LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yb14 ts. 26-35
  • Pego ya Tsa Molao

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Pego ya Tsa Molao
  • Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2014
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Pego ya Tsa Molao
    Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2015
  • Dintlhakgolo Tsa Ngwaga o o Fetileng
    Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2013
  • Pego ya Tsa Molao
    Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2016
  • Pego ya Tsa Molao
    Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2017
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2014
yb14 ts. 26-35

DINTLHAKGOLO TSA NGWAGA O O FETILENG

Pego ya Tsa Molao

Moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa Bakeresete jaana: “Nnang lo gopotse ba ba mo dikgoleng tsa kgolegelo jaaka e kete lo golegilwe le bone.” (Baheb. 13:3) Rona batlhanka ba ga Jehofa, re nna re gopola bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba ikanyegang le go rapela malebana le “botlhe ba ba mo maemong a a kwa godimo; gore re tle re tswelele re tshela botshelo jo bo sisibetseng le jo bo didimetseng ka boineelo jo bo tletseng jwa bomodimo le bomasisi.”—1 Tim. 2:1, 2, ntlha e e kwa tlase go NW; Baef. 6:18.

Tseno ke dingwe tsa dikgang tsa semolao tse Basupi ba ga Jehofa ba ntseng ba lebane le tsone mo ngwageng o o fetileng:

Bakaulengwe ba rona kwa Russia ba ntse ba “tswelela ba sa kgaotse ba ruta e bile ba bolela dikgang tse di molemo” le fa Kereke ya Orthodox ya Russia le balaodi bangwe ba puso ba ntse ba leka go emisa tiro ya rona. (Dit. 5:42) Balaodi ba Russia ba tsweletse ka go dirisa e se ka tshwanelo—mo dikgatisong tsa rona le mo bakaulengweng ba rona—molao o o kgatlhanong le dilo tse di kotsi mo setšhabeng o kwa tshimologong o neng o diretswe go lwantsha borukhutlhi. Ka ntlha ya seo, dikgotlatshekelo tsa Russia di boletse gore dikgatiso tsa rona di ka nna 70 di na le mafoko “a a kotsi” mme balaodi ba puso ba tsentse dikgatiso tseno mo lenaaneng la setšhaba la dikgatiso tse di kotsi tse di thibetsweng. Ka ntlha ya seno se go tweng se kotsi, balaodi bangwe ba dikgaolo ba phuruputsha Diholo Tsa Bogosi le magae a bakaulengwe ba rona ba batla dikgatiso tseo. Mapodise a tshwara Basupi ba le bantsi, a ba tsaya ditshwantsho le go ba gatisa menwana ka gonne ba le mo bodireding. Gantsi ba leka go ba tshosetsa fa ba ntse ba ba tswaletse kwa seteisheneng sa mapodise.

Go simolola ka Motsheganong 2013, bakaulengwe le bokgaitsadi ba le 16 kwa toropong ya Taganrog ba ne ba sekisediwa go rulaganya dipokano tsa Bokeresete, go nna gone mo go tsone le go nna le seabe mo go tsone mmogo le go dira tiro ya go rera. Leno ke lekgetlo la ntlha fa e sa le puso ya Soviet Union e wa Basupi ba latofadiwa ka gore ba dira ditiro tsa bokebekwa fela ka gonne ba dira dilo tsa bodumedi jwa bone. Balaodi mo mafelong a mangwe a Russia ba leka go tlhotlheletsa dikgotlatshekelo gore di bolele fa dikgatiso tsa rona di le “kotsi” le gore di atlhole bakaulengwe ba rona e le dikebekwa tse di nang le letlhoo la bodumedi.

Maemo a bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona kwa Eritrea ga a ise a tokafale. Fa e sa le ka Phukwi 2013, go ne go na le ba le 52 mo kgolegelong, go akaretsa bakaulengwe ba le robedi ba ba nang le dingwaga di le 70 kgotsa go feta, mmogo le bokgaitsadi ba le barataro. Bakaulengwe ba le bararo, Paulos Eyassu, Isaac Mogos le Negede Teklemariam, ba ntse ba le mo kgolegelong fa e sa le ka Lwetse 24, 1994, ka ntlha ya go se tseye letlhakore mo tirelong ya bosole.

Palo e e fetang halofo ya botlhe ba ba mo dikgolegelong ba kwa kampeng ya kgolegelo ya Meiter, e e kwa karolong e e sekaka e e kwa bokone jwa motsemogolo, Asmara. Go tloga ka Diphalane 2011 go fitlha ka Phatwe 2012, balaodi ba ne ba otlhaya bakaulengwe ba rona ba le 25 ka go ba tsenya mo kagong ya disenke e bontlhanngwe jwa yone bo epetsweng fa fatshe. Ka dikgwedi tsa selemo, badisa ba ntsha magolegwa motshegare gore ba falole mogote o mogolo wa kago eno. Le fa go ntse jalo, ga ba newe dijo tse di lekaneng le metsi a a lekaneng, ka jalo bakaulengwe ba rona ba a boga. Ka maswabi, Yohannes Haile, mokaulengwe wa dingwaga tse 68, o ne a tlhokafala ka Phatwe 2012 ka ntlha ya go tshwarwa makgwakgwa, fela jaaka Mokaulengwe Misghina Gebretinsae yo o tlhokafetseng ka 2011.

Go Gana Ditirelo Tsa Bosole ka Ntlha ya Segakolodi

Go ya ka Isaia 2:4 le Johane 18:36.

ARMENIA

Ka Ngwanatsele 27, 2012, Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho (European Court of Human Rights [ECHR]) e ne ya ntsha katlholo e e neng e ema Basupi nokeng mo kgetsing ya Khachatryan and Others v. Armenia. Puso e ne e sekisitse Basupi ba le 17 go sa tshwanela ka gonne ba ganne go dira tiro e e seng ya bosole mme e laolwa ke masole. Armenia e duetse batho ba ba neng ba latofaditswe jalo go se kafa molaong e bile e dueletse ditshenyegelo tsa semolao.

Le fa go ile ga ntshiwa katlholo e e emang Basupi nokeng mo kgetsing ya Khachatryan le mo katlholong ya pele ga foo mo kgetsing ya Bayatyan v. Armenia mmogo le mo dikatlholong tse di neng tsa latela tsa ECHR, puso ya kwa Armenia e ne ya tswelela e sekisa le go bona molato basha ba Basupi ba ba ganang tirelo ya sesole ka ntlha ya segakolodi. Le fa go ntse jalo, ka Seetebosigo 8, 2013, puso e ne ya dira diphetogo mo Molaong wa Tirelo e Nngwe e e Seng ya Bosole, tse go lebegang di dira gore masole a se ka a tlhola a laola le go okamela tirelo eo e e seng ya bosole. Basupi botlhe ba ba neng ba tsentswe mo kgolegelong ka gonne ba ganne bosole ka ntlha ya segakolodi ba ne ba gololwa ka Ngwanatsele 12, 2013 mme jaanong dikopo tsa makawana a Basupi a a kopang go dira tirelo e nngwe e e seng ya bosole di a amogelwa.

KOREA BORWA

Ka Diphalane 31, 2013, go ne go na le bakaulengwe ba le 602 mo kgolegelong. Go tloga ka 1950, balaodi kwa Korea Borwa ba atlholetse Basupi ba ga Jehofa ba le 17 605 palogotlhe ya dingwaga di le 34 184 mo kgolegelong ka gonne ba ganne go dira tirelo ya bosole ka ntlha ya segakolodi.

Go tla go fitlha bosheng jaana, Basupi ba le bantsi ba ba mo kgolegelong ba ne ba tsenngwa mo diseleng le dikebekwa, tota le tse di dirileng melato e e masisi. Le fa go ntse jalo, setlhopha sa baemedi ba bakaulengwe se ne sa etela mookamedi wa Korea Correctional Service go ya go kopa balaodi ba kgolegelo gore ba kgaoganye bakaulengwe ba rona le magolegwa a mangwe. Balaodi ba kgolegelo ba ne ba tsaya kgato ka bonako ba kgaoganya bontsi jwa bakaulengwe ba rona le dikebekwa, mo e leng gore ka Moranang 2013, mo e ka nnang diperesente di le 75 tsa bakaulengwe ba ba mo kgolegelong ba ne ba nna ba le banè go ya go ba le batlhano mo seleng. Phetogo eno e amile bakaulengwe ba rona jang?

Mokaulengwe mongwe o ne a re: “Re kgaogane le tlhotlheletso e e sa siamang e e jaaka boitsholo jo bo sa siamang le puo ya matlhapa. Yo mongwe o ne a re, “Jaanong re kgona go kgothatsana e bile re kgona go tshwara dipokano tsotlhe tse tlhano beke le beke.”

Go ntse go le jalo, banna ba le 56 ba ba neng ba rebotswe mo tirelong ya bosole gore ba nne masole a a bidiwang fa go tlhokega, morago ba bo ba nna Basupi, ba a bogisiwa, ba a duedisiwa le go tshwarwa ka gonne ba gana go ya bosoleng fa ba bidiwa. E re ka ba bidiwa makgetlo a le mmalwa mo ngwageng ka dingwaga di ka nna robedi, go thata go lebana le tshiamololo eno e e sa kgaotseng.

SINGAPORE

Bakaulengwe ba le 12 ba ne ba kopa kgapetsakgapetsa gore ba dire tirelo e e seng ya bosole, le fa go ntse jalo ba tshwerwe kwa Dikampeng Tsa Magolegwa a Sesole, mongwe le mongwe wa bone a atlholetswe dikgwedi di le 39. Mokaulengwe yo mongwe o atlholetswe ngwaga kwa kgolegelong ka gonne a ganne go nna lesole le le bidiwang fa go tlhokega.

TURKMENISTAN

Banna ba le robongwe ba Basupi ba ba tsentsweng mo kgolegelong ka gonne ba ganne bosole ka ntlha ya segakolodi ba atlholetswe dikgwedi di le 18 go ya go dingwaga di le pedi mme gantsi ba itewa mo go botlhoko ke badisa ba kgolegelo le masole. Fa Basupi bano ba gololwa, gantsi balaodi ba ba sekisa gape go twe ke “batho ba ba tlodileng molao gape” ba bo ba ba tsenya mo thulaganyong e e gagametseng le go feta pele ya mo kgolegelong. Babueledi ba Basupi ba le lesome ba ba ganneng go ya bosoleng ba isitse dingongorego kwa Komiting ya Ditshwanelo Tsa Batho ya Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng.

Go Gana Meetlo ya Bosetšhaba ka Ntlha ya Segakolodi

Go ya ka Daniele 3:16-18.

Tanzania: Fa ditatofatso kgatlhanong le basha bano ba Basupi di sena go phimolwa, ba ne ba kgona go boela sekolong

TANZANIA

Kgotlatshekelo ya Boikuelo ya kwa Dar es Salaam, e e leng yone kgotlatshekelo e e kwa godimo go di gaisa tsotlhe kwa Tanzania e ne ya dumalana gore go ne go sa tshwanela gore boto ya sekolo e leleke baithuti ba le batlhano le go tlogedisa ba bangwe ba le 122 sekolo ka nakwana ka gonne ba ganne go opela pina ya setšhaba. Mo tshwetsong e e neng ya gatisiwa ka Phukwi 12, 2013, kgotlatshekelo e ne ya lemoga gore baithuti ba Basupi ba na le tumelo ya mmatota le gore ba na le tshwanelo ya semolao ya gore ba newe kgololesego ya bone ya segakolodi le ya bodumedi. Go ititaya sehuba ga basha bano gore ba nne ba ikanyega mo Modimong go ne ga felela ka phenyo e e tlotlomatsang leina la ga Jehofa le kgololesego ya rona ya go obamela kwa Tanzania.

Kgololesego ya go Bua

Go ya ka Ditiro 4:19, 20.

KAZAKHSTAN

“Patlisiso ya baitse” e e neng ya dirwa ke Regional Department of Religious Affairs e ne ya re dikgatiso tsa rona di le mmalwa di “kotsi,” e latofatsa ka gore di tlhotlheletsa kgaogano mo setšhabeng le mo bodumeding. Ka Moranang 6, 2013, kwa toropong ya Karabalyk, mapodise a ne a gapa dikgatiso fa a ne a phuruputsha e se kafa molaong pokano ya phuthego e e neng e tshwaretswe mo legaeng la mokaulengwe. Ka Phukwi 3, 2013, Astana Economic Court e ne ya tshegetsa tshwetso ya go thibela dingwe tsa dikgatiso tsa rona di le lesome, mme e tswelela go tlhatlhoba le go thibela go romelwa ga dikgatiso tsa rona mo nageng eno. Mo godimo ga moo, ka Sedimonthole 2012, batlhankedi ba puso ba ne ba simolola go tshwara bakaulengwe ba rona le go ba tsenya mo kgolegelong ka ntlha ya tiro e go tweng ga e kafa molaong ya borongwa. Ka Mopitlwe 28, 2013, Kemedi ya Mokgatlho wa Dikgang Tsa Bodumedi e ne ya laela gore Regional Religious Center of Jehovah’s Witnesses e itsise Basupi ba ga Jehofa mo Kazakhstan gore ga go kafa molaong go rera kwa ntle ga mafelo a bone a kobamelo a a kwadisitsweng kafa molaong. Fa e sa le ka Phukwi 2013, balaodi ba ile ba tlhatlhela dikgetsi kgatlhanong le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba le 21.

Kgololesego ya go Kopana

Go ya ka Bahebera 10:24, 25.

AZERBAIJAN

Ka Ferikgong 2010, State Committee for Work with Religious Associations e ne ya gana go kwadisa Mokgatlho wa Bodumedi wa Basupi ba ga Jehofa ka gonne go ne go twe go na le diphoso mo lokwalokopong lwa bone. Le fa Basupi ba ga Jehofa ba ile ba leka ka makgetlokgetlo go baakanya dilo tse go neng go twe di a tlhaela, balaodi ba ntse ba gana go ba kwadisa gape. Ka Phukwi 31, 2012, bakaulengwe ba rona ba ne ba isa kgetsi eno kwa ECHR, ba re puso e gatakile tshwanelo ya rona ya bodumedi fa e ne e gana go ba kwadisa gape e le mokgatlho wa bodumedi mme go se na mabaka ape a semolao. Fa bakaulengwe ba rona ba sa kwadisiwe gape, ga ba bone melemo yotlhe ya go kwadisiwa kafa molaong.

Kgololesego le Pabalesego ya Motho le Dithoto

Go ya ka Bafilipi 1:7.

UKRAINE

Le fa Basupi ba na le kgololesego ya kobamelo kwa Ukraine, ba ile ba tlhaselwa, ba fisediwa dithoto le go senyediwa Diholo Tsa Bogosi. Balaodi ba ba tlhomamisang gore go latelwa molao ga ba batlisise sentle ka ditiragalo tseno le fa e le go sekisa balatofadiwa. Ga go gakgamatse go bo seno se naya baganetsi kgopolo ya gore ba ka dira dilo fela ba bo ba sa otlhaiwe. Ka jalo, ka 2012 le 2013 bakaulengwe ba rona ba ntse ba direlwa ditiro tsa bokebekwa le go feta pele. Palo ya ditiragalo tse 5 tse di begilweng tsa go senngwa le go fisiwa ga dithoto le dikago ka 2010 e ile ya oketsega ya fitlha go 15 ka 2011, 50 ka 2012 mme mo dikgweding tsa ntlha tse tlhano ka 2013 go ne ga nna le ditiragalo di le 23. Ofisi ya lekala e isa ditiro tseno tsa tshiamololo kwa Komiting ya Ditshwanelo Tsa Batho ya Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng.

Ukraine: Bakaulengwe ba rona ba ipaakanyetsa go aga Holo eno ya Bogosi sesha e e neng e sentswe ya ba ya jewa ka molelo

Tshwanelo ya go Itlhophela

Go ya ka Ditiro 5:29 le Ditiro 15:28, 29.

ARGENTINA

Ka dikgakologo tsa 2012, Pablo Albarracini, motho yo o se nang molato yo o neng a ikemetse fela ka nako ya fa batho ba ne ba leka go kgothosa, o ne a bona dikgobalo di le dintsi tsa go thuntshiwa mme o ne a idibetse ka nako ya fa a ne a tabogisediwa kwa kokelong. O ne a setse a saenile karata ya durable power of attorney e mo go yone a neng a gana go alafiwa ka dilo tse di nang le madi. Le fa kokelo e ne e iketleeditse go tlotla tshwetso eno ya gagwe e e utlwalang sentle, mongwe wa lelapa yo e seng Mosupi o ne a leka go bona taelo ya kgotlatshekelo gore Mokaulengwe Albarracini a tshelwe madi, a re go tshelwa madi go tla thusa gore a se ka a swa. Le fa go ntse jalo, Kgotlatshekelokgolo ya Argentina e ne ya ntsha katlholo e e emang Mokaulengwe Albarracini nokeng, e tlotla tshwanelo ya gagwe ya go laela ba kalafi gore ba direng le fa a ne a idibetse. Ga a ka a tshelwa madi mme o ne a fola ka botlalo mo seemong seo se se boima. O ne a leboga Jehofa gore a bo a mo thusitse go boloka bothokgami mo kgannyeng eno ya botlhokwa.

Ba Tlhaolwa ka Ntlha ya Bodumedi

Go ya ka Luke 21:12-17.

KYRGYZSTAN

Ka Moranang 16, kgotlatshekelo e ne ya ntsha katlholo e e emang bakaulengwe ba rona ba kwa Toktogul nokeng, kwa Holo ya Bogosi e neng e sentswe gabedi ke banni ba koo teng. Kgotla e ne ya bona batho ba ba dirileng tiro eno molato mme ya ba laela go duela ditshenyegelo. Tsheko ya batho ba ba neng ba eteletse tlhaselo ya ntlha pele e tsweletse, mme seo se naya tsholofelo ya gore mathata mo kgaolong eno a tla fela. Mme gone jaanong diphuthego di tla aga Holo ya Bogosi sesha.

Kyrgyzstan: Holo eno ya Bogosi e ne ya senngwa gabedi ke baagi ba mo lefelong leno

Diphenyo Tse di Tlhomologileng Tsa Semolao

  1. Kgang: A setlhopha sa bodumedi se tshwanetse go kopa tetla ya go tshwara dikopano le dipokano tsa phuthego?

    Tshwetso: Ka Sedimonthole 5, 2012, Kgotlatshekelo ya Molaotheo ya Puso ya Russia (Constitutional Court of the Russian Federation) e ne ya tlhomamisa gore Molaotheo wa Russia o naya kgololesego ya bodumedi mme ya atlhola gore bakaulengwe ba rona ba ka tshwara dipokano tsa bodumedi ba sa dira kitsiso pele kgotsa ba sa kopa tetla kwa balaoding.

  2. Kgang: A baagi ba na le tshwanelo ya gore direkoto tsa bone tsa kalafi di bolokwe e le sephiri? Kwa e simologileng gone: Ka 2007 mothusa mosekisi wa toropo ya St. Petersburg kwa Russia, o ne a laela ditheo tsotlhe tsa kalafi mo toropong eo gore di fetisetse kgang nngwe le nngwe fela ya Basupi ba ga Jehofa ba ba ganang go tshelwa madi kwa ofising ya mosekisi—mme molwetse a sa itsisiwe. Fa dikgotlatshekelo tsa Russia di sa buelele tshwanelo ya molwetse ya gore tshedimosetso ya gagwe e nne sephiri, bakaulengwe ba ne ba ikuela kwa Kgotlatshekelong ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho (European Court of Human Rights [ECHR]).

    Tshwetso: Ka Seetebosigo 6, 2013, ECHR e ne ya atlhola ka go re taelo ya mosekisi e gatakile ditshwanelo tsa botlhokwa tsa gore tshedimosetso ya motho e nne sephiri mme ya tlhomamisa gore ga go na “mabaka a a utlwalang le a a lekaneng” a go neela balaodi ba setšhaba tshedimosetso ya sephiri. Tshwetso eo e ne ya nna ya makgaolakgang ka Diphalane 7, fa Lekgotla le Legolo la ECHR le ne le gana kopo ya puso ya Russia ya go isa kgang kwa pele.—Avilkina and Others v. Russia.

Tshedimosetso ya Bosheng ka Dipego Tsa Semolao Tsa Buka ya Ngwaga ya Ngogola

Puso ya Fora e diragaditse taelo ya ECHR mo kgetsing ya lekgetho le le seng kafa molaong e e ntshitsweng ka Phukwi 5, 2012. Puso e duetse madi a e neng e a gapile a na le morokotso, mmogo le ditshenyegelo tsa babueledi, e bile e phimotse madi otlhe a e neng e re lekala le a a kolota.—Buka ya Ngwaga ya 2013, tsebe 34.

Basupi ba ga Jehofa kwa India ba sa ntse ba ganediwa mo dikarolong tse di farologaneng tsa naga eno. Le fa go ntse jalo, ga ba ise ba tshwarwe kgotsa ba latofadiwe ka maaka jaaka mo nakong e e fetileng. Gone jaanong go na le dikgetsi di ka nna 20 tse di sa ntseng di emisitswe tsa go sekela go sa tshwarwe sentle ga bakaulengwe ba rona.—Buka ya Ngwaga ya 2013, tsebe 35.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela