LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yb15 ts. 170
  • Ke Batlile ke Tlogela Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Batlile ke Tlogela Modimo
  • Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tsholofelo Ka ba Ba se Nang Magae le Bahumanegi
    Tsogang!—2015
  • Goreng Moruti a Tlogetse Kereke?
    Tsogang!—2015
  • Jehofa o Nthusitse Thata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Ke ne Ke Batla go Direla Modimo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2015
yb15 ts. 170
Setshwantsho mo go tsebe 171

DOMINICAN REPUBLIC

Ke Batlile ke Tlogela Modimo

Martín Paredes

  • O TSHOTSWE KA 1976

  • O KOLOBEDITSWE KA 1991

  • DINTLHA KA GA GAGWE Martín o ithutile boammaaruri fa a le kwa sekolong sa boruti. O thusitse batho ba le bantsi go ithuta boammaaruri.

Setshwantsho mo go tsebe 170

KE GOLETSE mo lelapeng le le neng le tsene ka tlhogo mo Kerekeng ya Katoliki e bile le batla gore ke nne moruti. Ka ntlha ya seno, fa ke le dingwaga di le 12 ke ne ka tsenela ditlelase tsa boruti ke rutiwa ke baruti ba ba bantsi. Ka 1990, fa ke le dingwaga di le 14, ke ne ka ya sekolong sa maemo a a kwa godimo sa boruti mo Dominican Republic.

Ke ne ke dira bontle tota kwa sekolong mme ka bolelelwa gore fa nka tshwara fela jalo ke tla nna bishopo. Le fa go ntse jalo, dilo ga di a tsamaya jaaka ke ne ke lebeletse. Go na le gore re rutiwe Baebele, re ne re rutiwa dikgopolo tsa batho e bile boitsholo jwa baruti bo ne bo sa siama. Ba ne ba batla go tlhakanelodikobo le nna, mme seno sa dira gore ke batle go tlogela go direla Modimo.

Fa ke ntse ke le kwa sekolong, banyalani bangwe ba barongwa ba ne ba neela akhaontente ya sekolo buka ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo. Ke ne ka e adima mme ka e bala yotlhe. Ke ne ka re, ‘Ke sone se ke ntseng ke se batla.’ Ke ne ka tlogela sekolo sa boruti mme ka simolola go ithuta Baebele le Basupi ka bo ka ya le dipokanong tsa bone. Ke ne ka kolobediwa morago ga dikgwedi di le robedi ka July 1991. Ke ne ka nna mmulatsela wa ka metlha mme moragonyana ka nyala María, yo le ene e neng e le mmulatsela wa ka metlha. Re simolotse go nna babulatsela ba ba kgethegileng ka 2006. Ke itumelela gore ga ke a ka ka tlogela go direla Modimo mme gone jaanong ke kgona go thusa batho ba ba nyoretsweng boammaaruri gore ba obamele Jehofa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela