LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yb17 ts. 26-29
  • Go Neelwa ga Diofisi Tsa Makala

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Neelwa ga Diofisi Tsa Makala
  • Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2017
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Kgakolwa ga Makala
    Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2014
  • Go Neelwa ga Makala
    Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2016
  • Dilo Tsotlhe di a Kgonega mo go Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
  • Ke Eng se se Dirwang Kwa Ofising ya Lekala?
    Ke Bomang ba ba Dirang Thato ya ga Jehofa Gompieno?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2017
yb17 ts. 26-29
Stephen Lett wa Setlhopha se se Laolang o neela puo ya go neela ofisi ya lekala ya kwa Kyrgyzstan

Kyrgyzstan

DINTLHAKGOLO TSA NGWAGA O O FETILENG

Go Neelwa ga Diofisi Tsa Makala

BAITHAOPI ba kwa Kyrgyzstan le ba kwa dinageng tse dingwe, ba ne ba fetsa ngwaga le halofo ba bereka bosigo le motshegare, ba tlhabolola le go oketsa dikago tsa lekala le le kwa Bishkek e leng motsemogolo wa Kyrgyzstan. Thulaganyo ya go neela lefelo leo e ne ya tshwarwa ka October 24, 2015, kgwedi morago ga gore tiro ya go aga e wediwe. Batho ba ba fetang 3 000 ba ne ba itumelela go reetsa thulaganyo eno kwa Diholong Tsa Bogosi di le 18 le kwa mafelong a mangwe a le 5. Mokaulengwe Stephen Lett wa Setlhopha se se Laolang o ne a neela puo ya setlhogo se se reng, “Direla Jehofa ka Pelo e e Feletseng.” Letsatsi le le latelang, baboledi ba le bantsi mo nageng eo ba ne ba itumelela go reetsa thulaganyo e nngwe e e kgothatsang thata.

Ofisi ya lekala ya kwa Kyrgyzstan

Ofisi ya lekala ya kwa Kyrgyzstan

Fa go ne go neelwa ofisi ya lekala ya kwa Armenia ka Matlhatso, May 14, 2016, batho ba le 6 435 ba ne ba tladitse matlhatlhaganyane a le marataro a moago ono o montle o mogolo. Holo ya Dikopano le mafelo a go tshwarelwang Sekolo sa Baboledi ba Bogosi gone le one a ne a neelwa. Dipuo tse di neng tsa neelwa mo thulaganyong eo di ne di tlhalosa hisitori ya batlhanka ba ga Jehofa kwa Armenia. Mo tshimologong ya lekgolo la bo20 la dingwaga, batho ba ntlha ba Armenia ba ba neng ba utlwa boammaaruri e ne e le ba ba neng ba fudugetse kwa United States mme molaetsa oo o ne wa ya kwa Armenia mo bogareng jwa bo1970 fa naga eo e ne e sa ntse e le karolo ya Soviet Union. Bosheng jaana, phuthego ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya kwadisiwa semolao mme go ne ga bulwa ofisi ya lekala. Bontsi jwa batho ba ba neng ba le teng kwa thulaganyong eo, ba ne ba sa akanye gore ba tla tsamaya ba bona diphetogo tse di itumedisang jaana mo phuthegong ya Modimo. Se se neng se tlhomologile thata ka thulaganyo eo e ne e le fa botlhe ba ba neng ba le teng ba dumela gore Mokaulengwe David Splane wa Setlhopha se se Laolang a neele dikago tseo tse dintle kwa go Jehofa.

David Splane wa Setlhopha se se Laolang o neela puo ya go neela ofisi ya lekala ya kwa Armenia; bakaulwengwe le bokgaitsadi ba itumelela thulaganyo ya mafelobeke; mmino wa setso wa kwa Armenia

Armenia

Kwa godimo: Thulaganyo ya go neela ofisi ya lekala ya kwa Armenia

Mo gare: Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba neng ba le gone kwa thulaganyong e e kgethegileng

Kwa tlase: Mmino wa setso wa kwa Amernia

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela