LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yb15 ts. 38-ts. 41 ser. 2
  • Dipego—Dikgang go Tswa mo Lefatsheng Lotlhe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipego—Dikgang go Tswa mo Lefatsheng Lotlhe
  • Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2015
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ba a Abelana
  • Holo ya Bogosi e Botlhokwa go Feta Founo
  • Dikwalo Tsa Segerika ka Se-Tetum
  • ‘Jehofa o Ntsaya ke le Botlhokwa’
  • Lekala la United States le Okamela Dinaga Tse Dingwe
  • Babulatsela Kwa Japane
  • Thanolo ya Lefatshe le Lesha ka Dipuo Tse di Oketsegileng
    Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2016
  • Didirisiwa Tsa go Rera—Go Dira Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Lefatsheng Lotlhe
    Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!
  • Baebele e e Diretsweng go Nnela Ruri
    Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2015
  • Lebokoso le Lennye Mme Le na Le Tshedimosetso e Ntsi
    Kafa Meneelo e Dirisiwang ka Gone
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2015
yb15 ts. 38-ts. 41 ser. 2
Setshwantsho mo go tsebe 38

DINTLHAKGOLO TSA NGWAGA O O FETILENG

Dipego Dikgang go Tswa mo Lefatsheng Lotlhe

Ba a Abelana

Internet e sa ntse e sa kgone go fitlhelelwe ke batho ba le bantsi kwa Cuba, le fa go ntse jalo ba kgona go e fitlhelela kwa mabenkeleng a dikhampani tsa difouno le mororo go ja madi a mantsi tota. Gore bakaulengwe ba solegelwe molemo ke website, lekala le ne la kgothaletsa diphuthego gore mmoledi a le mongwe a itseele dikgatiso le dibidio mo Internet gore a di abelane le ba bangwe mo diphuthegong. Thulaganyo eno e ba solegela molemo.

Holo ya Bogosi e Botlhokwa go Feta Founo

Teona wa dingwaga di le lesome le monnawe wa dingwaga di le robedi e bong Tamuna, ba nna kwa Republic of Georgia. Ba ne ba batla go reka founo ya selula. Mmèmogoloabone o ne a ba solofetsa gore kgwedi le kgwedi o tla ba naya sengwenyana go tswa mo mading a gagwe a phenshene. Ka maswabi o ile a tlhokafala ka tshoganyetso. Le fa go ntse jalo, ba lelapa ba ne ba ba neela phenshene ya gagwe ya bofelo gore ba reke founo e ba e batlang. Basetsanyana bano ba ne ba akanya gape ka seno mme ba kwalela phuthego lekwalo ba re: “Re a itse gore mo dibekeng tse pedi tse di tlang re tlile go agelwa Holo ya Bogosi mo T’erjola. Ruri mmèmogolo o ne a ka rata go thusa fa holo e agiwa, ka jalo re batla go ntsha moneelo ka phenshene ya ga gagwe ya bofelo go na le gore re ithekele founo. Re kopa lo re agele Holo ya Bogosi e ntle!”

Dikwalo Tsa Segerika ka Se-Tetum

Ka January 17, 2014, Geoffrey Jackson wa Setlhopha se se Laolang, o ne a golola Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ka Se-Tetum kwa Dili, Timor-Leste. Se-Tetum ke puo e e buiwang thata kwa nageng eo. Mo nakong e e fetileng, Dikwalo Tsa Segerika ka Se-Tetum di ne di gatisiwa le go anamisiwa ke Kereke ya Katoliki fela e bile e ne e sa batle go di rekisetsa Basupi ba ga Jehofa le batho ba go belaelwang gore ba ithuta le bone. Le fa go ntse jalo, thanolo ya Katoliki e ne e tletse ka ditemana tse di seng boammaaruri, e tlogetse mafoko mangwe, e tletse ka mafoko a a sa tlholeng a dirisiwa e bile e sa gatisiwa sentle. Go farologana le moo, Darren yo e leng morongwa kwa Timor-Leste o ne a bua jaana ka Thanolo ya Lefatshe le Lesha: “Ba-Timor ba le bantsi ba ba balang Thanolo ya Lefatshe le Lesha ba kgatlhiwa ke tsela e e nepileng ka yone mme ba kopa dikhopi ka gangwe. Ba re e balega motlhofo gape ba rata mokwalo wa yone o o mogolo ka gonne bontsi ga bo na dipone tse di bonesang sentle mo magaeng a bone. Ba le bantsi ba ba nang le khopi ya thanolo eno ba ithuta Baebele.”

‘Jehofa o Ntsaya ke le Botlhokwa’

Setshwantsho mo go tsebe 40

Makedonia: Ba rera ka dikgatiso tsa Se-Romany

Ka January 2014, go ne ga nna le setlhopha se se tla ranolelang mo puong ya Se-Romany, e leng puo e e buiwang kwa Makedonia. Baranodi ba ne ba newa tetla ya go ranolela dikgatiso mo puong eno ka ditlhaka tse di tlwaelegileng le ka ditlhaka tsa Cyrillic. E re ka go dirisiwa ditlhaka tsa Cyrillic mo nageng eno, batho ba le bantsi ba ba buang Se-Romany ba thusega tota.

Batho ba le bantsi ba ba buang Se-Romany ba amiwa ke go bo phuthego ya ga Jehofa e dira dikgatiso ka puo ya bone. Kgaitsadi mongwe o ne a re: “Gantsi batho ba ditso tse dingwe ba ntseela kwa tlase, ka jalo ke leboga Jehofa go bo a ntsaya ke le botlhokwa go ka bala dikgatiso ka puo ya gaetsho. Seno se dira gore ke atamalane thata le ene.”

“Ke leboga Jehofa go bo a ntsaya ke le botlhokwa go ka bala dikgatiso ka puo ya gaetsho”

Lekala la United States le Okamela Dinaga Tse Dingwe

Ka February 1, 2014, lekala la United States le ne la simolola go okamela tshimo le diphuthego tsa Jamaica le Cayman Islands. Ruri baboledi ba ba fetang 1 200 000 ba ba okametsweng ke lekala la United States ba direla Jehofa mmogo ka kutlwano! Seno se akaretsa United States, ditlhaketlhake tsa Bahamas, Bermuda, British le U.S. Virgin Islands, Puerto Rico le Turks and Caicos Islands.

Babulatsela Kwa Japane

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Japane ba sa ntse ba rata bobulatsela fela thata mme palo ya babulatsela kwa nageng eno e tsaya maemo a bonè mo lefatsheng lotlhe. Fa ngwaga wa tirelo wa 2014 o simologa, baboledi ba le 2 646 ba ne ba tsaya bobulatsela mme seno se ne sa dira gore palogotlhe ya babulatsela e nne 65 668. Ka March 2014, baboledi ba feta halofo ba ne ba tsaya bobulatsela.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela