25) Kwa bowelong jwa thuto nngwe le nngwe, tlotlang ka karolo ya “Batho Bangwe Ba Re” e e mo bukeng ya Itumelele go Tshelela Ruri! Kgothaletsa motho yo o mo rutang Baebele go araba dipotso ka mafoko a gagwe. Mo thuse go batla tsela e e botoka ya go tlhalosa se a se dumelang. Fa a ntse a ikatisa, seo se ka mo thusa gore a femele se a se dumelang a le pelokgale.
Fa lo ithuta, katisa motho yo o mo rutang Baebele gore a bolelele batho ba bangwe se a se dumelang (Bona serapa 17)c
18. O ka kgothaletsa jang motho yo o mo rutang gore a nne mmoledi yo o sa kolobediwang? (Mathaio 10:27)
18 Jesu o ile a laela barutwa ba gagwe gore ba rerele batho dikgang tse di molemo. (Bala Mathaio 10:27.) Fa motho yo o mo rutang Baebele a ka simolola go rera ka ntlo le ntlo, o tla lemoga gore Jehofa o a mo thusa a bo a mo tshepa le go feta. O ka mo thusa jang gore a simolole go rera ka ntlo le ntlo? Fa go na le letsholo la go rera mo lefelong la lona, mo thuse gore a bone gore o tlhoka go dira eng gore e nne mmoledi yo o sa kolobediwang. Mo tlhalosetse gore fa go na le letsholo, go ka nna motlhofo gore a simolole go rera. Gape a ka ipeela mokgele wa gore a neele dipuo mo dipokanong tsa mo gare ga beke. Fa a ntse a leka ka natla go fitlhelela mokgele oo, a ka ithuta go tlhalosa se a se dumelang botoka.
BONTSHA GORE O A MO TSHEPA
19. Jesu o ile a bontsha jang gore o tshepa barutwa ba gagwe, mme re ka mo etsa jang?
19 Pele Jesu a boela kwa legodimong, o ile a bolelela barutwa ba gagwe gore ba ne ba tla boa ba kopana le ene gape. Ba ne ba sa tlhaloganye gore Jesu o ne a raya gore ba ne ba tla ya legodimong. Le fa gone ba ne ba sa tlhaloganye sengwe le sengwe se Jesu a neng a se bua, Jesu o ne a itse gore ba ne ba batla go itumedisa Jehofa. (Joh. 14:1-5, 8) O ne a itse gore ba ne ba tlhoka nako gore ba tlhaloganye dilo dingwe, go akaretsa le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong. (Joh. 16:12) Le rona re ka bontsha gore re tshepa gore motho yo re mo rutang Baebele o batla go itumedisa Jehofa.
Fa motho yo o mo rutang Baebele a ka simolola go rera ka ntlo le ntlo, o tla lemoga gore Jehofa o a mo thusa a bo a mo tshepa le go feta
20. Kgaitsadi mongwe wa kwa Malawi o ile a bontsha jang gore o tshepa motho yo a mo rutang Baebele?
20 Bontsha gore o tshepa gore motho yo o mo rutang Baebele o batla go dira se se siameng. Ka sekai, kgaitsadi mongwe wa kwa Malawi yo o bidiwang Chifundo o ile a simolola go ruta lekgarebe lengwe la Mokatoliki le le bidiwang Alinafe Baebele a dirisa buka ya Itumelele go Tshelela Ruri! Fa ba sena go ithuta thuto 14, Chifundo o ile a botsa Alinafe gore o akanya eng ka go obamela ditshwantsho. Alinafe o ile a mo araba jaana a utlwile botlhoko: “Eo ke tshwetso e mongwe le mongwe a tshwanetseng go itirela yone!” Chifundo o ne a akanya gore Alinafe o ne a tlile go tlogela go ithuta Baebele. Le fa go ntse jalo, o ile a tswelela a ithuta le ene a le pelotelele, a tshepa gore fa nako e ntse e tsamaya o tla tlhaloganya gore Baebele e a reng ka go obamela ditshwantsho. Dikgwedi di le mmalwa moragonyana, Chifundo o ile a mmotsa potso e e mo thuto 34 e e reng: “Go ithuta Baebele le go ithuta ka Modimo wa boammaaruri Jehofa, go go solegetse molemo jang go tla go fitlha jaana?” Chifundo a re: “Alinafe o ile a bua dilo di le mmalwa tse di kgatlhang. Nngwe ya tsone e ne e le gore Basupi ba ga Jehofa ga ba dire dilo tse Baebele e di kgalang.” Moragonyana Alinafe o ile a tlogela go dirisa ditshwantsho, go tswa foo o ile a tshwanelega go kolobediwa.
21. Re ka thusa jang motho yo re mo rutang Baebele gore a tlhophe go direla Jehofa?
21 Le fa gone Jehofa e le ene “yo o godisang,” re ka kgona go thusa motho yo re mo rutang Baebele gore a gatele pele. (1 Bakor. 3:7) Ga re mo rute fela gore Modimo o batla gore a dire eng. Gape re mo thusa gore a rate Jehofa ka pelo yotlhe. Re mo kgothaletsa gore a bontshe gore o rata Jehofa ka go dira gore a tle pele mo botshelong jwa gagwe. Mo godimo ga moo, re mo tlhomamisetsa gore Jehofa o tla mo thusa fa a ganediwa. Fa re mmontsha gore re dumela gore o batla go itumedisa Jehofa, seo se tla mo thusa gore a nne le bopelokgale jwa go tlhopha go direla Jehofa.
PINA 55 Se ba Boifeng!
a Nikodemo e ne e sa ntse e le leloko la kgotlakgolo ya Bajuda dingwaga di le pedi le halofo a sena go bua le Jesu. (Joh. 7:45-52) Baitsehisitori bangwe ba akanya gore Nikodemo o ile a nna morutwa wa ga Jesu fa Jesu a sena go swa.—Joh. 19:38-40.
b TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Petere le batho ba bangwe ba ba tshwarang ditlhapi ba tlogela kgwebo ya bone ya go tshwara ditlhapi gore ba nne balatedi ba ga Jesu.
c TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Kgaitsadi o katisa motho yo a mo rutang Baebele gore a kgone go rerela batho ba bangwe.