LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w25 November ts. 22-27
  • “O Mongwe yo o Botlhokwa Thata”!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “O Mongwe yo o Botlhokwa Thata”!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • JESU O NE A THUSA BATHO JANG GORE BA LEMOGE GORE BA BOTLHOKWA?
  • ITEBE KA TSELA E JEHOFA A GO LEBANG KA YONE
  • Jehofa “o Fodisa ba ba Pelo e Phatlogileng”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • Jehofa O a Go Rata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • Se re Se Ithutang mo go Jesu Malatsi a le 40 Pele a Boela Kwa Legodimong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • Ikokobetse Fa go Na le Dilo Tse o Sa di Itseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
w25 November ts. 22-27

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 47

PINA 38 O Tla go Nonotsha

“O Mongwe yo o Botlhokwa Thata”!

“O mongwe yo o botlhokwa thata.”​—DAN. 9:23.

SE GO BUIWANG KA SONE

Setlhogo seno se tla thusa batho ba ba itsayang e se batho ba sepe go tlhaloganya gore ba botlhokwa mo go Jehofa.

1-2. Ke eng se se ka re thusang go dumela gore re botlhokwa mo go Jehofa?

JEHOFA o tsaya batlhanka ba gagwe ba le botlhokwa thata. Mme gone, bangwe ba bone ga ba dumele gore Jehofa o a ba rata. Gongwe ba ikutlwa jalo ka gonne mongwe a ile a dira gore ba ikutlwe e se batho ba sepe. A le wena o kile wa ikutlwa jalo? Fa go ntse jalo, ke eng se se ka go thusang go dumela gore Jehofa o go tsaya o le botlhokwa?

2 O ka thusiwa ke go bala dipego tse di bontshang gore Jehofa o batla gore batho ba tshwarwe jang. Morwawe e bong Jesu, o ne a tlotla batho e bile a ba tshwara sentle. Seo se ne se bontsha gore ene le Rraagwe ba tsaya batho ba ba itsayang e se ba sepe ba le botlhokwa. (Joh. 5:19; Baheb. 1:3) Mo setlhogong seno, re tla bona gore: (1) Jesu o ne a thusa jang batho gore ba lemoge gore ba botlhokwa le gore (2) re ka itlhatswa pelo jang gore le rona Jehofa o re tsaya re le botlhokwa.​—Hag. 2:7.

JESU O NE A THUSA BATHO JANG GORE BA LEMOGE GORE BA BOTLHOKWA?

3. Jesu o ile a tshwara jang Bagalalea ba ba neng ba ya kwa go ene gore a ba thuse?

3 Fa Jesu a ne a rera kwa Galalea, batho ba le bantsi ba ne ba ya kwa go ene gore ba mo reetse le gore a ba fodise. O ne a lemoga gore “ba ne ba sotlegile e bile ba gasame jaaka dinku tse di se nang modisa.” (Math. 9:36; bona le dintlha tsa go ithuta mo Baebeleng ya Seesemane.) Baeteledipele ba bone ba bodumedi ba ne ba sa ba tseye ba le botlhokwa e bile ba ne ba re ba ‘hutsegile.’ (Joh. 7:47-49; ntlha ya go ithuta mo Baebeleng ya Seesemane.) Mme Jesu ene o ne a ipha nako ya go ba ruta le go ba fodisa. Seo se ne se bontsha gore o ne a le pelonomi mo go bone e bile a ba tlotla. (Math. 9:35) Mo godimo ga moo, gore a kgone go thusa batho ba ba oketsegileng, o ile a katisa baaposetoloi ba gagwe gore ba dire tiro ya go rera a bo a ba naya maatla a go fodisa balwetse.​—Math. 10:5-8.

4. Re ithuta eng mo tseleng e Jesu a neng a dirisana ka yone le batho ba ba neng ba mo reeditse?

4 Tsela e Jesu a neng a tlotla batho ba ba neng ba mo reeditse ka yone e bile a le pelonomi mo go bone, e ne e bontsha gore ene le Rraagwe ba tsaya batho ba ba tseelwang kwa tlase ba le botlhokwa. Fa e le gore o direla Jehofa mme o itsaya o se motho wa sepe, akanya kafa Jesu a neng a dirisana ka gone le batho ba ba neng ba batla go ithuta mo go ene. Go dira jalo go ka go thusa go lemoga gore o botlhokwa go le kana kang mo go Jehofa.

5. Tlhalosa gore mosadi yo Jesu a ileng a kopana le ene kwa Galalea o ne a le mo boemong jo bo ntse jang.

5 Jesu o ne a sa rute batho fela e le setlhopha, gape o ne a ruta le go thusa batho ka bongwe. Ka sekai, fa a ne a rera kwa Galalea, o ile a kopana le mosadi yo o neng a feditse dingwaga di le 12 a na le kelelo ya madi. (Mar. 5:25) Go ya ka Molao, o ne a itshekologile e bile ope fela yo o neng a tla mo kgoma le ene o ne a tla itshekologa. Seo se tshwanetse sa bo se ne se dira gore a fetse nako e ntsi a le nosi. Mo godimo ga moo, o ne a sa kgone go obamela Jehofa a na le ba bangwe kwa Sinagogeng le ka nako ya meletlo ya kobamelo. (Lefi. 15:19, 25) Ka jalo, mosadi yono o ne a lwala e bile a ikutlwa a sa ratiwe.​—Mar. 5:26.

6. Mosadi yo o neng a na le kelelo ya madi o ile a dira eng gore a fole?

6 Mosadi yono yo o neng a boga thata, o ne a batla gore Jesu a mo fodise. Mme gone, ga a a ka a mo kopa gore a mo fodise. Goreng? Gongwe boemo jwa gagwe bo ne bo mo tlhabisa ditlhong. Kgotsa a ka tswa a ne a tshaba gore Jesu o tla mo omanya ka gonne a ile a tsena mo gare ga batho a itse gore o itshekologile. Ka jalo, o ile a kgoma seaparo sa gagwe sa kafa ntle ka gonne a ne a dumela gore o tla fola. (Mar. 5:27, 28) Go ile ga nna fela jalo, o ile a fola. Jesu o ile a botsa gore ke mang yo o mo kgomileng. Mosadi yono o ile a mmolelela gore ke ene. Jesu o ile a dira eng?

7. Jesu o ile a dirisana jang le mosadi yo o neng a boga thata? (Mareko 5:34)

7 Jesu o ne a bontsha gore o tlotla mosadi yono le gore o pelonomi mo go ene. O ile a lemoga gore o ne a “tshogile e bile a roroma.” (Mar. 5:33) E re ka a ne a itse gore o ne a ikutlwa jang, o ile a bua le ene ka bonolo. Tota e bile, o ne a mmitsa “morwadiaka.” Jesu o ne a sa mmitse jalo fela ka gonne a mo tlotla, gape o ne a dira jalo ka gonne a ne a mo rata e bile a le pelonomi mo go ene. (Bala Mareko 5:34.) Fa ntlha ya go ithuta e e mo Baebeleng ya Seesemane e tlhalosa lefoko leno, e a re “leno ke lone fela lekgetlo le Jesu a ileng a bitsa mosadi a re ‘morwadiaka’ mo Baebeleng. Gongwe o ne a mmitsa jalo ka ntlha ya boemo jwa gagwe le gore o ne a ‘roroma.’” Ruri mosadi yoo o tshwanetse a bo a ile a imologa! Fa Jesu a ka bo a sa mo kgothatsa, o ne a tla boela gae a fodile mme gone a ikutlwa molato. Ka jalo, Jesu o ne a batla gore a itse gore o botlhokwa mo go Jehofa.

8. Ke dikgwetlho dife tse kgaitsadi mongwe wa kwa Brazil a ileng a tshwanelwa ke go di itshokela?

8 Gompieno bangwe ba batlhanka ba ga Jehofa le bone ba a lwala, mme seo se dira gore ba tshwenyege thata mo maikutlong le gore ba ikutlwe e se batho ba sepe. Kgaitsadi Mariaa wa kwa Brazil yo e leng mmulatsela wa ka metlha, o tshotswe a se na maoto le seatla sa molema. A re: “Bana ba ke neng ke tsena sekolo le bone, ba ne ba nna fela ba nkgerisa ka ntlha ya tsela e ke lebegang ka yone. Ba ne ba mpitsa ka maina a a utlwisang botlhoko. Tota le ba lelapa la gaetsho ba ne ba sa ntshware sentle.”

9. Maria o thusitswe ke eng gore a lemoge gore o botlhokwa mo go Jehofa?

9 Maria o ile a bona thuso kae? Fa a sena go amogela boammaaruri, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ile ba mo kgothatsa le go mo thusa go lemoga gore o botlhokwa mo go Jehofa. A re: “Buka e ka tlala fa nka kwala maina a batho botlhe ba ba nthusitseng. Ke leboga Jehofa thata go bo ke le mo phuthegong ya gagwe e e lorato.” Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ile ba thusa Maria gore a lemoge gore o botlhokwa mo go Jehofa.

10. Tlhalosa boemo jo Marea Magadalena a neng a le mo go jone. (Bona le ditshwantsho.)

10 Akanya ka motho yo mongwe gape yo Jesu a ileng a mo thusa e bong Marea Magadalena. O ne a tsenwe ke madimona a le supa. (Luke 8:2) Madimona ao a tshwanetse a bo a ne a dira gore a itshware ka tsela e e sa tlwaelegang, mme seo se bo se dira gore batho ba tsamaele kgakala le ene. Mo nakong eo e e thata, o tshwanetse a bo a ne a tshogile, a ikutlwa a sa ratiwe e bile go se na ope yo o ka mo thusang. E tshwanetse e a bo e ne e le Jesu yo o ileng a ntsha madimona ao mo go ene, e bile Marea o ile a nna morutwa wa gagwe. Ke eng gape se Jesu a ileng a se dira go thusa Marea Magadalena gore a lemoge gore o botlhokwa mo go Jehofa?

Ditshwantsho: 1. Jesu o lebeletse Marea Magadalena a khubame mo phashiting e e lefifi a tshwenyegile. 2. Marea Magadalena o itumeletse go tsamaya le Jesu le barutwa ba bangwe ba ga Jesu.

Jesu o ile a netefaletsa Marea Magadalena jang gore o botlhokwa mo go Jehofa? (Bona serapa 10-11)


11. Jesu o ile a bontsha jang Marea Magadalena gore o botlhokwa mo go Jehofa? (Bona le ditshwantsho.)

11 Jesu o ile a naya Marea Magadalena tshiamelo ya gore a tsamaye le ene le barutwa ba gagwe fa ba rera mo metseng le mo metsaneng.b Seo se ile sa dira gore a nne le tshono ya go utlwa Jesu a ruta batho ba bangwe. Gape Jesu o ne a iponatsa kwa go ene mo letsatsing le a tsositsweng ka lone. Marea Magadalena e ne e le mongwe wa barutwa ba ntlha ba Jesu a ileng a bua le bone mo letsatsing leo. Mo godimo ga moo, Jesu o ile a mo laela gore a ye go bolelela baaposetoloi ba gagwe gore o tsositswe. Dilo tseo tsotlhe di bontsha gore Marea Magadalena o ne a le botlhokwa thata mo go Jehofa.​—Joh. 20:11-18.

12. Ke eng se se dirileng gore Lidia a ikutlwe a sa ratiwe?

12 Fela jaaka Marea Magadalena, batho ba le bantsi gompieno ba ikutlwa ba sa ratiwe. Kgaitsadi mongwe wa kwa Spain yo o bidiwang Lidia a re fa mmaagwe a mo imile, o ne a akanyetsa go ntsha mpa. Lidia o gopola gore tota le fa a ne a le monnye mmaagwe o ne a mo tlhokomologa e bile a mo tlhaba ka mafoko. A re: “Ke ne ke batla gore batho ba bangwe ba nkamogele le gore ba nthate. Mme ke ne ke tsaya gore ga ke tshwanelwe ke lorato loo, ka gonne Mama o ne a dirile gore ke dumele gore ke motho yo o bosula.”

13. Ke eng se se ileng sa thusa Lidia go lemoga gore o botlhokwa mo go Jehofa?

13 Fa Lidia a simolola go ithuta Baebele, dilo di ne tsa fetoga. Go rapela, go ithuta Baebele le tsela e bakaulengwe le bokgaitsadi ba neng ba mo kgothatsa ka yone le e ba neng ba mo tshwara ka yone, e ile ya mo thusa gore a lemoge gore o botlhokwa mo go Jehofa. A re: “Monna wa me o nna a mpolelela gore o a nthata. Nako le nako o nkgopotsa dinonofo tse dintle tse ke nang le tsone. Ditsala tsa me le tsone di dira se se tshwanang.” A go na le mongwe yo o mo itseng yo o tlhokang go thusiwa go lemoga gore o botlhokwa mo go Jehofa?

ITEBE KA TSELA E JEHOFA A GO LEBANG KA YONE

14. Go ya ka 1 Samuele 16:7, Jehofa o leba batho jang? (Bona le lebokoso le le reng, “Goreng Jehofa a Tsaya Batho ba Gagwe ba le Botlhokwa?”)

14 Gopola gore Jehofa ga a go lebe ka tsela e batho mo lefatsheng ba go lebang ka yone. (Bala 1 Samuele 16:7.) Gore motho o lebega jang, o na le madi a a kana kang kgotsa o rutegile go le kana kang, tseo ga se dilo tse di dirang gore Jehofa a mo tseye a le botlhokwa. (Isa. 55:8, 9) Ka jalo, leka go iteba ka tsela e Jehofa a go lebang ka yone, e seng ka tsela e batho mo lefatsheng ba go lebang ka yone. O ka bala ka dipego tsa Baebele tse di bontshang gore Jehofa o ne a tsaya batho ba ka dinako dingwe ba neng ba itsaya e se ba sepe ba le botlhokwa. Bangwe ba bone ke Elija, Naomi le Hana. Gape o ka kwala ka dilo tse di go diragaletseng tse di go bontshitseng gore Jehofa o go rata thata. Mo godimo ga moo, o ka batla tshedimosetso mo dikgatisong tsa rona e e buang ka go inyatsa kgotsa go ikutlwa o se motho wa sepe.c

Goreng Jehofa a Tsaya Batho ba Gagwe ba le Botlhokwa?

Jehofa o bopile batho ba farologane thata le diphologolo. O re bopile ka tsela e e ka dirang gore re mo itse le gore re nne ditsala tsa gagwe. (Gen. 1:27; Pes. 8:5; 25:14; Isa. 41:8) Seo se dira gore re nne botlhokwa. Mme gone, re nna botlhokwa thata mo Mmoping wa rona e bong Jehofa fa re tlhopha go atamalana le ene, go ineela mo go ene le go mo ikobela.​—Isa. 49:15.

15. Goreng Jehofa a ne a tsaya Daniele e le “mongwe yo o botlhokwa thata”? (Daniele 9:23)

15 Nna o gopotse gore o botlhokwa mo go Jehofa ka gonne o ikanyega. Moporofeti Daniele a ka tswa a ne a tloga a tshwara dingwaga di le 100 fa a ne a ikutlwa a “lapile thata” e bile a kgobegile marapo. (Dan. 9:20, 21) Jehofa o ile a mo kgothatsa jang? O ile a romela moengele Gabariele gore a mo gopotse gore ke “mongwe yo o botlhokwa thata” le gore o utlwile dithapelo tsa gagwe. (Bala Daniele 9:23.) Ke eng se se neng se dira gore Daniele a nne botlhokwa thata jaana mo go Jehofa? O ne a na le dinonofo tse dintsi tse dintle. Dingwe tsa tsone ke gore o ne a rata tshiamiso e bile a ikanyega. (Esek. 14:14) Jehofa o ile a dira gore pego ya gagwe e kwalwe mo Baebeleng gore e re gomotse. (Bar. 15:4) Gape Jehofa o reetsa dithapelo tsa gago e bile o a go rata ka gonne o dira se se siameng e bile o ikanyega mo go ene.​—Mika 6:8, dintlh.; Baheb. 6:10.

16. Ke eng se se ka go thusang go leba Jehofa e le Rre yo o lorato?

16 Leba Jehofa e le Rre yo o go ratang. O batla go go thusa, e seng go go tshwayatshwaya diphoso. (Pes. 130:3; Math. 7:11; Luke 12:6, 7) Go akanyetsa kwa teng ka kgang eo go thusitse batho ba le bantsi ba ba itsayang e se batho ba sepe. Ka sekai, akanya ka kgaitsadi mongwe wa kwa Spain yo o bidiwang Michelle yo monna wa gagwe a feditseng dingwaga di le dintsi a mo tlhaba ka mafoko. A re: “Fa ke ikutlwa ke se motho wa sepe, ke leka go ipona ke le mo matsogong a ga Jehofa a nkukile, a mpontsha lorato e bile a ntshireleditse.” (Pes. 28:9) Kgaitsadi mongwe wa kwa South Africa yo o bidiwang Lauren o nna a ipolelela go re, “Fa e le gore Jehofa o ne a nkgogela kwa go ene ka megala ya lorato, a nthusa mo dingwageng tseno tsotlhe a bo a ntetla go ruta ba bangwe ka ene, ga go pelaelo gore o ntsaya ke le botlhokwa.”​—Hos. 11:4.

17. Ke eng se se ka go tlhomamisetsang gore Jehofa o a go amogela? (Pesalema 5:12) (Bona le setshwantsho.)

17 Tlhomamisega gore Jehofa o a go amogela. (Bala Pesalema 5:12.) Dafide o ile a tshwantsha go amogelwa ke Jehofa le “thebe e kgolo” e e sireletsang batho ba ba siameng. Go itse gore Jehofa o a go amogela e bile o go ema nôkeng, go tla go thusa gore o se ka wa nnela go akanya gore ga o motho wa sepe. O ka itse jang gore Jehofa o a go amogela? Fela jaaka re bone, Jehofa o go tlhomamisetsa seo mo Lefokong la gagwe. Mo godimo ga moo, o dirisa bagolwane, ditsala le batho ba bangwe go go gopotsa gore o botlhokwa mo go ene. O tshwanetse go ikutlwa jang ka seo?

Kgaitsadi mongwe o tswa mo Holong ya Bogosi a smaela, o haka kgaitsadi yo mongwe fa ba ntse ba ya tshimong.

Go itse gore Jehofa o a re amogela, go ka re thusa gore re se ka ra nnela go akanya gore ga re batho ba sepe (Bona serapa 17)


18. Goreng o tshwanetse go amogela se ba bangwe ba se buang fa ba go akgola?

18 Fa batho ba ba go itseng e bile ba go rata ba go akgolela dilo tse dintle tse o di dirang, o se ka wa akanya gore ga ba bue boammaaruri. Nna o gopotse gore Jehofa a ka ba dirisa go go thusa go lemoga gore o a go amogela. Michelle yo re tlotlileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng a re: “Ka iketlo ka iketlo, ke ithuta go amogela se ba bangwe ba se buang fa ba nkakgola. Ga go motlhofo, mme ke a itse gore ke se Jehofa a batlang gore ke se dire.” Bagolwane le bone ba thusitse Michelle gore a lemoge gore Jehofa o a mo amogela. Gone jaanong ke mmulatsela wa ka metlha e bile o thusa ka tiro nngwe ya Bethele a le kwa gae.

19. Goreng o ka tlhatswega pelo gore o botlhokwa mo go Jehofa?

19 Jesu o re gopotsa gore re botlhokwa thata mo go Rraarona yo o kwa legodimong. (Luke 12:24) Ka jalo, re ka tlhomamisega gore Jehofa o re tsaya re le botlhokwa. A re se kang ra lebala seo. Gape a re direng sotlhe se re ka se kgonang go thusa ba bangwe go lemoga gore ba botlhokwa thata mo go Jehofa.

O KA ARABA JANG?

  • Jesu o ile a thusa batho ba bangwe jang gore ba lemoge gore ba botlhokwa mo go Jehofa?

  • Jesu o ile a thusa jang mosadi yo o neng a na le kelelo ya madi?

  • Ke eng se se ka re thusang go iteba ka tsela e Jehofa a re lebang ka yone?

PINA 139 Ipone o Tshela mo Lefatsheng le Lesha

a Maina mangwe a fetotswe.

b Marea Magadalena e ne e le mongwe wa basadi ba ba neng ba tsamaya le Jesu. Ba ne ba dirisa dilo tse ba nang le tsone go tlhokomela Jesu le baaposetoloi ba gagwe.​—Math. 27:55, 56; Luke 8:1-3.

c Ka sekai, bona kgaolo 24 mo bukeng ya Atamalana le Jehofa, gape bala ditemana le dipego tsa Baebele tse di mo setlhogong se se reng, “Fa re Ipona re se Botlhokwa mo Modimong” mo bukeng ya Bakeresete ba Kaelwa ke Baebele.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela