LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w25 June ts. 26-31
  • Motlhatlheledi wa Rona yo Mogolo o re Rutile Botshelo Jotlhe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Motlhatlheledi wa Rona yo Mogolo o re Rutile Botshelo Jotlhe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • SEKAO SA BATSADI BA ME
  • RE SIMOLOLA TIRELO YA NAKO E E TLETSENG
  • BOTSHELO JWA BORONGWA
  • RE LE KWA EUROPE, GO TSWA FOO KWA AFRICA
  • RE LE KWA MIDDLE EAST
  • RE BOELA KWA AFRICA
  • Ke Ikemiseditse go Tswelela ke Ikanyega
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
  • Barongwa Ba Rotloetsa Koketsego ya Lefatshe Lotlhe ka Maatla Tota
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Jehofa o Ile a Ntshegofatsa Fela Thata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Jehofa o ‘Tlhamaladitse Ditselana Tsa Me’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
w25 June ts. 26-31
Franco Dagostini.

KGANG YA BOTSHELO

Motlhatlheledi wa Rona yo Mogolo o re Rutile Botshelo Jotlhe

JAAKA GO BOLETSE FRANCO DAGOSTINI

NNA le mosadi wa me re ile ra lebana le maemo a a thata fa re ne re le babulatsela le fa re ne re le barongwa. Masole a a tshwereng dithunya a ne a phuruphutsa dikoloi pele di feta, batho ba ne ba fisa dilo mo tseleng gore go se ka ga nna le ope yo o fetang, go ne go nna le ditsuatsue, dintwa tsa selegae e bile re ne re tshwanelwa ke go tshabisiwa mo legaeng la rona. Le fa gone re ne re lebana le dikgwetlho tse dintsi mo botshelong, ga re ikwatlhaele ditshwetso tse re ileng ra di dira. Sa botlhokwa le go feta ke gore Jehofa o ne a re ema nôkeng e bile o ne a re segofatsa. Gape e re ka e le Motlhatlheledi yo Mogolo, o ne a re ruta dithuto sa botlhokwa.​—Jobe 36:22; Isa. 30:20.

SEKAO SA BATSADI BA ME

Kwa bowelong jwa dingwaga tsa bo1950, batsadi ba me ba ne ba fuduga go tswa kwa Italy go ya kwa Kindersley e e kwa Saskatchewan kwa Canada. Go ise go ye kae, ba ne ba simolola go ithuta boammaaruri e bile go direla Jehofa e ile ya nna sengwe sa botlhokwa thata mo lelapeng la gaetsho. Ke sa ntse ke gopola sentle gore nna le ba lelapa la gaetsho re ne re fetsa letsatsi lotlhe mo tshimong. Ka jalo, ke a tle ke bue ke itshamekela fela ke re ke nnile mmulatsela yo o thusang ke na le dingwaga di le robedi!

Franco a sa le monnye a na le batsadi ba gagwe, abuti wa gagwe le bokgaitsadie.

Ke na le ba lelapa la gaetsho mo e ka nnang ka 1966

Le fa batsadi ba me ba ne ba le dikobo dikhutshwane, ba ne ba re tlhomela sekao ka go itima dilo dingwe gore ba direle Jehofa. Ka sekai, ka 1963 ba ile ba rekisa dilo tse dintsi tse ba neng ba na le tsone gore ba kgone go ya kwa kopanong ya boditšhabatšhaba kwa Pasadena, California kwa U.S.A. Ka 1972 re ile ra fudugela kwa Trail, British Columbia kwa Canada e e bokgakala jwa dikilometara di ka nna 1 000 gore re ye go thusa kwa tshimong ya Se-Italy. Rre o ne a phepafatsa e bile a tlhokomela shopo e go neng go rekisiwa dijo kwa go yone. Ga a a ka a dumela go tlhatlosiwa maemo kwa tirong ka gonne a ne a batla go tlhoma mogopolo mo tirong ya ga Jehofa.

Ke lebogela sekao se batsadi ba me ba ileng ba se tlhomela nna, abuti le bokgaitsadiake ba le babedi. Sekao sa bone se ile sa nthuta thuto ya botlhokwa tota e nka se tsogeng ke e lebetse ya gore fa ke dira gore dilo tse di direlwang Bogosi di tle pele mo botshelong jwa me, Jehofa o tla ntlhokomela.​—Math. 6:33.

RE SIMOLOLA TIRELO YA NAKO E E TLETSENG

Ka 1980, ke ile ka nyala mosadi yo o montle yo o bidiwang Debbie yo o neng a na le mekgele ya go direla Jehofa. Re ne re batla go tsenela tirelo ya nako e e tletseng, ka jalo dikgwedi di le tharo fa re sena go nyalana, Debbie o ile a nna mmulatsela. Fa re sena go fetsa ngwaga re nyalane, re ile ra fudugela kwa phuthegong e nnye e go neng go na le tlhokego gone mme le nna ke ile ka nna mmulatsela.

Letsatsi le Franco le Debbie ba neng ba nyalana ka lone.

Fa re ne re nyalana ka 1980

Fa nako e ntse e tsamaya, re ile ra kgobega marapo re bo re dira tshwetso ya go fuduga. Mme pele re dira jalo, re ile ra bua le molebedi wa potologo. O ile a re gakolola jaana ka lorato e bile a sa re fitlhele sepe: “Tota ke lona ba lo ithatafaletsang botshelo. Lo tlhomile mogopolo mo dikgwetlhong tse lo nang le tsone. Mme fa lo ka batla dilo tse dintle, lo tla di bona.” Ruri eo e ne e le kgakololo e re neng re e tlhoka! (Pes. 141:5) Re ile ra e dirisa ka yone nako eo. Go ise go ye kae, re ile ra lemoga gore ruri go ne go na le dilo tse dintsi tse dintle. Ba le bantsi mo phuthegong ba ne ba batla go direla Jehofa mo go oketsegileng, go akaretsa basha le bangwe ba balekane ba bone e seng basupi. Eo e ne e le thuto ya botlhokwa tota. Re ne re ithutile gore re tshwanetse go batla dilo tse dintle mo bathong ba bangwe le go letela Jehofa gore a baakanye maemo a a boima a re ka tswang re lebane le one. (Mika 7:7) Re ile ra itumela gape e bile maemo a ile a nna botoka.

Bakaulengwe ba ba neng ba re ruta fa re ne re le kwa sekolong sa bobulatsela lekgetlo la ntlha, ba ne ba kile ba direla kwa dinageng di sele. Fa ba ntse ba re bontsha dinepe e bile ba re bolelela ka dikgwetlho le masego a ba ileng ba nna le one, seo se ile sa dira gore re batle go nna barongwa. Ka jalo, re ile ra ipeela mokgele wa gore re tsenele tirelo eno.

Go tlositswe kapoko mo lefelong la go phaka dikoloi kwa Holong ya Bogosi, morago ga gore kapoko e we ka bontsi.

Kwa Holong ya Bogosi kwa British Columbia ka 1983

Gore re fitlhelele mokgele oo, ka 1984 re ile ra fudugela kwa Quebec kwa go neng go buiwa Se-French gone. Quebec e bokgakala jwa dikilometara di feta 4 000 go tswa kwa British Columbia. Fa re le koo, re ne ra tshwanelwa ke go ithuta puo le setso se re neng re sa se tlwaela. Kgwetlho e nngwe e re ileng ra lebana le yone ke gore gantsi re ne re se na madi. Go ile ga feta nakonyana re ja ditapole tse di neng di setse mo tshimong ya molemi mongwe yo o neng a re letlile gore re di tseye. Debbie o ne a di apaya ka ditsela tse di farologaneng mme di le monate! Le fa re ile ra lebana le dikgwetlho, re ile ra itshoka re itumetse. Mo godimo ga moo, re ne re lemoga gore Jehofa o ne a re tlhokomela.​—Pes. 64:10.

Letsatsi lengwe re ile ra founelwa re sa lebelela, re ne re kopiwa go ya go direla kwa Bethele ya kwa Canada. E re ka re ne re setse re tsentse kopo ya go ya kwa Sekolong sa Gileade, re ne re le pelopedi ka go direla kwa Bethele. Mme gone, re ile ra ya. Fa re goroga, re ile ra botsa Mokaulengwe Kenneth Little yo e neng e le leloko la Komiti ya Lekala jaana: “Go tla direga eng fa re ka bidiwa kwa Sekolong sa Gileade?” O ne a re: “Re tla bona ka nako eo.”

Nako eo e ile ya goroga beke moragonyana fa nna le Debbie re lalediwa go ya Sekolong sa Gileade. Re ne re tshwanetse go dira tshwetso. Mokaulengwe Little o ile a re raya a re: “Le fa lo ka tlhopha kabelo efe gompieno, letsatsi lengwe lo ka nna lwa eletsa e kete lo ka bo lo tlhophile e nngwe. Ga go na kabelo e e botoka go gaisa e nngwe. Jehofa a ka lo segofatsa mo go tsone tsotlhe.” Ka jalo, re ile ra tlhopha go ya Gileade, mme fa dingwaga di ntse di tsamaya, re ile ra lemoga gore se Mokaulengwe Little a ileng a se bua se boammaaruri. Gangwe le gape fa re bua le batho ba ba tshwanelwang ke go dira tshwetso fa gare ga dikabelo tse pedi, re ba bolelela se a ileng a re bolelela sone.

BOTSHELO JWA BORONGWA

(Ka fa molemeng) Ulysses Glass

(Ka fa mojeng) Jack Redford

Re ne re itumeletse go nna bangwe ba baithuti ba le 24 mo tlelaseng ya bo83 ya Sekolo sa Gileade e e ileng ya simolola ka April 1987 kwa Brooklyn, New York. Bangwe ba bakaulengwe ba ba neng ba re ruta e ne e le Mokaulengwe Ulysses Glass le Mokaulengwe Jack Redford. Dikgwedi di le tlhano di ile tsa feta ka bonako. Ka di6 tsa September, 1987 re ile ra aloga. Rona mmogo le John le Marie Goode re ile ra abelwa go direla kwa Haiti.

Franco le Debbie ba rera fa lotshitshing kwa Haiti.

Re le kwa Haiti ka 1988

Barongwa ba bofelo ba ba tswang kwa Gileade ba ba ileng ba romelwa kwa Haiti, ba ile ba lelekiwa ka 1962. Dibeke di le tharo fa re sena go aloga, re ne re dira mmogo le phuthego e nnye e e nang le baboledi ba le 35 kwa lefelong le le mo gare ga dithaba kwa Haiti. Ka nako eo, nna le Debbie re ne re sa ntse re le basha, re se na maitemogelo e bile re nna re le nosi mo legaeng la barongwa. Batho ba kwa Haiti ba ne ba humanegile e bile bontsi jwa bone ba ne ba sa itse go bala. Fa re ntse re le koo, batho ba lefelo leo ba ne ba simolola go lwa ka ntlha ya mathata a dipolotiki, bangwe ba ne ba batla go menola puso e bile go ne go na le megwanto le ditsuatsue.

Le fa go ntse jalo, re ile ra ithuta dilo tse dintsi mo bakaulengweng le bokgaitsadi ba kwa Haiti ba ba nang le tumelo e e nonofileng e bile ba nna ba itumetse. Bontsi jwa bone ba ne ba na le mathata a mantsi mme ba ne ba rata Jehofa e bile ba ne ba rata le tshimo. Go ne go na le kgaitsadi mongwe yo o godileng yo o neng a sa itse go bala, mme gone o ne a tshwere ditemana di ka nna 150 ka tlhogo. Mathata a batho ba kwa Haiti ba neng ba na le one, a ne a dira gore re batle go ba bolelela gore Bogosi Jwa Modimo ke jone fela jo bo tla rarabololang mathata a batho. Re itumelela gore batho ba ntlha ba re ileng ra ba ruta Baebele, moragonyana e ile ya nna babulatsela ba ka metlha, babulatsela ba ba kgethegileng le bagolwane.

Fa re ne re le kwa Haiti, ke ile ka kopana le morongwa mongwe yo mosha wa kereke ya Mormon yo o bidiwang Trevor e bile re ile ra nna re tlotla ka Baebele ka makgetlo a le mantsi. Dingwaga moragonyana, ke ile ka amogela lekwalo la gagwe ke sa solofela. Mo go lone, o ne a re: “Ke tlile go kolobediwa mo kopanong e e latelang! Ke batla go boela kwa Haiti gore ke ye go nna mmulatsela yo o kgethegileng kwa lefelong le ke neng ke le morongwa kwa go lone fa ke ne ke tsena kereke ya Mormon.” O ile a dira fela jalo ka dingwaga di le dintsi a na le mosadi wa gagwe.

RE LE KWA EUROPE, GO TSWA FOO KWA AFRICA

Franco a bereka a le fa tafoleng.

Ke bereka kwa Slovenia ka 1994

Re ile ra abelwa go direla kwa karolong nngwe ya Europe kwa tiro ya rona ya go rera e neng e letlelelwa ka iketlo ka iketlo. Ka 1992 re ile ra goroga kwa Ljubljana kwa Slovenia e e gaufi le kwa batsadi ba me ba goletseng gone pele ba fudugela Italy. Ntwa e ne e sa ntse e fagile kwa mafelong a naga e pele e neng e bidiwa Yugoslavia. Tiro ya go rera kwa mafelong ao e ne e okametswe ke lekala le le kwa Vienna kwa Austria, le ofisi e e kwa Zagreb kwa Croatia le e e kwa Belgrade kwa Serbia. Jaanong naga nngwe le nngwe e ne e tla nna le thulaganyo ya yone ya Bethele.

Seo se ne se raya gore re ne re tshwanetse go ithuta puo e nngwe gape le setso se re neng re sa se tlwaela. Batho ba ba nnang mo lefelong leo ba ne ba tle ba re, “Jezik je težek,” mo go kayang “Puo ya rona e thata.” Boammaaruri ke gore e ne e le thata! Re ne re itumelela tsela e bakaulengwe le bokgaitsadi ba neng ba amogela ka bonako ka yone diphetogo tse di neng di direga mo phuthegong e bile re ne re lemoga gore Jehofa o ne a ba segofatsa. Le mo lekgetlong leno, re ile ra bona gore ka metlha Jehofa o baakanya dilo ka lorato e bile o dira jalo ka nako e e tshwanetseng. Re ithutile dilo di le dintsi fa re ne re le kwa Slovenia e bile bontsi jwa dilo tse re ileng ra di ithuta pele ga foo, di ile tsa re thusa go itshokela maemo a a thata fa re le koo.

Mme gone, go ne go na le diphetogo tse dintsi tse di neng di tla direga. Ka ngwaga wa 2000 re ile ra kopiwa gore re ye go direla kwa Côte d’Ivoire mo Africa. Go tswa foo, ka November 2002, ntwa ya selegae e e neng e lowa koo e ne ya dira gore re tshabisediwe kwa Sierra Leone. Ntwa ya selegae e e neng e tsere dingwaga di le 11 e lowa kwa Sierra Leone e ne e sa tswa go fela. Go ne go le thata tota go tswa kwa Côte d’Ivoire ka bonako jalo. Mme gone, se re se ithutileng koo se ile sa re thusa gore re tswelele re itumetse.

Re ile ra tlhoma mogopolo mo bathong ba bantsi ba ba neng ba batla go ithuta boammaaruri le mo bakaulengweng le bokgaitsadi ba ba lorato ba ba neng ba itshoketse ntwa ka dingwaga di le dintsi. Ba ne ba humanegile mme gone ba ne ba batla go abela ba bangwe se ba neng ba na le sone. Fa kgaitsadi mongwe a ne a re o naya Debbie diaparo, Debbie o ne a sa batle go di tsaya. Kgaitsadi yoo o ile a mo emelela gore a di tseye a bo a mo raya a re: “Ka nako ya ntwa, bakaulengwe ba kwa dinageng tse dingwe ba ne ba re ema nôkeng. Jaanong ke nako ya gore le rona re thuse ba bangwe.” Re ile ra ipolelela gore re batla go etsa sekao sa bone.

La bofelo re ile ra boela kwa Côte d’Ivoire mme mathata a dipolotiki a ne a dira gore batho ba simolole go lwa gape. Ka jalo ka November 2004, re ile ra tshabisiwa ka helikopotara. Mongwe le mongwe wa rona a sia a tsere bêkê e le nngwe fela ya bokete jwa dikilogerama di le lesome. Re ile ra robala fa fatshe kwa kampeng ya masole a France mme mo letsatsing le le latelang re ile ra ya kwa Switzerland ka sefofane. Fa re goroga bosigogare kwa ofising ya lekala, maloko a Komiti ya Lekala le bakaulengwe ba ba rutang kwa Sekolong sa Thapiso sa Bodiredi mmogo le basadi ba bone, ba ile ba re amogela ka lorato. Ba ile ba re haka, ba re naya dijo le tšhokolete e ntsi ya kwa Switzerland. Seo se ile sa dira gore re ikutlwe re ratiwa fela thata.

Franco a neela puo a le kwa seraleng kwa Holong ya Bogosi kwa Côte d’Ivoire.

A bua le batshabi kwa Côte d’Ivoire ka 2005

Re ile ra abelwa gore re ye go direla ka nakwana kwa Ghana, go tswa foo re ne ra boela kwa Côte d’Ivoire fa ntwa e sena go okobala. Tsela e bakaulengwe ba neng ba le lorato ka yone, e ile ya re thusa gore re kgone go itshoka fa re tshabisiwa le fa re le kwa dikabelong tsa rona tsa nakwana. Nna le Debbie re ile ra ipolelela gore le fa batho ba ga Jehofa ba itsege ka go bontsha lorato, ga re batle go tsaya seo lotsatsa. Tota e bile, le mo maemong ao a a thata re ile ra lemoga gore Jehofa o ne a re katisa.

RE LE KWA MIDDLE EAST

Franco le Debbie ba ile go bona marope a bogologolo kwa Middle East.

Re le kwa Middle East ka 2007

Ka 2006, re ile ra amogela lekwalo le le tswang kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe re kopiwa gore re ye go direla kwa Middle East. Le mo kabelong eno, re ne re tla bona dilo tse disha, re tla lebana le dikgwetlho tse dingwe, e bile re tla ithuta dipuo tse dingwe le ditso tse re sa di tlwaelang. Re ile ra lebana le mathata a le mantsi mo lefelong leno ka ntlha ya dipolotiki le bodumedi. Mme re ne re rata dipuo tse di farologaneng tse di neng di buiwa mo diphuthegong le go bona kafa go latela kaelo e e tswang mo phuthegong ya ga Jehofa go dirang gore re nne seoposengwe ka gone. Se re neng re se rata ka bakaulengwe ke gore bontsi jwa bone ba ne ba itshokela go bogisiwa, go ganediwa ke ba malapa a bone, ba ba tsenang sekolo le bone, ba ba berekang le bone le baagelani ba bone.

Ka 2012 re ile ra ya kwa kopanong e e kgethegileng kwa Tel Aviv kwa Israel. Eno e ne le kopano ya ntlha e batho ba ga Jehofa ba ileng ba e tshwara mo nageng eno ka bontsi jo bo kalo fa e sa le ka Pentekosete ya 33 C.E. Re ka se tsoge re e lebetse!

Mo dingwageng tseo, re ile ra kopiwa gore re ye go etela naga e tiro ya rona e thibetsweng kwa go yone. Re ile ra isetsa bakaulengwe dikgatiso, ra rera le bone e bile re ile ra ya kwa dikopanong tse dinnye. Masole a a tshwereng dithunya a ne a le gongwe le gongwe a thiba ditsela go phuruphutsa dikoloi pele di feta. Mme gone, re ne re ikutlwa re sireletsegile ka gonne re ne re le kelotlhoko fa re ntse re tsamaya le baboledi ba bangwe.

RE BOELA KWA AFRICA

Franco a dirisa laptop go thaepa.

Ke baakanyetsa puo kwa Congo ka 2014

Ka 2013 re ile ra newa kabelo e nngwe e e farologaneng, re ile ra kopiwa gore re ye go direla kwa ofising ya lekala kwa Kinshasa kwa Congo. Naga eo e kgolo e ntle tota, mme gone batho ba koo ba ne ba wetswe ke lehuma la nta ya tlhogo e bile go ile ga nna le dintwa tse dintsi. Kwa tshimologong re ile ra re: “Re itse Africa, re kile ra nna teng. Ka jalo, re ka se nne le mathata a a kalo.” Mme gone, re ne re sa ntse re tlhoka go ithuta go le gontsi, segolobogolo jang ka gonne mafelo a koo a ne a se na ditsela tse di siameng. Go na le dilo tse dintsi tse re neng ra tlhoma mogopolo mo go tsone, jaaka gore bakaulengwe ba ne ba itshoka e bile ba itumetse le fa ba ne ba se na madi, ba ne ba rata bodiredi le gore ba ne ba tsaya matsapa gore ba nne teng kwa dipokanong le kwa dikopanong. Re ile ra bona fa Jehofa a ema nôkeng tiro ya go rera e bile a e segofatsa. Go ya kwa Congo go ile ga re ruta dithuto tsa botlhokwa e bile go ile ga dira gore re nne le ditsala tse re di tsayang jaaka ba lelapa la rona.

Franco a le mo bodireding a ya kwa motsaneng mongwe a na le bakaulengwe le bokgaitsadi.

Re rera mo South Africa ka 2023

Kwa bowelong jwa 2017, re ile ra kopiwa gore re tle go direla mo South Africa. Ofisi eno ya lekala e kgolo go gaisa tse re kileng ra direla kwa go tsone, e bile re ile ra newa dikabelo tse re neng re ise re ko re tsamaye re di dire pele ga foo. Le fano, re ile ra ithuta dilo di le dintsi mme dilo tse re ileng ra di ithuta mo dikabelong tse dingwe di ile tsa re thusa thata. Re rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ba ileng ba itshoka ka dingwagangwaga. Gape re itumelela go bona kafa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tswang mo dinageng tse di farologaneng e bile ba godisitsweng ka ditsela tse di sa tshwaneng ba dira mmogo ka kutlwano. Ga re belaele gore Jehofa o segofatsa batho ba gagwe ka gonne ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go apara botho jo bosha le go dirisa melaometheo ya Baebele.

Fa dingwaga di ntse di tsamaya, nna le Debbie re ile ra newa dikabelo tse di kgatlhang. Re ile ra ithuta ditso tse re neng re sa di tlwaela le dipuo tse di farologaneng. Boammaaruri ke gore ka dinako tse dingwe go ne go le thata, mme gone re ne re bona kafa Jehofa a re bontshang lorato lo lo sa kgaotseng ka gone a dirisa phuthego ya gagwe le bakaulengwe le bokgaitsadi. (Pes. 144:2) Ga re belaele gore tirelo ya nako e e tletseng e ile ya re katisa gore re kgone go direla Jehofa botoka.

Ke lebogela tsela e batsadi ba me ba nkgodisitseng ka yone, tsela e mosadi wa me e bong Debbie a nkemang nôkeng ka yone le dikao tse dintle tsa bakaulengwe le bokgaitsadi mo lefatsheng lotlhe. Nna le mosadi wa me re ikemiseditse go tswelela re letla Motlhatlheledi wa rona yo Mogolo gore a nne a re ruta.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela