SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 44
PINA 138 Bontle Jwa Botlhogoputswa
Re ka Tswelela re Itumetse Le fa Re Tsofetse
“Le fa ba tsofetse ba tla . . . atlega.”—PES. 92:14.
SE GO BUIWANG KA SONE
Re tlile go bona gore ke eng fa go le botlhokwa gore bagodi ba tswelele ba itumetse le gore ba ka dira seo jang.
1-2. Jehofa o ikutlwa jang ka batlhanka ba gagwe ba ba tsofetseng? (Pesalema 92:12-14; bona le setshwantsho.)
MO DIKAROLONG dingwe tsa lefatshe, batho ba tsaya botsofe e le sengwe se se tlotlegang. Mme mo mafelong mangwe, batho ba dira sotlhe se ba ka se kgonang gore ba se ka ba tsofala. Ka sekai, fa ba nna le moriri o mosweu, ba a o kumola. Mme gone, le fa batho ba ka dira eng, ga ba ka ke ba kgona go thibela botsofe.
2 Jehofa o ikutlwa jang ka batlhanka ba gagwe ba ba tsofetseng? (Diane 16:31) O ba tshwantsha le ditlhare tse dintle. (Bala Pesalema 92:12-14.) Goreng a ba tshwantsha le ditlhare? Gantsi ditlhare tse di tshetseng dingwaga di le dintsi di dintle ka gonne di na le matlhare le malômô a mantsi. Ka sekai, kwa Japane go na le mofuta mongwe wa ditlhare tse di tshelang lobaka lo loleele. Dingwe tsa tsone di tshela dingwaga di feta sekete e bile di dintle tota. Ka tsela e e tshwanang, batlhanka ba ga Jehofa ba ba tsofetseng le bone ba botlhokwa thata mo go ene. Jehofa ga a bone fela meriri e mesweu mo go bone, gape o bona dinonofo tse dintle tse ba nang le tsone, tse di jaaka boitshoko le gore ba feditse dingwaga di le dintsi ba mo direla ka boikanyegi.
Setlhare se nna sentle thata fa se tshedile dingwaga tse dintsi, ka tsela e e tshwanang bagodi ba na le dinonofo tse dintle tse di dirang gore Jehofa le batho ba bangwe ba ba tseye ba le botlhokwa (Bona serapa 2)
3. Naya dikai tse di bontshang gore Jehofa o ne a dirisa bagodi go diragatsa maikaelelo a gagwe.
3 Botsofe ga bo dire gore Jehofa a se ka a tlhola a tsaya motho a le botlhokwa.a Tota e bile, gantsi o dirisa bagodi go diragatsa maikaelelo a gagwe. Ka sekai, Sara o ne a tsofetse fa Jehofa a ne a mmolelela gore o ne a tla nna le ngwana wa mosimane, le gore morwa yoo e ne e tla nna setšhaba se segolo e bile Mesia o ne a tla tswa mo go sone. (Gen. 17:15-19) Gape Moshe o ne a tsofetse fa Jehofa a ne a mo roma gore a ye go golola Baiseraele kwa Egepeto. (Ekes. 7:6, 7) Moaposetoloi Johane le ene o ne a tsofetse fa Jehofa a ne a mo dirisa gore a kwale dibuka tse tlhano tsa Baebele.
4. Go ya ka Diane 15:15, ke eng se se ka thusang bagodi gore ba tswelele ba itshokile le fa ba lebana le dikgwetlho? (Bona le setshwantsho.)
4 Gantsi bagodi ba nna le mathata a mantsi a botsogo, mme seo se dira gore botshelo jwa bone bo nne thata. Kgaitsadi mongwe o ile a bua jaana a dira motlae: “Botsofe ga se mantlwane.” Mme gone, boitumelob bo ka thusa bagodi gore ba itshokele diteko tse ba lebanang le tsone. (Bala Diane 15:15.) Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka dilo tse bagodi ba ka di dirang gore ba tswelele ba itumetse. Gape re tlile go bona gore re ka thusa jang bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba godileng mo phuthegong. Mme pele ga foo, a re boneng gore batsofe ba lebana le dikgwetlho dife.
Fa bagodi ba itumetse, ba tla kgona go itshokela mathata a botsofe (Bona serapa 4)
GORENG GO KA NNA THATA GORE BAGODI BA ITUMELE?
5. Ke eng se se ka kgobang bagodi bangwe marapo?
5 Ke eng se se ka tswang se go kgoba marapo? Gongwe o kgobiwa marapo ke gore ga o sa tlhole o kgona go dira dilo tse o neng o di dira pele. O ka tswa o eletsa e kete o ka bo o sa ntse o le mosha e bile o sa lwale. (Mor. 7:10) Ka sekai, kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Ruby a re: “Go nna le ditlhabi le go palelwa ke go tsamaya, go dira gore ke thatafalelwe ke go apara. Dilo tse di motlhofo jaaka go rwala dikausu, ke namane e tona ya tiro. Diatla tsa me di sule bogatsu e bile ke na le bolwetse jwa ramatiki jo bo dirang gore ke se ka ka kgona go dira ditiro tse di sa reng sepe.” Mokaulengwe Harold yo o neng a direla kwa Bethele a re: “Ka dinako dingwe ke galefa tota ka gonne ke sa kgone go dira dilo tsotlhe tse ke neng ke di itumelela. Ke ne ke le matlhagatlhaga tota fa ke sa le mosha. Ke ne ke rata motshameko wa baseball thata. Bangwe ba ne ba a tle ba re, ‘Naya Harold bolo gore re fenye.’ Mme go ne jaanong ga ke akanye gore nka kgona go kolopa bolo eo.”
6. (a) Ke dilo dife gape tse di ka kgobang bagodi marapo? (b) Ke eng se se ka thusang bagodi gore ba dire tshwetso ya gore a ba tla tlogela go kgweetsa kgotsa nnyaa? (Bona setlhogo se se reng, “A ke Tlogele go Kgweetsa?” mo makasineng ono.)
6 A o ka tswa o kgobegile marapo ka gonne o sa tlhole o kgona go itirela dilo dingwe? O ka ikutlwa jalo segolobogolo fa go tlhokega gore mongwe a go tlhokomele kgotsa fa o tshwanelwa ke go ya go nna le mongwe wa bana ba gago. O ka kgobega marapo thata ka gonne o lwala kgotsa o sa bone sentle mo o sa kgoneng go ya kwa mafelong mangwe o le nosi kgotsa go kgweetsa. Le fa go ntse jalo, ga o a tshwanela go akanya gore Jehofa le batho ba bangwe ba go tsaya o se motho wa sepe ka gonne o sa kgone go itlhokomela, go kgweetsa kgotsa o tlhoka mongwe gore a nne le wena. Mme re tlhomamisegile gore Jehofa o tlhaloganya kafa re ikutlwang ka gone. O a itse gore re a mo rata le gore re rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. Seo ke sone se se dirang gore re nne botlhokwa mo go ene.—1 Sam. 16:7.
7. Ke eng se se ka thusang ba ba hutsafadiwang ke go akanya gore Aramagedona ga e kitla e tla ba sa ntse ba tshela?
7 Gongwe o hutsafadiwa ke go akanya gore Aramagedona ga e kitla e tla o sa ntse o tshela. Ke eng se se ka go thusang fa e le gore o ikutlwa jalo? Leka go ikgopotsa gore go na le lebaka la go bo Jehofa a letile ka bopelotelele pele a fedisa lefatshe leno. (Isa. 30:18) Lebaka leo ke lefe? Jehofa o pelotelele ka gonne a solofetse gore batho ba le bantsi ba tla ithuta ka ene e bile ba tla tlhopha go mo direla. (2 Pet. 3:9) Ka jalo fa o kgobegile marapo, gopola gore batho ba le bantsi ba ka itse Jehofa ba bo ba bolokwa pele lefatshe leno le fedisiwa. Bangwe ba batho bao e ka nna ba masika a gago.
8. Dikgwetlho tse bagodi ba lebanang le tsone di ka dira gore ba dire eng?
8 Gantsi fa re lwala, re ka tswa re le basha kgotsa re le bagolo, re ka nna ra bua kgotsa ra dira dilo tse re ka di ikwatlhaelang. (Mor. 7:7; Jak. 3:2) Ka sekai, fa monna yo o ikanyegang e bong Jobe a ne a boga, o ne a ‘bua fela a sa akanye.’ (Jobe 6:1-3) Mo godimo ga moo, bolwetse le melemo di ka dira gore bagodi ba bue kgotsa ba dire dilo tse ba neng ba ka se ka ba di dira. Boammaaruri ke gore ga re batle go dirisa bogodi kgotsa bolwetse e le seipato sa go sa bue le batho ba bangwe sentle kgotsa go nna fela re lebeletse gore ba re direle dilo. Fa re lemoga gore ga re a bua sentle le mongwe, re tshwanetse go nna bonako go kopa maitshwarelo.—Math. 5:23, 24.
SE SE KA GO THUSANG GORE O NNE O ITUMETSE
Ke eng se se ka go thusang gore o nne o itumetse le fa o lebane le dikgwetlho tsa botsofe? (Bona serapa 9-13)
9. Goreng o tshwanetse go letla batho ba bangwe gore ba go thuse? (Bona le ditshwantsho.)
9 Letla ba bangwe gore ba go thuse. (Bagal. 6:2) Seo se ka nna thata kwa tshimologong. Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Gretl a re: “Ka dinako dingwe ke thatafalelwa ke go letla batho ba bangwe gore ba nthuse ka gonne ke tsaya gore ke tla nna morwalo. Go ntsere lobaka lo loleele gore ke fetole tsela e ke neng ke akanya ka yone le gore ke letle batho ba bangwe gore ba nthuse.” Gopola gore batho ba bangwe ba tla itumela fa o ba letla gore ba go thuse. (Dit. 20:35) Le wena o tla itumela fa o bona gore batho ba bangwe ba a go rata le gore ba amega ka wena.
(Bona serapa 9)
10. Goreng re sa tshwanela go lebala go bontsha ba bangwe gore re lebogela se ba re direlang sone? (Bona le setshwantsho.)
10 Bontsha gore o lebogela se ba bangwe ba go direlang sone. (Bakol. 3:15; 1 Bathes. 5:18) Re ka tswa re lebogela dilo tse batho ba bangwe ba re direlang tsone, mme ka dinako dingwe re ka nna ra lebala go ba bolelela gore re a leboga. Mme gone, fa re smaela re bo re leboga ditsala tsa rona ka gonne di re thusa, seo se ka dira gore di itse gore re lebogela se di re diretseng sone. Leah yo o tlhokomelang bagodi kwa Bethele a re: “Mongwe wa bokgaitsadi ba ke ba tlhokomelang, o nna a nkwalela melaetsa. Melaetsa eo e mekhutshwane, mme ke a e rata. E dira gore ke itumele ka gonne e mpontsha gore o lebogela se ke mo direlang sone.”
(Bona serapa 10)
11. O ka thusa ba bangwe jang? (Bona le setshwantsho.)
11 Dira sotlhe se o ka se kgonang go thusa ba bangwe. Fa o akanya ka ba bangwe e bile o leka go ba thusa, ga o ka ke wa nnela go akanya ka mathata a gago. Seane sengwe sa Africa se tshwantsha bagodi le laeborari e e tletseng dibuka tse dintsi tse di rutang dithuto tsa botlhokwa. Mme fa dibuka tseo di ntse fela mo shelofong, ga di ka ke tsa thusa ope. Ka tsela e e tshwanang, fa o sa bolelele basha dilo tse dintsi tse o di itseng, ga ba ka ke ba itse dithuto tseo tsa botlhokwa. Ba botse dipotso, go tswa foo o ba reetse. Ba rute gore ka metlha go tshela ka melao ya ga Jehofa go re tswela mosola le gore ba tla itumela fa ba e ikobela. Ga go pelaelo gore o tla itumela fa o kgothatsa basha.—Pes. 71:18.
(Bona serapa 11)
12. Go ya ka Isaia 46:4, Jehofa o solofetsa bagodi eng? (Bona le setshwantsho.)
12 Kopa Jehofa gore a go neye maatla. Ka dinako dingwe o ka nna wa ikutlwa o lapile kgotsa o le bokoa, mme seo sa go kgoba marapo. Mme gone, gopola gore Jehofa o na le maatla. Baebele e re bolelela gore “ga a ke a lapa kgotsa a felelwa ke nonofo. “ (Isa. 40:28) Jehofa o dirisa jang maatla a gagwe a a boitshegang? Tsela nngwe e a a dirisang ka yone, ke ka go nonotsha batlhanka ba gagwe ba ba tsofetseng. (Isa. 40:29-31) Tota e bile, o solofetsa gore o tla ba thusa. (Bala Isaia 46:4.) Ka metlha Jehofa o dira se a se solofeditseng. (Josh. 23:14; Isa. 55:10, 11) Fa o rapela, Jehofa o tla go naya maatla a o a tlhokang, seo se tla dira gore o lemoge gore o a go rata e bile o tla itumela fela thata.
(Bona serapa 12)
13. Go ya ka 2 Bakorintha 4:16-18, ke eng se re tshwanetseng go se gopola? (Bona le setshwantsho.)
13 Gopola gore mathata a o lebanang le one ke a nakwana. Go ka nna motlhofo gore re itshoke fa re gopola gore mathata a re lebanang le one ke a nakwana. Gape Baebele e re tlhomamisetsa gore botsofe le bolwetse ke dilo tsa nakwana. (Jobe 33:25; Isa. 33:24) Ka jalo, go itse gore mo nakong e e tlang o tla bo o sa lwale, o na le maatla e bile o le montle go gaisa mo nakong e e fetileng, go ka dira gore o itumele. (Bala 2 Bakorintha 4:16-18.) Mme gone, batho ba bangwe ba ka thusa jang?
(Bona serapa 13)
BA BANGWE BA KA THUSA JANG?
14. Goreng go etela bagodi le go ba founela go le botlhokwa?
14 Nna o etela bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba godileng le go ba founela. (Baheb. 13:16) Bagodi ba ka hutsafala ka gonne ba fetsa nako e ntsi ba le nosi. Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Camille yo o sa kgoneng go tswa mo ntlong a re: “Go tswa mo mosong go fitlha maitseboa ke nna fela ke le mo ntlong. Ka jalo ke jewa ke bodutu, seo se a ntlhobaetsa e bile se a nkgalefisa. Ka dinako dingwe ke ikutlwa jaaka tau e e tsofetseng, e tswaletswe e bile e sa kgone go ya gope.” Fa re etela bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba godileng, re ba tlhomamisetsa gore ba botlhokwa mo go rona le gore re a ba rata. Gongwe go na le dinako tse re neng re batla go founa kgotsa go etela mogodi mongwe, mme re sa kgona go dira jalo. Boammaaruri ke gore rotlhe re na le dilo tse dintsi tse re tshwanetseng go di dira. Ka jalo, ke eng se se ka re thusang go ‘lemoga gore dilo tse di botlhokwa thata ke dife’ jaaka go etela bagodi? (Bafil. 1:10) O ka nna wa kwala maina a bagodi ba ba mo phuthegong ya lona le letsatsi le o tla ba romelelang molaetsa kgotsa le o tla ba founelang ka lone. Gape o ka dira dithulaganyo tsa go ba etela. Baya letsatsi gore o se ka wa lebala.
15. Ke dilo dife tse basha le bagodi ba ka di dirang mmogo?
15 Fa e le gore o mosha, o ka tswa o ipotsa gore o tla tlotla ka eng le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba godileng kgotsa lo tla dira eng fa lo le mmogo. Mme gone, ga o tlhoke go tshwenyega ka seo. Wena nna botsalano fela. (Diane 17:17) Tlotla le bone pele ga dipokano le morago ga tsone. Gongwe o ka ba botsa gore ba rata temana efe kgotsa gore ke eng se se tshegisang se ba ileng ba se dira fa ba sa ntse ba le basha. Gape o ka ba kopa gore lo lebelele thulaganyo ya JW Broadcasting® mmogo. Mo godimo ga moo, o ka ba thusa ka dilo dingwe tse ba di tlhokang. Ka sekai, o ka tlhomamisa gore difouno kgotsa dithabolete tsa bone di bereka sentle kgotsa wa ba downloudela dikgatiso tse disha. Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Carol a re: “Laletsa bagodi gore ba tle go dira le wena dilo tse o di itumelelang. Le fa gone ke tsofetse, ke sa ntse ke batla go itumelela botshelo. Ke rata go ya dishopong, go ja kwa diresetšhurenteng le go itumelela dilo tse Jehofa a di bopileng.” Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Maira a re: “Nngwe ya ditsala tsa me e na le dingwaga di le 90. O mpheta ka dingwaga di le 57. Gantsi ke lebala kgang eo ka gonne re tshega mmogo e bile re lebelela di-movie mmogo. Fa re na le mathata, re a gakololana.”
16. Goreng go thusa go tsamaya le bagodi fa ba ya go bona dingaka?
16 Tsamaya le bone fa ba ya go bona ngaka. O ka thusa bagodi ka sepalangwa, gape o ka tlhomamisa gore dingaka di dirisana le bone sentle le gore di ba naya thuso e ba e tlhokang. (Isa. 1:17) Fa o tsamaile le mogodi, mo thuse ka go kwala dintlha tse ngaka e di buang. Kgaitsadi mongwe yo o godileng yo o bidiwang Ruth a re: “Gantsi fa ke ile ngakeng ke le nosi, dingaka ga di ntumele fa ke di bolelela gore ke a lwala. Di na le go nthaya di re, ‘Ga o lwale, o itira e kete o a lwala.’ Mme fa ke tsamaile le mongwe, di dirisana le nna sentle. Ke leboga bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba iphang nako ya go tsamaya le nna.”
17. O ka dirisa ditsela dife go rera le bagodi?
17 Bereka le bone mo tshimong. Bagodi bangwe ga ba kgone go tsamaya ka ntlo le ntlo. A o ka kopa kgaitsadi yo o godileng gore a bereke le wena mo tshimong gongwe lo dirisa kolotsana ya dikgatiso? O ka mo tlela ka setulo gore a kgone go nna gaufi le kolotsana eo. Kgotsa a o ka tsamaya le mokaulengwe yo o godileng fa o ya go tshwara thuto, gongwe e bile lo e tshwarela kwa legaeng la gagwe? Bagolwane ba ka rulaganya gore dipokano tsa tshimo di tshwarelwe kwa magaeng a bagodi gore ba kgone go ya tshimong. Jehofa o a itumela fa re dira sotlhe se re ka se kgonang go bontsha bagodi gore re a ba rata le gore re a ba tlotla.—Diane 3:27; Bar. 12:10.
18. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?
18 Setlhogo seno se re gopoditse gore Jehofa o rata bagodi le gore o ba tsaya ba le botlhokwa. Le rona re ikutlwa jalo ka bone. Botsofe ga se kgetsi e potlana, mme Jehofa o tla go thusa gore o nne o itumetse. (Pes. 37:25) Gape o ka nna o lebile pele nako ya fa o tla bo o itumetse go feta kafa o kileng wa itumela ka gone. Mme go na le bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba ba tlhokomelang mongwe yo o godileng, ngwana, tsala kgotsa mongwe yo o lwalang. Ke eng se se ka ba thusang gore ba nne ba itumetse? Re tla tlotla ka potso eno mo setlhogong se se latelang.
PINA 30 Rre, Modimo Wa me Le Tsala ya Me
a Bona bidio ya setlhogo se se reng, Bagodi—Lo na Le Tiro e e Botlhokwa, mo jw.org le mo JW Library®.
b TLHALOSO: Boitumelo ke nngwe ya dinonofo tse moya o o boitshepo o re thusang go nna le tsone. (Bagal. 5:22) Go atamalana le Jehofa go re thusa go itumela.