LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yb17 ts. 6-10
  • Dintlhakgolo Tsa Ngwaga o o Fetileng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dintlhakgolo Tsa Ngwaga o o Fetileng
  • Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2017
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Fudusiwa ga Ntlokgolo le Lelapa la Bethele
  • Porojeke ya Kwa Warwick e Tsamaya Jang?
    Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2016
  • Phuthego e e Gatelang Pele
    Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2014
  • Tiro e Gatetse Pele Kwa Warwick
    Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2015
  • Ba Ithaopile ka go Rata—Kwa New York
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2017
yb17 ts. 6-10
Lefelo la go amogela baeng kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe kwa Warwick, New York

Ntlokgolo ya Lefatshe Lotlhe ya Kwa Warwick, NY

Dintlhakgolo tsa ngwaga o o fetileng

FA GO ntse go direga dilo tse di bosula mo lefatsheng leno la ga Satane, baobamedi ba ga Jehofa bone ba nna ba “na le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena.” (1 Bakor. 15:58) Dipego tse di latelang di bontsha kafa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba bontshang ka gone gore ba ‘ikanya Jehofa . . . ba dira molemo . . . , mme ba dira ka boikanyegi.’—Pes. 37:3.

Go Fudusiwa ga Ntlokgolo le Lelapa la Bethele

Go okediwa ga dikago kwa Wallkill, New York, go ne ga wediwa ka February 1, 2016, mme seno se ne sa dira gore go fudusiwe Komiti ya Lekala la United States, Lefapha la Tirelo le mafapha a mangwe a lekala la United States go ya kwa lefelong leno. Mme e re ka tiro ya go aga ntlokgolo e ntšha kwa Warwick e tloga e fela, lelapa la Bethele la kwa Brooklyn le tshwaragane le namane e tona ya tiro ya go fudugela mo lefelong leno.

Mmapa wa dikago tsa Bethele kwa United States; dikago tsa kwa Wallkill; dikago tsa kwa Warwick

Go simologa ka Mantaga April 3, 2017, batho ba ka kgona go etela Warwick. Go tla bo go na le dikarolo tse tharo tse batho ba ka itsamaisang kwa go tsone le karolo e le nngwe e ba tla tsamaisiwang ke mongwe kwa go yone.

  1. “Baebele le Leina la Modimo,” ke karolo e e nang le Dibaebele tsa bogologolo le e e bontshang gore leina la Modimo le teng mo Baebeleng.

  2. “Batho ba Leina la ga Jehofa,” ke karolo e e bontshang ditshwantsho tsa hisitori ya Basupi ba ga Jehofa, mme ditshwantsho tseo di bontsha kafa Jehofa a ileng a kaela, a ruta le go rulaganya batho ba gagwe ka gone gore ba dire thato ya gagwe.

  3. “Ntlokgolo ya Lefatshe Lotlhe—Tumelo ka Ditiro,” ke karolo e e tlhalosang se dikomiti tsa Setlhopha se se Laolang di se dirang go thusa batho ba ga Jehofa gore ba kopane mmogo, ba dire batho barutwa, ba ithute le gore ba ratane.

Batho ba ka kgona go ya kwa dikarolong tse ba itsamaisang mo go tsone go tloga ka Mantaga go ya go Labotlhano ka nako ya 8:00 a.m. go ya go 4:00 p.m. Gape go na le karolo e e tsayang metsotso e le 20 e mo go yone go nang le mongwe yo o tla tsamaisang batho mme a ba bontsha Diofisi, Dikago Tsa Ditirelo le Warwick. Karolo eno e e khutshwane e tla bo e le gone go simologa ka Mantaga go ya go Labotlhano ka nako ya 8:00 a.m. go ya go 11:00 a.m. le ka 1:00 p.m. go ya go 4:00 p.m.

Pele ga o rulaganyetsa go etela Warwick, tsweetswee tsena mo jw.org mme o lebe mo KA GA RONA > DIOFISI & MAETO > United States.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela