Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
Ke “kakanyo” efe e Jehofa a tla e tsenyang mo pelong ya ditšhaba mo nakong e e sa fediseng pelo?
Fa Tshenolo 17:16 le 17 e bua ka tshimologo ya pitlagano e kgolo, e a re: “Dinaka tseno tse di lesome tse o di boneng mmogo le sebatana, di tla tlhoa seaka seo, di tla se senya di bo di se tlogela se sa apara, mme di tla ja nama ya sone di bo di se ja ka molelo. Gonne Modimo o tsentse seo mo dipelong tsa tsone gore di diragatse kakanyo e le nngwe e tsotlhe di nang le yone, e tota e leng kakanyo ya gagwe, ka go naya sebatana bogosi jwa tsone.” Mo nakong e e fetileng, dikgatiso tsa rona di ile tsa re “kakanyo” e Jehofa a tla e tsenyang mo pelong ya ditšhaba ke go fedisa bodumedi jwa maaka.
Mme gone, re tlhoka go fetola tsela e re tlhaloganyang temana eno ka yone. “Kakanyo” e Jehofa a tla e tsenyang mo pelong ya ditšhaba ke gore di ‘neye sebatana bogosi jwa tsone.’ Gore re tlhaloganye gore seno se tlile go diragadiwa jang, a re sekasekeng dipotso tse di latelang.
Boporofeti jono bo bua ka bomang? “Seaka” se gape se bidiwang “Babelona yo Mogolo,” se emela mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka. ‘Sebata se sehibidu’ se emela Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. Lekgotla leno le ne la simologa ka 1919 ka boikaelelo jwa go dira gore go tswelele go na le kagiso mo lefatsheng, mme ka nako eo le ne le bidiwa Lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba. (Tshen. 17:3-5) ‘Dinaka tse di lesome’ di emela dipuso tse di emang sebatana nôkeng.
Seaka se dirisana jang le sebatana se sehibidu? Seaka se “ntse mo sebataneng,” mo go rayang gore se se ema nôkeng e bile se leka go se laola.
Go tla direga eng ka seaka? Sebatana le dinaka di le lesome “di tla tlhoa seaka” thata jaana mo di tla se tseelang sengwe le sengwe di bo di bontsha mongwe le mongwe gore se boikepo. Go tswa foo, di tla se fedisa jaaka Jehofa a buile. (Tshen. 17:1; 18:8) Go tla bo go ile fela jalo ka bodumedi jwa maaka. Mme pele ga foo, Jehofa o tla dira gore ditšhaba di dire sengwe se se iseng se tsamaye se direge.
Jehofa o tla dira gore ditšhaba di dire eng? O tla tsenya mo pelong ya dinaka di le lesome “kakanyo ya gagwe” ya gore di neye “sebatana [se sehibidu e leng Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng] maatla le taolo ya tsone.” (Tshen. 17:13) Akanya gore seno se kaya eng. A dipuso tsa batho di tla dira tshwetso ya gore di neye sebatana maatla le taolo ya tsone? Nnyaa! Boporofeti bo bontsha gore Modimo ke ene a tla di tlhotlheletsang gore di dire jalo. (Diane 21:1; bapisa le Isaia 44:28.) A seno se tla direga ka bonya ka bonya? Nnyaa! Se tla direga ka ponyo ya leitlho. Go tswa foo, sebatana se tla fedisa madumedi otlhe a maaka.
Re ka lebelela gore go tla direga eng mo nakong e e tlang? Ga re a tshwanela go lebelela gore re tla utlwa dikgang tsa gore ka iketlo ka iketlo dipuso di ema Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng nôkeng go feta pele. Se re ka se lebelelang ke gore ka ponyo ya leitlho, Jehofa o tla dira gore dipuso tsotlhe di neye Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng maatla a tsone. Ka nako eo, re tla itse gore pitlagano e kgolo e tloga e simologa. Mme fa seo se ise se direge, “a re nneng re tsogile re bo re dirise ditlhaloganyo tsa rona” ka gonne go ise go ye kae, diphetogo di tla direga ka tshoganyetso!—1 Bathes. 5:6.